mophato 3 - vulabula

44
Buka 1A MOPHATO 3 SETSWANA 1. Selae sa bofelo sa kuku 2. Ntate o tlhokometse lesea 4. Tobekano e kana! 3. O tlile go dirang jaanong?

Upload: others

Post on 02-Jan-2022

23 views

Category:

Documents


0 download

TRANSCRIPT

Page 1: MOPHATO 3 - VulaBula

Buka 1A Buka 1A

MOPHATO 3 SETSWANAISBN: 978-1-77580-228-0

MOPHATO 3

1. Selae sa bofelo sa kuku 2. Ntate o tlhokometse lesea

4. Tobekano e kana!3. O tlile go dirang jaanong?

BUKA 1A BUKA 1B

1. Selae sa bofelo sa kuku2. Ntate o tlhokometse lesea3. O tlile go dirang jaanong?4. Tobekano e kana!

1. Kausu e e latlhegileng2. Melekorone3. Go aba go monate4. Setshwantsho sa popego

BUKA 2A BUKA 2B

1. Ke leotwana la ga mang le?2. Neo o kae?3. Black-mampatile4. Kganetsano fa gare ga phefo le letsatsi

1. Thusa!2. Sephiri3. Segwete se segolo4. Ke ipaakanyeditse leeto

BUKA 3A BUKA 3B

1. Ao, Rre Kgabo!2. Go reetsa mmino 3. Re baka dikuku le nkoko4. Bosigo mo polasing

1. Ke mang yo o thubileng fensetere?2. Lesedi o ya lebenkeleng3. Sopo ya maje4. Go nna eng fano?

BUKA 4A BUKA 4B

1. Mmutla le Khudu2. Toropo ya rona3. Tshoswane le tsiekgope4. Ke leino la ga mang le?

1. Dikeletso tse tharo2. Batsoma diphologolo3. Tau le peba4. Aforika Borwa wa rona

(le Bukana ya Dikarabo tsa Sekao)

Dibuka tsa go ithuta go buisa mo kgatong eno di na le ditsebe tse di oketsegileng, mokwalo o o oketsegileng mo tsebeng nngwe le nngwe, dipolelo tse di telelenyana, pharologano e kgolwane ya dipaterone tsa dipolelo, puo ya semmuso le puotlhalosi, mmogo le tlotlofoko e kgolwane. Go buisa e nna selo se se itiragalelang fela jaanong, ka boikaelelo jwa go tlhaloganya mo boemong jwa go bitsa mafoko fela /go a peleta fa barutwana ba le gaufi le go buisa ka bobone. Dibuka tseno tsa go ithuta go buisa di ba naya ditshono tsa go buisa ba le setlhopha, ba kaelwa, ka bobedi le bobedi le ka bongwe ka bongwe.

SETSWANA

Dibuka tsa go ithuta go buisa tsa Mophato 3 tsa Vula Bula di katisetsa bana go ithuta go buisa ka thelelo ba sa le bannye. Buka nngwe le nngwe e na le ditlhamane di le nne tse di farologaneng, go akaretsa le mokwalo ka dilo tsa mmatota. Pele ga tlhamane nngwe le nngwe, go na le lenaane la mareo a tlotlofoko le lenaane la mafoko a go leng ‘thata go a buisa’ a go lebeletsweng gore barutwana ba a kgone. Tlhamane nngwe le nngwe e latelwa ke dipotso di le mmalwa tsa tekotlhaloganyo, le ditirwana tsa puo le tsa a re kwaleng tse di golagantsweng le CAPS le Dibukatiro tsa Mophato 3 tsa DBE.

Tswana-1A.indd 2-3 2015/10/19 12:25 PM

Page 2: MOPHATO 3 - VulaBula

Motseletsele wa dibuka tsa go ithuta go buisa tsa Mophato wa Motheo

E phatlaladitswe ke Molteno Institute for Language and Literacy ka 2014

E duetswe ke Zenex Foundation

Mophato 3 Buka 1A n Motlhagisi wa motseletsele: Jenny Katzn Batlhami ba ditlhamane: Mirna Lawrence le Jenny Katzn Dipotso le ditirwana tsa morago ga go buisa: Jenny Katzn Mankge wa puo ya Setswana: Peter Mekgwen Mogakolodi wa Setswana: Johanna Mogodirin Batshwantshi: Sandy Lightley - 1. Selae sa bofelo sa kuku,

4. Tobekano e kana! Rob Owen - 2. Ntate o tlhokometse lesea, 3. O tlile go dirang jaanong?

n Boalo le thulaganyokgabo: Resolution le ihwhiteDesign

© 2014 ke ya Molteno Institute for Language and Literacy

ISBN 978-1-77580-228-0

MOPHATO 3

Buka 1A

Diteng

1. Selae sa bofelo sa kuku ................................... 1

2. Ntate o tlhokometse lesea ................................ 11

3. O tlile go dirang jaanong? ................................ 21

4. Tobekano e kana! ............................................ 31

Creative Commons Attribution-NonCommercial-NoDerivatives (CC BY-NC-ND) 4.0 International Licence

Disclaimer: You are free to download and share this work as long as you attribute the Molteno Institute for Language and Literacy, but you may not change this work in any way or use it commercially.

Tswana-1A.indd 4-5 2015/10/19 12:25 PM

Page 3: MOPHATO 3 - VulaBula

1

1. Selae sa bofelo sa kuku

PELE O BUISA KGANG

Tlotlofoko: tlhomamisa gore o itse bokao jwa mafoko ano

tšheri, aesing

Ikatiso ya ditumatlhaka: tlhomamisa gore o itse ditumatlhaka tseno

aa, ee, gw, jw, kg, lw, mm, ng, nk, nn, nt, ny, th, tl, ts

mph, ngw, ntl, ntš, tlh, tlw, tsh, tšh, tsw, nngw, ntlh

Ikatiso ya go buisa: tlhomamisa gore o kgona go buisa mafoko ano

tšhokolete, ntša, tšheri, dingwaga, dimpho, dintle, tshuba, nngwe,

botlhano, itatswa

Page 4: MOPHATO 3 - VulaBula

2

Ke matsalo a ga Didi. O dingwaga di le thataro.

Mme o dirile moletlo. Dimpho tsa ga Didi di dintle. Go na le dibalune mme tafole e beilwe dilo tsa moletlo. Gape Mme o bakile kuku ya matsalo a ga Didi. Ke kuku ya tšhokolete. Didi o e rata go gaisa tsotlhe!

‘Atamelang tafole,’ Mme a rialo. ‘Lo je.’

Mme o sega kuku go e dira tse thataro. O tshuba dikerese tsa matsalo tse thataro. Didi o goga mowa a bo a di tima ka go di budulela gagwe fela! O nyenya ka boitumelo fa lelapa le opela Happy Birthday. Lapi ntša ya ga Didi e dira jalo le yone, e bogola ka boitumelo.

Page 5: MOPHATO 3 - VulaBula

3

Mme o naya Ntatemogolo selae sa ntlha.

Didi o di bala ka kelotlhoko. Nngwe, pedi, tharo, nne, tlhano. Dilae tsa kuku di tlhano.

‘Mmmm!’ ga rialo Ntatemogolo, molomo o tletse kuku e e monate.

Didi o rokologa mathe fa a akanya ka aesing e e botshe mo godimo ga leleme.

Lapi le ene o rokologa mathe.

Page 6: MOPHATO 3 - VulaBula

4

Mme o naya Mmemogolo selae sa bobedi.

Didi o bala dilae gape. Nngwe, pedi, tharo, nne. Dilae tsa kuku di nne.

‘Mmmm!’ ga rialo Mmemogolo, molomo o tletse kuku e e monate.

Didi o itatswa dipounama fa a bona bohibidu jwa tšheri e e matarelang mo kukung.

Lapi le ene o dira jalo.

Page 7: MOPHATO 3 - VulaBula

5

Mme o naya Ntate selae sa boraro.

Didi o di bala gape. Nngwe, pedi, tharo. Halofo ya kuku e fedile!

‘Mmmm! Kuku e e monate,’ ga rialo Ntate, molomo o tletse kuku e e monate.

Didi o fela pelo. Selae sa me se kae? O akanya ka moutlwalo wa tšhokolete e e boruma mo godimo ga leleme.

Lapi le ene o fela pelo. O dupa monko wa tšhokolete. Selae sa ga Lapi se kae?

Page 8: MOPHATO 3 - VulaBula

6

Mme o naya Nnake wa gagwe wa mosetsana selae sa bone.

Didi o di bala gape. Nngwe, pedi. Dilae tsa kuku di pedi fela.

‘Mmmm!’ ga rialo Nnake wa gagwe wa mosetsana, molomo o tletse kuku e e monate.

Didi o goga sefatlhego. A ka se lete lobaka lo lo leele!

Lapi o lela go se kae. Le ene o fela pelo!

Page 9: MOPHATO 3 - VulaBula

7

Mme o ipeela selae sa botlhano sa kuku mo godimo ga sejana. A bo a baya selae sa borataro mo godimo ga sejana go se naya Didi. A re, ‘Moja morago ke kgosi. Sa gago sa matsalo ke se mosetsana wa me!’

Didi o bone selae sa kuku ya matsalo jaanong. O se ja monate! Fa Didi a isa foroko mo molomong, o utlwa selelonyana swi …

Page 10: MOPHATO 3 - VulaBula

8

Ke LAPI! o batla kuku!

Didi o latlhela kuku mo molomong wa ga Lapi.

‘Lapi,’ a rialo. ‘Ke selae SA ME sa kuku ya matsalo e bile ga ke e je le ope!’

‘Iketle, Lapi. Le gone dintša ga di je kuku. Ke tla go naya bisikiti ya dintša ka fa ntle,’ Mme a rialo.

‘Mmmm!’ Didi a rialo, molomo o tletse kuku e e monate.

Letsatsi le le monate la matsalo, Didi!

Page 11: MOPHATO 3 - VulaBula

9

Selae sa bofelo sa kuku

A. Tekotlhaloganyo

Araba dipotso o dirisa dipolelo tse di feletseng.

1. E ne e le matsalo a ga mang?

2. O itse jang gore e ne e le moletlo wa matsalo a mongwe?

a) Go ne go na le dimpho le dibalune.b) Go ne go na le kuku e tlhomilwe dikerese.c) Botlhe ba ne ba opela pina ya Happy Birthday.d) Tsotlhe tse di fa godimo.

3. Goreng Mme a ne a sega kuku go nna dilae tse thataro?

4. Ke mang wa ntlha go newa selae? Ke mang yo o neilweng selae sa bofelo?

5. Ke dikarolo dife tse tharo tsa kuku tse Didi a neng a ipona a di ja?

6. Ke eng fa Didi a ne a gana go kgaoganya kuku ya gagwe le Lapi?

a) Lapi o ne a na le kuku ya gagwe.b) Didi o ne a batla go ja selae sotlhe a le nosi.c) Dintša ga di rate kuku.

7. Ke eng fa Mme a ne a naya Lapi bisikiti ya dintša mo boemong jwa kuku?

8. Didi o tla bo a le dingwaga di le kae mo dingwageng tse some tse di tlang?

Page 12: MOPHATO 3 - VulaBula

10 10

B. Go dirisa puo

DBE Mophato 3 Bukatiro 1: dits 46, 72, 84, 106, 107DBE Mophato 3 Bukatiro 2: ts 73

Kwala dipolelo tse di latelang gape mme o tsenye matshwao a a tlogetsweng a thutapuo.

1. ‘nnyaa lapi ke kuku ya me e’ didi a rialo

2. kuku e ne e na le dikerese aesing ditšheri le tšhokolete

C. A re kwaleng

DBE Mophato 3 Bukatiro 1: ts 122

Kwala serapa sa dipolelo di ka nna robedi ka letsatsi le le kgethegileng mo botshelong jwa gago, ka sekai moletlo wa matsalo kgotsa Letsatsi la Keresemose kgotsa lenyalo mo lelapeng.

Page 13: MOPHATO 3 - VulaBula

11

2. Ntate o tlhokometse lesea

PELE O BUISA KGANG

Tlotlofoko: tlhomamisa gore o itse bokao jwa mafoko ano

tshwenyegile, fara, bebe, phailela, letsapa, gona, ditshamekisa-lesea,

lalaane, nyenya

Ikatiso ya ditumatlhaka: tlhomamisa gore o itse ditumatlhaka tseno

aa, ee, oo, gw, kg, kw, lw, mm, ng, nk, nn, nw, nt, ny, ph, rw, š/sh, th, tl, ts ngw, nts, tlh, tsh, tsw, ntlh, ntsw, tshw

Ikatiso ya go buisa: tlhomamisa gore o kgona go buisa mafoko ano

tlhokometse, tshwenyegile, nkunkurulele, tshwerwe, nyorilwe, tsweetswee,

mashi (maši)

Page 14: MOPHATO 3 - VulaBula

12

Mme o ya kopanong mme Ntate o sala mo gae le Mogapi. Ke la ntlha Ntate a tlhokomela Mogapi a le nosi mo gae!

Mme o tshwenyegile ka gone. ‘A o tla kgona?’ a botsa Ntate.

‘Ee, ke tla kgona,’ Ntate a rialo. ‘Go sala le lesea ga go bokete!’

Mme Mogapi ene ga a akanye jalo. O batla Mme!

Page 15: MOPHATO 3 - VulaBula

13

Mogapi o simolola go lela.

‘Se lele, Mogapi,’ Ntate a rialo. ‘A re bine!’

Ntate tshwara mabogo a ga Mogapi a bo a mo dikolosa.

Mme Mogapi ga a batle go bina. ‘Wah-wah-wah,’ o a lela.

‘O lelela eng, Mogapi?’ Ntate a rialo. ‘Go bina go monate!’

Page 16: MOPHATO 3 - VulaBula

14

Mogapi o sa ntse a lela.

‘Se lele, Mogapi,’ Ntate a rialo. ‘Ke tla go opelela.’

Ntate o fara Mogapi, o bina-bina ka ene a ntse a mo opelela.

‘Nkunkurulele, kgaotsa nnaka, nkunkurulele, kgaotsa nnaka …’

Mme Mogapi ga a batle go opelelwa. ‘Wah-wah-wah,’ o a lela.

‘O lelela eng, Mogapi?’ Ntate a rialo, a golola thae. ‘Go opela go monate!’

Page 17: MOPHATO 3 - VulaBula

15

Mogapi o sa ntse a lela.

Ntate o akanya gore Mogapi o tshwerwe ke tlala. O mmaya mo setulong se se telele a bo a tla ka bebe ya gagwe.

‘Se lele, Mogapi,’ Ntate a rialo. ‘Piere e e monate ke e.’

Mme Mogapi ga a batle go ja. O phailela piere kwa! ‘Wah-wah-wah,’ o a lela.

‘O lelela eng, Mogapi?’ Ntate a rialo, a ingwaya tlhogo. ‘Umm, go monate go sala re le babedi.’

Page 18: MOPHATO 3 - VulaBula

16

Mogapi o sa ntse a lela.

Ntate o dumela gore Mogapi o nyorilwe. O mmaya mo mosamong o mogolo fa fatshe. O mo apesa kobo.

‘Se lele, Mogapi,’ Ntate a rialo, a inamela fa go ene fa fatshe. ‘Mashi ke a a bothitho ke a. Nwa.’

Mme Mogapi ga a batle mashi. ‘Wah-wah-wah,’ o a lela.

‘Tsweetswee se lele, Mogapi,’ Ntate a rialo ka lentswe le le lapileng. ‘Go monate go sala re le babedi.’

Ntate le ene o batla go lela. Go tlhokomela lesea ga go motlhofo.

Page 19: MOPHATO 3 - VulaBula

17

Morago ga nako Mogapi o a didimala. O robetse.

Ntate o itatlhela mo godimo ga soufa. O tsenwe ke letsapa!

Ntate o tswala matlho, o ipelela kagiso le tidimalo. Morago ga moo o ile ka boroko, e bile o a gona.

Page 20: MOPHATO 3 - VulaBula

18

Mme o boile go tswa kwa kopanong. O bona go kopakopane mo phaposing. O bona ditshamekisa-lesea tsa ga Mogapi di lalaane. O bona piere e wetse kwa. O bona botlolo ya mashi e sena sepe fa fatshe. O bona Mogapi a robetse. Gape o bona Ntate a robetse mo godimo ga soufa.

Mme ga a na bothata ka gone. ‘Ke a bona gore Ntate le Mogapi ba ne ba setse monate tota,’ o akanya jalo, a nyenya.

‘Hmmm,’ go hema jalo Mogapi a robetse.

‘Hmmm,’ go hema jalo Ntate a robetse.

A Ntate le Mogapi ba nnile le nako e e monate? Wena o a reng?

Page 21: MOPHATO 3 - VulaBula

19

Ntate o tlhokometse lesea

A. Tekotlhaloganyo

Araba dipotso o dirisa dipoleo tse di feletseng.

1. Mme o ne a ya kae?

2. Mme o ne a tshwenyegile ka go tlogela Ntate a tlhokometse Mogapi ka gore ___________________.a) Mogapi ke ngwana yo o senang tsebeb) Ntate o ne a lwalac) Ntate o ne a ise a ke a tlhokomele Mogapi a le nosi

3. Ke eng sa ntlha se Ntate a neng a se dira go leka go didimatsa Mogapi fa a lela?

4. A Mogapi o rata pina e Ntate a neng a e opela ya nkunkurulele, kgaotsa nnaka? Goreng o bua jalo?

5. Baya sefapaano (X) fa thoko ga dipolelo tse di seng boammaaruri le letshwao () fa thoko ga dipolelo tse di boammaaruri.

a) Mogapi o ne a ja piere le go nwa mashi.

b) Ntate o ne a lemoga gore go tlhokomela lesea ga go motlhofo.

c) Ntlo e ne e le phepa le bothakga fa Mme a goroga mo gae.

d) Mogapi le Ntate ba ne ba robetse fa Mme a goroga mo gae.

6. Goreng Mogapi a ne a lela thata jaana fa Mme a seyo?

Page 22: MOPHATO 3 - VulaBula

20

7. Mme o ne a nyenya fa a goroga mo gae ka gonne _____________________________________________________.

a) Ntate o ne a tshegisa ka fa a neng a lebega ka gone

b) o ne a akanya gore Ntate le Mogapi ba nnile le nako e e monate thata

c) o nnile le nako e e monate kwa kopanong ya gagwe

B. Go dirisa puo

DBE Mophato 3 Bukatiro 1: dits 46, 72, 84, 106, 107DBE Mophato 3 Bukatiro 2: ts 73

Kwala dipolelo tse di latelang gape mme o tsenye matshwao a a tlogetsweng a thutapuo.

1. Gotlhe go tla siama, Ntate a rialo

2. ‘o lelela eng, mogapi’ Ntate a rialo

C. A re kwaleng

DBE Mophato 3 Bukatiro 1: ts 111 (o dirisa ditaelo)

Itire e kete o Mme wa ga Mogapi. Kwalela Ntate lekwalo la ditaelo tsa gore a mo tlhokomele jang.

Page 23: MOPHATO 3 - VulaBula

21

3. O tlile go dirang jaanong?

PELE O BUISA KGANG

Tlotlofoko: tlhomamisa gore o itse bokao jwa mafoko ano

bothakga, kelotlhoko, phasitšhi, itshukunyetsa, ngongorega, mekgwa

Ikatiso ya ditumatlhaka: tlhomamisa gore o itse ditumatlhaka tseno

aa, ee, gw, kg, kw, lw, mm, mp, ng, nn, ny, ph, th, tl, ts

kgw, ngw, nkg, nth, ntl, tlh, tsh, tšh, tshw

Ikatiso ya go buisa: tlhomamisa gore o kgona go buisa mafoko ano

mokgweetsi, diphasitšhing, itshukunyetsa, ngongorega, motlhokomedi,

gakologelwa, eish!, nkgalefetse, tshwanetse

Page 24: MOPHATO 3 - VulaBula

22

Kopo ke mosimane yo o senang tsebe.

Ga a kopela hempe ya gagwe ya sekolo le go e subela mo teng ga borukgwe. Ga a funela megala ya ditlhako. Ga a goletsa dikausu gore di lebege di le bothakga. Dibuka di tshologela kwa ntle ga beke. Ga a akanye pele a dira sengwe.

‘Hei! Ke batlile ke itewa ke heke,’ go goa ausi wa gagwe. ‘Nna kelotlhoko!’

Fela Kopo ga a reetse.

Page 25: MOPHATO 3 - VulaBula

23

Kopo ke mosimane yo o senang tsebe.

Ga a tshele tsela fa robotong. Ga a emele lebone le le tala. Ga a lebe ka fa mojeng, ka fa molemeng, le ka fa mojeng gape pele a e tshela tsela. O tabogela fela mo tseleng.

‘Hei! Ke batlile ke go thula!’ ga goa mokgweetsi wa tekesi. ‘Bula matlho!’

Fela Kopo ga a reetse.

Page 26: MOPHATO 3 - VulaBula

24

Kopo ke mosimane yo o felang pelo.

Ga a tsamaye ka iketlo mo diphasitšhing kwa sekolong. Ga a emele nako ya gagwe jaaka ba bangwe. O itshukunyetsa fa pele ga ba bangwe mo moleng.

‘Hei! Se nthule!’ Toka a ngongorega jalo. ‘Ema kwa morago mo moleng!’

Fela Kopo ga a reetse.

Page 27: MOPHATO 3 - VulaBula

25

Kopo o latlhela matlakala gongwe le gongwe.

Ga a latlhele dipampiri le dipakete mo bining. Ga a boloke sekolo se le phepa. Ga a latlhele meteme le dibotlolo mo bining ya tse di tla dirisiwang gape. O latlhela matlakala a gagwe fa fatshe.

‘Hei! Tsenya matlakala a gago mo bining!’ go laela motlhokomedi. ‘Se latlhe matlakala jalo!’

Fela Kopo ga a reetse.

Page 28: MOPHATO 3 - VulaBula

26

Kopo ga a na mekgwa e e siameng.

Ga a adime. Ga a tlotle dilo tsa ba bangwe. O tsaya dilo tse e seng tsa gagwe a bo a di dirisa.

‘Ke dikerayone tsa me tseo!’ go lela Nini. ‘Di buse!’

Fela Kopo ga a reetse.

Page 29: MOPHATO 3 - VulaBula

27

Kopo o nna fa fatshe go akanya ka letsatsi la gagwe. Ga a rate gore botlhe ba mo galefetse. O gakologelwa se botlhe ba se buileng … ‘Nna kelotlhoko! Ema kwa morago mo moleng! Se latlhe matlakala jalo! Di buse!’

O akanya ka tsotlhe tse a di dirileng mo letsatsing leo. O ne a fosa ausi wa gagwe ka heke. O ne a tabogela mo tseleng fa pele ga tekesi. O ne a itshukunyetsa fa pele ga ga Toka mo moleng. O ne a latlhela matlakala a gagwe fa fatshe. O ne a tsaya dikerayone tsa ga Nini a sa di kopa.

‘Eish! ’ Kopo a rialo. ‘Ke bona lebaka la go bo ba nkgalefetse. Ke tshwanetse go fetola mekgwa ya me.’

Page 30: MOPHATO 3 - VulaBula

28

Letsatsi le le latelang, fa ba ya sekolong, Kopo o emela ausi wa gagwe. E bile o mmulela heke. O nyenya a makaletse mekgwa ya gagwe e mentle e bile o itumelela go bona a le phepa e bile a le bothakga.

Kopo o emela ausi wa gagwe fa robotong pele a tshela tsela sentle. O gopola le go latlhela matlakala a gagwe mo bining me e seng fa fatshe.

Kopo o iteka ka thata gore a nne mosimane yo o siameng.

O dirile sentle Kopo! Tshwara fela jalo!

Page 31: MOPHATO 3 - VulaBula

29

O tlile go dirang jaanong?

A. Tekotlhaloganyo

Araba dipotso o dirisa dipolelo tse di feletseng.

1. Kgang eno e ka ga ________________.

a) mosimane yo o thulwang ke tekesib) mosimane yo o sa itshwareng sentlec) mosimane yo botlhe ba mo ratang

2. Ke afe a mafoko ano a a tlhalosang Kopo kwa tshimologong ya kgang?

a) o galefile e bile o modumob) o itumetse e bile o pelonomic) o botlhaswa e bile ga a na mekgwa e e siameng

3. Ke eng fa mokgweetsi wa tekesi a ne a omanya Kopo?

4. Bana ba bangwe ba ne ba ikutlwa jang fa Kopo a ne a itshukunyetsa fa pele ga bone mo moleng?

5. Ke eng fa Kopo a galefisa Nini? A ka bo a dirile eng mo boemong jwa moo?

6. Baya dipolelo tseno ka tatelano go tswa go 1–3.

a) Kopo o ipotsa gore ke eng fa botlhe ba mo galefetse.

b) Kopo o botlhaswa e bile ga a na mekgwa e e siameng. O ne a fosa ausi wa gagwe ka heke.

c) Kopo o kelotlhoko e bile o bothakga. E bile o latlhela le matlakala a gagwe mo bining.

7. (Wena) le Kopo lo ithutile eng mo kgannyeng eno?

Page 32: MOPHATO 3 - VulaBula

30

B. Go dirisa puo

DBE Mophato 3 Bukatiro 1: dits 80, 92, 118, 121, 126 DBE Mophato 3 Bukatiro 2: dits 87, 88

Kwala matlhaodi a ka nna mararo a a tlhalosang Kopo kwa tshimologong ya kgang. Morago ga moo leba tsebe 28 mme o kwale mafoko kgotsa dipolelwana tse di tlhalosang ka fa Kopo a fetogileng ka gone kwa bokhutlong jwa kgang.

C. A re kwaleng

O akanya gore ke eng se se maswe thata se Kopo a se dirileng? Kwala serapa se se khutshwane sa dipolelo di ka nna thataro go ya go tse robedi o tlhalose gore ke eng fa o akanya jalo.

Page 33: MOPHATO 3 - VulaBula

31

4. Tobekano e kana!

PELE O BUISA KGANG

Tlotlofoko: tlhomamisa gore o itse bokao jwa mafoko ano

tobekano, kotare, natla, letlapanakwalelo, kueleditse, phaposi-

borutelo, bodilo, kgetsana, diphousetara, ditšhate, manega, bothakga,

kelotlhoko, tsabakelang

Ikatiso ya ditumatlhaka: tlhomamisa gore o itse ditumatlhaka tseno

aa, ee, oo, gw, kg, kh, kw, lw, mm, mp, ng, nn, nw, ns, ph, sh, th, tl, ts, tw

ngw, nth, ntl, nts, tlh, tsh, tšh, tsw, ntsh

Ikatiso ya go buisa: tlhomamisa gore o kgona go buisa mafoko ano

tlhatswa, setlhopha, difensetere, letlapakwalelo, tšhoko, diphousetara,

kgethegileng

Page 34: MOPHATO 3 - VulaBula

32

Gompieno ke letsatsi la bofelo la kotara. Go simolola ka moso bana botlhe ba tla bo ba le mo malatsing a boikhutso.

Mme Magalela o leba phaposi-borutelo ya gagwe. ‘Tobekano e kana!’ a rialo. ‘Ke kopa gore lotlhe lo nthuse go phepafatsa phaposi-borutelo pele re tswala go ya malatsing boikhutso.’

Mme Magalela o tla ka dikgamelo tsa metsi a a nang le sesepa, matsela, maborashe, mafeelo, dimmopo le dikgetsana tsa matlakala.

‘Ke nako ya go tlhatswa-tlhatswa, tlosa-tlosa lerole, phimola-phimola, gotlha-gotlha le go feela-feela. Morago ga moo phaposi-borutelo e tla bo e le phepa e letetse kotara e e latelang,’ o raya bana jalo.

Setlhopha se sengwe sa bana se phepafatsa difensetere. Botlhe ba dira ka natla. Mme e seng Thulani. Ga a tlhatswe mme o gatisa menwana mo difensetereng.

‘Hei, Thulani!’ ba mo raya jalo. ‘Tlogela go tshameka o re thuse go phepafatsa!’

Gantsi go nna le mongwe yo o tshamekang a sa dire, ga go jalo?

Page 35: MOPHATO 3 - VulaBula

33

Setlhopha se sengwe sa bana se phimola letlapakwalelo. Botlhe ba dira ka natla. Mme e seng Naledi. Ga a thuse. O kueleditse lerole la tšhoko mo teng ga phaposi-borutelo.

‘Hei, Naledi!’ ba bangwe ba a mmitsa. ‘Tloga fa! O re bakela tiro e ntsi!’

Page 36: MOPHATO 3 - VulaBula

34

Setlhopha sa boraro sa bana se phepafatsa ditulo ka maborashe a a gotlhang le metsi a a nang le sesepa. Botlhe ba dira ka natla. Mme e seng Thabo. Ga a phepafatse mosimane yoo yo o senang tsebe mme o rothisetsa metsi a a nang le sesepa mo moriring wa ga Dipuo.

‘Hei, Thabo!’ ba bangwe ba mo goa ba galefile. ‘Se dire jalo mme o re thuse go phepafatsa!’

Page 37: MOPHATO 3 - VulaBula

35

Setlhopha se sengwe sa bana se feela bodilo le go tsholola dibini. Botlhe ba dira ka natla. Mme e seng Kgosi. Ga a bone gore kgetsana ya matlakala e na le phatlha. Seno se dirile mola o moleele wa matlakala fa morago ga gagwe!

‘Hei, Kgosi!’ ba bangwe ba a mmitsa. ‘Bona gore o dirang! Lesa go lora o olele matlakala ao!’

Page 38: MOPHATO 3 - VulaBula

36

Setlhopha sa bofelo sa bana se phepafatsa dipota le go ela tlhoko gore diphousetara tsotlhe le ditšhate di manegilwe ka tsela e e bothakga. Botlhe ba dira ka natla. Mme e seng Keke. O manega dikarata dingwe tsa dialefabete ka tatelano e e sa siamang!

‘Hei, Keke!’ ba bangwe ba a mmitsa. ‘Bona gore o dirang! O beile a-b-c-e-d-f-h-g! Ke a-b-c-d-e-f-g-h! Dira tiro eo ka kelotlhoko!’

Page 39: MOPHATO 3 - VulaBula

37

Jaanong difenstere di phepa. Letlapakwalelo le phepa. Ditulo di phepa. Bodilo bo phepa. Dipota di phepa. Phaposi-borutelo yotlhe e phepa!

Mme Magalela o itumelela tiro ya bana fela thata. ‘Mongwe le mongwe wa lona o tla newa naledi,’ a rialo, a ntsha dinaledi tsa gagwe tse di kgethegileng tse di tsabakelang.

Mme go tweng ka Thulani, Naledi, Thabo, Kgosi le Keke? A le bone ba newa dinaledi?

‘Ee! Le bone ba newa dinaledi,’ Mme Magalela a rialo, ‘ka gonne ba thusitse le bone.’

Page 40: MOPHATO 3 - VulaBula

38

Bana ba rata tiro ya bone ya ka natla. Ba itumelela go boela gape mo teng ga phaposi-borutelo e e phepa ka kotara e e latelang!

Tshipi e a lela. Ba ya gae.

‘Huree!’ bana ba goa jalo. ‘Ke malatsi a boikhutso! Tsamaya sentle, Mme Magalela, tsamaya sentle! Re tla go gopola! Re tla go bona ka kotara e e tlang!’ ba goa jalo ba tswa ba taboga.

Mme Magalela o akga lebogo mo phegong go ba tsamaisa sentle. Le ene o itumetse! Sekolo se dule!

Page 41: MOPHATO 3 - VulaBula

39

Tobekano e kana!

A. Tekotlhaloganyo

Araba dipotso o dirisa dipolelo tse di tletseng.

1. Bothata e ne e le eng mo phaposi-borutelong?

2. Ke dife tsa ditiro tseno tse di thusitseng go phepafatsa phaposi-borutelo?a) go phimola letlapanakwalelob) go feela bodiloc) go phepafatsa difensetered) Tsotlhe tse di fa godimo.

3. Bana ba ne ba dirisa eng go phepafatsa phaposi-borutelo? Tshwaya () karabo e e siameng o bo o baya sefapaano (X) fa thoko ga dikarabo tse di sa siamang.

dimmopo pente

matsela maborashe a go gotlha

tšhoko dipampiri

4. Naya dipolelo tse di latelang dinomore ka tatelano go tswa go 1-4.

a) Bana botlhe ba ne ba newa dinaledi tsa gauta ke Mme Magalela.

b) Phaposi-borutelo e ne e le leswe thata e bile e le botlhaswa.

c) Phaposi-borutelo e ne e le phepa e bile e le bothakga.

d) Bana ba ne ba dira ka natla go phepafatsa phaposi-borutelo.

Page 42: MOPHATO 3 - VulaBula

40

5. Ke eng fa bana ba ne ba itumetse thata fa bele ya go ya gae e ne e lela?

B. Go dirisa puo

DBE Mophato 3 Bukatiro 1: dits 42, 84

Kwala dipolelo gape o simolole ka mafoko a o a neilweng fa tlase.

Gompieno bana ba phepafatsa phaposi-borutelo.

1. Maabane _________________________________________.

2. Ka moso __________________________________________.

C. A re kwaleng

DBE Mophato 3 Bukatiro 1: ts 122

Itire jaaka e kete o mongwe wa bana mo kgannyeng eno. Kwala temana ka letsatsi la gago la go phepafatsa. O ne o le mo setlhopheng sefe? Go diragetseng? Naya temana ya gago setlhogo.

Page 43: MOPHATO 3 - VulaBula

Uthotho lweencwadana zebanga loMgangatho osisiSeko

Ipapashwe 2014 ngabakwa-Molteno Institute for Language and Literacy

Ixhaswe yi-Zenex Foundation

Ibanga lesi-3 Incwadana 1A n Umhleli wothotho: Jenny Katzn Abaqambi bamabali: Mirna Lawrence noJenny Katzn Imibuzo emva kokufunda nemisebenzi: Jenny Katzn Incutshe kulwimi isiXhosa: Nolitha Bikitshan Umhleli wolwimi isiXhosa: N. Gxowa-Dlayedwa, University of

the Western Cape, Linguistics Departmentn Abazekelisi: Rob Owen - 1. Iyandilibazisa le kawusi, 2. Kutheni na enje?

Sandy Lightley - 3. Iqhekeza lokugqibela, 4. Limdaka eli gumbi!n Uyilo nongqaleko: Resolution noihwhiteDesign

© 2014 Molteno Institute for Language and Literacy

ISBN 978-77580-237-2

IBANGA lesi-3

Incwadana 1A

Isiqulatho

1. Iyandilibazisa le kawusi ................................... 1

2. Kutheni na enje? ............................................... 11

3. Iqhekeza lokugqibela ....................................... 21

4. Limdaka eli gumbi! ........................................... 31

Creative Commons Attribution-NonCommercial-NoDerivatives (CC BY-NC-ND) 4.0 International Licence

Disclaimer: You are free to download and share this work as long as you attribute the Molteno Institute for Language and Literacy, but you may not change this work in any way or use it commercially.

Xhosa 1A.indd 4-5 2015/10/19 12:35 PM

Page 44: MOPHATO 3 - VulaBula

Buka 1A Buka 1A

MOPHATO 3 SETSWANAISBN: 978-1-77580-228-0

MOPHATO 3

1. Selae sa bofelo sa kuku 2. Ntate o tlhokometse lesea

4. Tobekano e kana!3. O tlile go dirang jaanong?

BUKA 1A BUKA 1B

1. Selae sa bofelo sa kuku2. Ntate o tlhokometse lesea3. O tlile go dirang jaanong?4. Tobekano e kana!

1. Kausu e e latlhegileng2. Melekorone3. Go aba go monate4. Setshwantsho sa popego

BUKA 2A BUKA 2B

1. Ke leotwana la ga mang le?2. Neo o kae?3. Black-mampatile4. Kganetsano fa gare ga phefo le letsatsi

1. Thusa!2. Sephiri3. Segwete se segolo4. Ke ipaakanyeditse leeto

BUKA 3A BUKA 3B

1. Ao, Rre Kgabo!2. Go reetsa mmino 3. Re baka dikuku le nkoko4. Bosigo mo polasing

1. Ke mang yo o thubileng fensetere?2. Lesedi o ya lebenkeleng3. Sopo ya maje4. Go nna eng fano?

BUKA 4A BUKA 4B

1. Mmutla le Khudu2. Toropo ya rona3. Tshoswane le tsiekgope4. Ke leino la ga mang le?

1. Dikeletso tse tharo2. Batsoma diphologolo3. Tau le peba4. Aforika Borwa wa rona

(le Bukana ya Dikarabo tsa Sekao)

Dibuka tsa go ithuta go buisa mo kgatong eno di na le ditsebe tse di oketsegileng, mokwalo o o oketsegileng mo tsebeng nngwe le nngwe, dipolelo tse di telelenyana, pharologano e kgolwane ya dipaterone tsa dipolelo, puo ya semmuso le puotlhalosi, mmogo le tlotlofoko e kgolwane. Go buisa e nna selo se se itiragalelang fela jaanong, ka boikaelelo jwa go tlhaloganya mo boemong jwa go bitsa mafoko fela /go a peleta fa barutwana ba le gaufi le go buisa ka bobone. Dibuka tseno tsa go ithuta go buisa di ba naya ditshono tsa go buisa ba le setlhopha, ba kaelwa, ka bobedi le bobedi le ka bongwe ka bongwe.

SETSWANA

Dibuka tsa go ithuta go buisa tsa Mophato 3 tsa Vula Bula di katisetsa bana go ithuta go buisa ka thelelo ba sa le bannye. Buka nngwe le nngwe e na le ditlhamane di le nne tse di farologaneng, go akaretsa le mokwalo ka dilo tsa mmatota. Pele ga tlhamane nngwe le nngwe, go na le lenaane la mareo a tlotlofoko le lenaane la mafoko a go leng ‘thata go a buisa’ a go lebeletsweng gore barutwana ba a kgone. Tlhamane nngwe le nngwe e latelwa ke dipotso di le mmalwa tsa tekotlhaloganyo, le ditirwana tsa puo le tsa a re kwaleng tse di golagantsweng le CAPS le Dibukatiro tsa Mophato 3 tsa DBE.

Tswana-1A.indd 2-3 2015/10/19 12:25 PM