mophato 3 • bukana ya thutapuo - longmanafrica.co.za · mophato 3 • bukana ya thutapuo ... di t...

32
Mophato 3 • Bukana ya Thutapuo Mmaoshale Pitinyane

Upload: hanhu

Post on 18-Mar-2019

594 views

Category:

Documents


10 download

TRANSCRIPT

Page 1: Mophato 3 • Bukana ya Thutapuo - longmanafrica.co.za · Mophato 3 • Bukana ya Thutapuo ... Di t Dikarolo tsa puo ... y Bana ba ga rakgadi ba mo reketse lekese la madi a a kwa

Mophato 3 • Bukana ya Thutapuo

Mmaoshale Pitinyane

Page 2: Mophato 3 • Bukana ya Thutapuo - longmanafrica.co.za · Mophato 3 • Bukana ya Thutapuo ... Di t Dikarolo tsa puo ... y Bana ba ga rakgadi ba mo reketse lekese la madi a a kwa

Pearson Education Botswana (Pty) Ltd(Longman and Heinemann)PO Box 1083, Gaborone, BotswanaPlot 14386, New Lobatse Road, Gaborone, West Industrial SiteBotswana

Longman is an imprint of Pearson Education Botswana (Pty) Ltd

© Pearson Education Botswana (Pty) Ltd

All rights reserved. No part of this publication may be reproduced, stored in a retrieval system or transmitted in any form or by any means, electronic, mechanical, photocopying, recording, or otherwise, without the prior permission of the publishers.

First published in 2011

ISBN 978-99912-929-8-4

Cover design by FirebrandTypesetting by Nazley SamsodienReproduction byPrinted by

It is illegal to photocopy any page of this book without the written permission of the copyright holder.

Every effort has been made to trace the copyright holders. In the event of unintentional omissions or errors, any information which would enable the publisher to make the proper arrangements will be appreciated.

Page 3: Mophato 3 • Bukana ya Thutapuo - longmanafrica.co.za · Mophato 3 • Bukana ya Thutapuo ... Di t Dikarolo tsa puo ... y Bana ba ga rakgadi ba mo reketse lekese la madi a a kwa

Diteng

Malomatsebe 5

Dikarolo tsa puo 6

Leina . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . .6Leemedi . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . 10Lediri . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . 11Tlhaodi . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . 14Letlhalosi . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . 17Lekopanyi . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . 19Lelatlhelwa . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . 20Leetsisi . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . 22

Tiriso ya dikarolo tsa puo 25

Molokololo wa seele 27

Ngotlo ya dikarolo tsa puo 28

Bokao jwa dikarolo tsa puo 31

Go logagana ga puo 32

Page 4: Mophato 3 • Bukana ya Thutapuo - longmanafrica.co.za · Mophato 3 • Bukana ya Thutapuo ... Di t Dikarolo tsa puo ... y Bana ba ga rakgadi ba mo reketse lekese la madi a a kwa
Page 5: Mophato 3 • Bukana ya Thutapuo - longmanafrica.co.za · Mophato 3 • Bukana ya Thutapuo ... Di t Dikarolo tsa puo ... y Bana ba ga rakgadi ba mo reketse lekese la madi a a kwa

5

Malomatsebe

MalomatsebePuo e agiwa ka go tshwaraganya dikarolo tsa puo go fetisa molaetsa o o batlegang . Bangwe baithuti ba a tle ba ipotsake dipotso tsa gore tota puo, bogolo jang ya Setswana e ithutelwang bogolo jang ka gore e buiwa letsatsi le letsatsi . Heela! Puo e monate bogolo jang fa e ka agiwa ke batho ba ba nang le bokgoni jwa go e loga ka botswerere . Ka na mafoko a tshwaraganngwa go bopa diejana le dikarolo tsa puo; diejana di bo di golaganngwa ka bokgabane go aga diele tse di nang le bokao . Diele tsone di bo di logiwa ka neelano le nyalano ya tsone go dira temana . Temana e e tshwanetse go nna le mogopolo wa konokono o go a tleng gotwe ke ntlhakgolo ya temana eo . Temana e e megopolo e phatlaletseng e a bo e sa betliwa sentle ka gore temana e tshwanetse go agiwa ka mogopolo o le mongwe fela . Jaanong kwa bofelong ditemana tsone di rulaganngwe sentle go aga dipuiso, dipego, dipolelo, dikwalo le tsone dipuisano tota . Fa re bua ka thutapuo re bua fela ka go tshwaraganya mafoko gore kwa bofelong re nne le melaetsa e e farologaneng . Itumeleleng go ithuta puo!

Page 6: Mophato 3 • Bukana ya Thutapuo - longmanafrica.co.za · Mophato 3 • Bukana ya Thutapuo ... Di t Dikarolo tsa puo ... y Bana ba ga rakgadi ba mo reketse lekese la madi a a kwa

6

Dikarolo tsa puo

Dikarolo tsa puoFa re ithuta puo ya Setswana re remelela thata mo dikarolong tsa puo di akaretsa leina, leemedi, lediri, tlhaodi, letlhalosi, lekopanyi, lelatlhelwa, leetsisi . Mo godimo ga moo re bo re akaretsa sediri, tiri le sedirwa tse e leng boremelelo jwa tiriso ya dikarolo tsa puo .

LeinaLeina ke karolo ya puo e e bitsang sengwe . Go ka twe leina go tewa lereo la selo se tshela kgotsa se sa tshele . Leina le ka dirisiwa go bitsa batho, diphologolo, dimela, mafelo le dilo tse dintsi tse di farologaneng .

Dikai y Bana ba thuga mabele . y Monna yole ke mongwe wa rona . y Kabelo o agelela lesaka . y Dinaka tsa kgomo ele di masoke . y Nkwe e jele dinamane maabane .

Mo dikaing tse di fa godimo mafoko a a mmala a bidiwa maina .

Mefuta ya mainaLeina le na le mefuta e e farologaneng .

1. Mainatota Mainatota ke maina a a bitsang selo tota go tlhamaletse go sa akarediwe . Motho, lefelo kgotsa seruiwa sengwe le sengwe se na le leina la sone . Maina a, ke one a gotweng ke maina tota . Leinatota le tshwanetse go simolola ka tlhakakgolo ka dinako tsotlhe .

Dikai y Kama le Mpii ba tlhagola tshimo . y Tsamaya o ye go bitsa Dineo . y Tonki ya rona e go tweng Brown e goga go di gaisa tsotlhe .

Page 7: Mophato 3 • Bukana ya Thutapuo - longmanafrica.co.za · Mophato 3 • Bukana ya Thutapuo ... Di t Dikarolo tsa puo ... y Bana ba ga rakgadi ba mo reketse lekese la madi a a kwa

7

Dikarolo tsa puo

y Baithuti ba ga Mmadikatse ba fentse ditlhatlhobo fela botlhe .

y Kgomo ya gagwe Reifole e tsala mahatlha ngwaga le ngwaga .

Mafoko a a mmala ke mainatota a se go buiwang ka sone, se tota se bidiwang jalo ka leina leo .

2. MainagokaMainagoka ke maina a a bopilweng ka go gokaganya dikarolo tse dingwe tsa puo .

Dikai Leina le leina

y Bana ba tshositswe ke nogapotsane . y Dikabelo o thata tota, ke lone tota lentswetshipi . y Maebarope a tlhasetse mabele a ga malome .

Leina le letlhaodi y Monnamogolo yole o sa ntse a itekanetse . y Ba mo tlhophile tautona gape . y Go laleditswe bannabagolo le basadibagolo fela go

tsenelela khuduthamaga .

Leina le letlhalosi y Ga ke utlwane le ene ka gore o rata go tla bosigogare . y Botlhogoethata jwa gagwe bo tla mo isa kgolegelong . y Tebo o ratwa ke batho ka ntlha ya bopelonomi jwa

gagwe .

Lediri le lediri y Yo go tweng Karabo yo, ke majaaitshutlha bona fela

jaaka a itlhonegile . y Lona nako le nako le kgotletsa go setse go butswa ke

lona o ka reng go ka twe le bomabinagotsholwa . y Rraagwe ene ga a mo kgetholole le ntswa batho ba

mmitsa setlaseanya .

Page 8: Mophato 3 • Bukana ya Thutapuo - longmanafrica.co.za · Mophato 3 • Bukana ya Thutapuo ... Di t Dikarolo tsa puo ... y Bana ba ga rakgadi ba mo reketse lekese la madi a a kwa

8

Dikarolo tsa puo

Lediri le leina y Malatsi ano ditimamolelo di dintsi . y Mojaboswa wa ga rakgadi ke Bele . y Basimane ba lelekile lekgaolatshega .

Lediri le letlhalosi y Ba tlhophile Kabo go nna mojamorago . y Fa ba ya masimo ka malatsi a boitapoloso go nna le

mosalagae .

Lediri le letlhaodi y Ngwana o lomilwe ke selomabasetlha . y Mo lese a bue rra, ka na mmualebe o a bo a bua la

gagwe .

Lediri le lesoboki y O tlhomola pelo ka gore nako tsotlhe ke ene

monnanosi . y Dineo o fentse ditlhatlhobo ka gore ke maitsegotlhe .

3. Mainagoboka Mainagoboka ke maina a a bitsang dilo ka go di goboka kgotsa ka tshoboko ya tsone . Gantsi a fa bokao jwa gore se go buiwang ka sone se a bo se le sentsi thata .

Dikai y Dihutshane tsa gagwe di nonne . y Banyana o tlile a rwele ngata ya dikgong . y Ka phitlho ya gagwe go ne go tlile matshwititshwiti a

batho . y Modisa o timeditse letsomane . y Bana ba gagwe ba tlhasetse leretlwa le le gaufi le bone . y Mogokgo o iteile tshimane a bo a tlogela tshetsana fela .

4. MainakgopoloMainakgopolo ke maina a go ka tweng a a fopholetsa, ke gore a bitsa selo se mme tota o ka sekeng wa se bona kgotsa wa se tshwara . Go a tle go twe ke maina a dilo tse di akanyediwang .

Page 9: Mophato 3 • Bukana ya Thutapuo - longmanafrica.co.za · Mophato 3 • Bukana ya Thutapuo ... Di t Dikarolo tsa puo ... y Bana ba ga rakgadi ba mo reketse lekese la madi a a kwa

9

Dikarolo tsa puo

Dikai y Baithuti ba tsere loeto lo lo leele . y Mosepele wa rona o ne o le monate . y Morutabana o tsere kgang le baithuti .

5. Maina a a adimilwengMaina a a adimilweng ke maina a a tswang mo dipuong tse e seng Setswana . Maina a mofuta o a kwalwa ka Setswana mme tota one tlholego ya one a tswa mo dipuong tse dingwe .

Dikai y Ba rekile motšhine o o phothang . y Dikgomo di swetse gaufi le seporo . y Bana ba ga rakgadi ba mo reketse lekese la madi a a

kwa godimo . y Ngwana wa gagwe wa mosetsana ke moengele . y Borokgwe jwa gagwe ke jwa mabono .

Tiriso ya leinaLeina le ka dirisiwa jaaka Sediri le Sedirwa mo seeleng .

Leina le dirisitswe jaaka Sediri

Dikai y Pule o bolaya dikoko . y Mosadimogolo o goga motsokwe . y Dihutshane tse dinnye di timetse maloba . y Lobelo lwa bone lo ne lo kgatlha . y Motšhine o moša o gaitse mabele thata .

Leina le dirisitswe jaaka Sedirwa

Dikai y Mmaešale o rata Thabiso . y Mmasepoto o bolaile madi . y Mosimane o timeditse letsomane . y Bana ba sekolo ba tseneletse khuduthamaga .

Page 10: Mophato 3 • Bukana ya Thutapuo - longmanafrica.co.za · Mophato 3 • Bukana ya Thutapuo ... Di t Dikarolo tsa puo ... y Bana ba ga rakgadi ba mo reketse lekese la madi a a kwa

10

Dikarolo tsa puo

y Bagwegadi ba tsere loeto lo lo leele . y Banna ba kgaotse lebante la ngwana .

LeemediLeemedi ke karolo ya puo e e dirisiwang boemong ja leina . Go ka twe le emela leina mo seeleng .

Dikai y Dikgomo di fula bojang . Tsone di fula jone . y Baphuthegi ba galaletsa Modimo . Bone ba galaletsa

one . y Bana ba sekolo ba rata dikgobe Bone ba sekolo ba

rata tsone .

Mafoko a a mmala ke maemedi a maina a a dirisitsweng mo dieleng .

Leemedi le le lengwe le ka dirisiwa go emela maina a a farogaloneng .

BoRamotobosi fa ba tsena kwa masimo, ba fitlhetse ntlo ya bone e jelwe ke molelo . Ene Ramotobosi o ne a tshoga fa a tla go lemoga gore molelo one oo, o ne o tukisiwa ke basimanyana . Ramotobosi o ne a tsenelela basimanyana bao ka moretlwa mekwatla ya bone ya ba ya ruruga . Yone tiragalo ya mofuta o, e ne e tlwaelesegile go diragala mo merakeng . Batsadi ba bone ba ne ba atlholwa go duela ditshenyegelo tsa ntlo, le fa le yone ntlo ya teng e ne e le gaufi le go phutlhama . E ne ya re go tloga foo bana ba a kgwa lethe ba bo ba le thelela .

Mo temaneng e e fa godimo leemedi /bone/ le dirisitswe go emela maina BoRamotobosi le basimanyana .

/yone/ le dirisitswe go emela tiragalo le ntlo .

Ela tlhoko

Leemedi le ka dirisiwa

fela fa go dirisitswe

leina pele. Leemedi fa

le dirisitswe le leina, le

fa bokao jwa go

gatelela.

a) Neo o apaya

bogobe.

b) Ene o apaya jone

(leemedi le emela

leina).

c) Ene Neo o apaya

jone bogobe

(leemedi le kaya

kgatelelo).

Page 11: Mophato 3 • Bukana ya Thutapuo - longmanafrica.co.za · Mophato 3 • Bukana ya Thutapuo ... Di t Dikarolo tsa puo ... y Bana ba ga rakgadi ba mo reketse lekese la madi a a kwa

11

Dikarolo tsa puo

Moalo o o fa tlase o supa ka fa leemedi le le lengwe le ka emelang maina a le mmalwa ka teng .

Lone One Bone Sone Tsone Yone Ene Jone

LogongLerakoLeferefereLegapuLoso

MolapoMolamuMoretlwaMosepeleMolelo

BathoBasadiBannaBarutiBalemisi

SetlhareSelepeSebokolodiSeleduSekolo

DikgomoDijaloDingakaDibukaDinaledi

NkuKatsePenseleMetlakaseMegoma

MosimaneMorutabanaMohiriMoletlanyiMorongwa

BotlhaleBogobeBothataBotsipaboloko

LediriLediri ke karolo ya puo e e supang tiro e e dirwang mo seeleng . Lediri ke lefoko le le lemotshang gore tiro nngwe e dirwa ke motho kgotsa sengwe mo seeleng .

Dikai y Basimane ba gama dikgomo . y Katse e ja peba . y Borre ba rutlolola motlaagana .

Mafoko a a mmala a supa tiro e e dirwang mo dieleng ka jalo a bidiwa madiri .

Mefuta ya lediri 1. Madiri a tlholego

Ke madiri a a tlholegileng fela a supa tiro . Madiri a, ke mafoko a a sa tsweng mo dikarolong dipe tsa puo .

Dikai y Bokgwathe ba alola basimane . y Balemi ba suga dikgole . y Thabiso o apaya sengana . y Bana ba itse Setswana .

2. MadirimatswaMadirimatswa ke madiri a go gokeletsweng megatlana ka go farologana mo meding ya madiri a tlholego mme a bo

Page 12: Mophato 3 • Bukana ya Thutapuo - longmanafrica.co.za · Mophato 3 • Bukana ya Thutapuo ... Di t Dikarolo tsa puo ... y Bana ba ga rakgadi ba mo reketse lekese la madi a a kwa

12

Dikarolo tsa puo

a sa latlhe bokao jwa tiro e e dirwang . Fela jaaka leina le tlhalosa (madiri-matswa) go tewa madiri a a tswang mo go a mangwe .

Sekai(aga > ag – elel – a)

Dikai y Basimane ba agelela lesaka . y O ne a mo tlhatswisa dikobo . y Bana ba ke diphekgwa, utlwa fela jaaka ba fetolana ka

mafoko . y Lesa go ragaka yo mongwe monna . y Lebaleba tlhe gore selabe se kgone go tswa sentle .

Ela tlhoko

Go na le mabaka a a ka

fetolang lediri mme

bokao bo sala fela bo

sa fetoge. Mabaka a ke

fa go dirisiwa lediri mo

bontsing, paka pheti le

fa go dirisiwa

tlhogwana ya leitiri.

Bontsi y Bana ke lona, apayang dikgobe tseo ka pitsa e tona . y Ke ne ke re alololang diphate tseo . y Tsamayang lo ye go kgetla thupa ke tle ke lo otlhaye .

Paka pheti y Bana ba apeile dikgobe . y Dipodi di jele dijalo tsa baithuti . y Dikgomo di kgotshe bojang e bile di robetse .

Tlhogwana ya leitiri y Malata a ithuna dinta a ile kgonnye . y Bona jaaka ntša e itatswa . y Bana ba ithuta Setswana e seng sekgoa . y Mokganedi o ne a ikama ka seikamo sa me .

Lediri le ka dirisiwa mo dipakeng tse di farologaneng .

Paka jaanongDikai

y Malome o betsa bana . y Kgomo e raga namane . y Dineo o a ja . y Banna ba a lema . y Tonkana e anya mmaayo .

Page 13: Mophato 3 • Bukana ya Thutapuo - longmanafrica.co.za · Mophato 3 • Bukana ya Thutapuo ... Di t Dikarolo tsa puo ... y Bana ba ga rakgadi ba mo reketse lekese la madi a a kwa

13

Dikarolo tsa puo

Paka jaanong tsweletsoDikai

y Bana ba sa ntse ba a ja . y Kgosi e sa ntse e bua le morafe . y Ke sa ntse ke nwa tee .

Paka e e fetilengDikai

y Ba ne ba lwa . y Dikgomo di ne di nwa metsi . y Rakgadi o ne a batla ngwetsi .

Paka e e fetileng tsweletsoDikai

y Basetsana ba ne ba sa ntse ba ja . y Moithuti o ne a sa ntse a kwala ditlhatlhobo . y Di ne di sa ntse di fula .

Paka phetiDikai

y Ba apeile dikgobe . y Ditonki di jele moroko . y Borrantweesane ba kgotshe mmidi .

Paka e e fetileng phetiDikai

y Ke ne ke apeile . y Baithuti ba ne ba tsamaile le ene . y Di ne di amusitse marole .

Paka e e tlangDikai

y Ke tlaa ja bogobe . y Diperekisi di tlaa gola fa pula e na . y Letsatsi le tlaa fisa thata ka moso .

Ela tlhoko

Dipaka di

farologanngwa ke

mabopi a a

dirisitsweng.

Dipaka Mabopi a dipaka

Paka jaanong

a

Paka e e fetileng

ne

Paka e e tlang

tla

Pakapheti -ilePaka ya tsweletso

sa ntse

Page 14: Mophato 3 • Bukana ya Thutapuo - longmanafrica.co.za · Mophato 3 • Bukana ya Thutapuo ... Di t Dikarolo tsa puo ... y Bana ba ga rakgadi ba mo reketse lekese la madi a a kwa

14

Dikarolo tsa puo

Paka e e tlang tsweletsoDikai

y Kgosi o tla a bo a sa ntse a bua . y Nnake o tla a bo a tlhatswa . y Dikgomo di tla a bo di sa ntse di fula . y Mme o tla a bo a sa ntse a tlhagola .

TlhaodiTlhaodi ke karolo ya puo e e tlhaolang kgotsa e e farologanyang selo mo go tse dingwe .

Dikai y Bojang jo botala bo nkga monate . y Badisa ba bolaile podi e e tlhotsang . y Mosese wa sekolo o montle . y Dinku tsotlhe di tlhatlhetswe . y Ba lemile dipeo di sele .

Mafoko a a mmala mo dieleng tse di fa godimo ke tlhaodi . A farologanya bojang, podi, mosese, dinku le dipeo le tse dingwe tse di tshwanang le tsone .

Mefuta ya ditlhaodiGo na le mefuta ya tlhaodi e bong:

a) Letlhaodi b) Leamanyi c) Lerui d) Lebadi e) Lesoboki

1. LetlhaodiLetlhaodi ke tlhaodi e e tlhaolang kgotsa e e farologanyang dilo ka palo, popego le mmala .

Dikai y Koko e elame mae a marataro fela . y Bakgatla ba bolaile dikgomo tse pedi kwa lenyalong .

Page 15: Mophato 3 • Bukana ya Thutapuo - longmanafrica.co.za · Mophato 3 • Bukana ya Thutapuo ... Di t Dikarolo tsa puo ... y Bana ba ga rakgadi ba mo reketse lekese la madi a a kwa

15

Dikarolo tsa puo

y Ke rata phaphatha e kima . y Kgosi o mo iteile ka thupa e tshesane . y Mosese o montsho ga o montle . y Bojang jo botala bo a kgatlhisa .

2. LeamanyiKe tlhaodi e e tlhaolang ka go amanya dilo . Le tlhaola ka go dirisa dikarolo tsa puo ka go farologana .

Dikai y Lerapo le le thata ga le šetlege motlhofo . y Banna ba bolaile podi e e makoro . y Ngwana yo o botlhale o ratwa ke barutabana . y Bana ba ba gogang ba tla a otlhaiwa . y Ba timeditse kgomo e e boramaga mo phatleng . y Mosadi yo o pelotlhomogi o belege batho . y Ba gapile dikgomo tse di digwetla fela . y Sethunya se se fa ntlong se nkga monate .

3. LeruiKe tlhaodi e e tlhaolang ka go supa thuo . Lerui le ka kgaoganngwa gabedi .

i) Lerui-tota: Lerui-tota ke fa go tlhaolwa sengwe mo go tse dingwe go lebeletswe gore se ruilwe kgotsa se na le se se se ruileng . Go nna le serui le seruiwa .

Dikai y Bana ba gagwe ba ile morakeng . y Dipotsane tsa ga Badisa di sutlhile . y Mabele a kgosi a mantsi . y Ditlhako tsa basadi di dintle .

Mafoko a a mmala ke lerui . Mo dikaing tse di fa godimo lerui le ka kgaoganngwa jaana ka serui le seruiwa .

Page 16: Mophato 3 • Bukana ya Thutapuo - longmanafrica.co.za · Mophato 3 • Bukana ya Thutapuo ... Di t Dikarolo tsa puo ... y Bana ba ga rakgadi ba mo reketse lekese la madi a a kwa

16

Dikarolo tsa puo

Serui Seruiwa

Ba gagwe Bana

Badisa Dipotsane

Kgosi Mabele

Basadi Ditlhako

ii) Lerui-letlhalosiLerui letlhalosi le tlhaola selo mo go tse dingwe ka go tlhalosa mme le tlhalosa ka ditsela tse di farologaneng .

Dikai y Kopi ya tshipi e thata . y Bana ba ikantse ntlo ya thapelo fa go nna le dikgwetlho . y Dikgetsi tsa mabele di oletse . y Ntsalake o mphile lekapa la letlhodi ngogola . y Sametsi o dira mophato wa boraro kwa Sedumedi JSS . y Potsane ya Modimo e robegile mo go botlhoko .

iii) LebadiLebadi le tlhaola ka go dirisa dithito /-ngwe/-sele/-pe/-fe/-ng/ .

Dikai y Nonyane nngwe e a tswidinya . y Monna mongwe o rema setlhare . y Ba tlhatlhetse dinamane di sele . y Rakgadi ga a tla le mosetsana ope . y Ga go setlolo sepe mo lebotleleng le . y Selepe sa gago ke sefe? y Bana ba kgetlile maungo afe? y E tsetse tsiang? y Wa re o tshotse selo seng ne wena?

LesobokiKe tlhaodi e e tlhaolang ka go soboka e dirisa thito /-si/-le/-tlhe/ .

Page 17: Mophato 3 • Bukana ya Thutapuo - longmanafrica.co.za · Mophato 3 • Bukana ya Thutapuo ... Di t Dikarolo tsa puo ... y Bana ba ga rakgadi ba mo reketse lekese la madi a a kwa

17

Dikarolo tsa puo

Dikai y Basetsana botlhe ba a opela . y Ba timeditse dihutshane tsotlhe . y Dikoko tsa me di thubile mae otlhe . y Go otlhailwe basimane bosi . y Dikokwana di le tsosi di kwa kutleng .

Tiriso ya tlhaodiGantsi tlhaodi e tla kwa morago ga sediri kgotsa sedirwa mo seeleng .

1. Tlhaodi e dirisiwa go tlhaola sediri y Monna yo moleele o a rema . y Kgomo e e lesifi e a thula . y Dikatse tsa bone di a tena . y Bana botlhe ba ile sekolong . y Rre mongwe o a porofita .

2. Tlhaodi e dirisiwa go tlhaola sedirwa y Katse e bolaile dipeba tse pedi mo mosong . y Bagwe ba tlisitse dikgomo tse di makoro fa ba ntsha

bogadi . y Balemi ba bararo ba tlaa roba dijalo tse dintsi . y Mogokgo o iteile basimane botlhe . y Modisa o gamile podi e sele . y Mapodisi a tshwere mosetsana ofe?

LetlhalosiKe karolo ya puo e e dirisiwang go tlhalosa tiri/tiragalo . Le tlhalosa gore tiragalo e diragala kae, leng le gore jang .

Dikai y Batsadi ba nna kwa masimo . (kae) y Basimane ba sekolo ba tla tlhatswa kgantele . (leng) y Monnamogolo o iteile ngwana jaana . (jang)

Page 18: Mophato 3 • Bukana ya Thutapuo - longmanafrica.co.za · Mophato 3 • Bukana ya Thutapuo ... Di t Dikarolo tsa puo ... y Bana ba ga rakgadi ba mo reketse lekese la madi a a kwa

18

Dikarolo tsa puo

Matlhalosi fa a tlhalosa gore tiragalo e diragala kae a a bo a tlhalosa felo . Fa a tlhalosa gore tiragalo e diragala leng a a bo a tlhalosa nako mme fa a tlhalosa gore tiragalo e diragala jang a a bo a tlhalosa mokgwa .

Mefuta ya matlhalosiGo na le matlhalosi a tlholego le a e seng a tlholego .

1. Matlhalosi a tlholego Ke matlhalosi a a tlholegileng fela a tlhalosa mo puong .

Dikai y Ba nna gaufi le kereke . y Di kobele kgakala le tshimo . y Rre o tla a tsamaya phakela . y Banyadi ba emeletse bosigo . y Baetsana ba kgabile tota . y Mosimane wa sekolo o taboga thata .

2. Matlhalosi a e seng a tlholegoKe matlhalosi a a bopilweng go dirisiwa dikarolo tse dingwe tsa puo jaaka maina le tlhaodi .

Dikai y Kgaitsadie o nyetse mosadi kwa Borolong . y Noga e tsene mo mosimeng . y Poo e bopa kwa ntle . y Re tla a tswala ka Sedimonthole . y Mosima o o epilwe ka peke . y Batsomi ba hudile ditholo gararo . y Dikonyana di tshameka le dipotsane mo lesakeng .

Tiriso ya letlhalosi mo puongGantsi letlhalosi fa le tlhalosa felo, mokgwa kana nako le a bo le tlhalosa tiragalo kgotsa tiri . Le tshwanetse go tla kwa morago ga tiri kgotsa tiragalo . Fa le sa tle kwa morago ga tiri le a bo le sa dirisiwa ka fa tshwanelong .

Page 19: Mophato 3 • Bukana ya Thutapuo - longmanafrica.co.za · Mophato 3 • Bukana ya Thutapuo ... Di t Dikarolo tsa puo ... y Bana ba ga rakgadi ba mo reketse lekese la madi a a kwa

19

Dikarolo tsa puo

Lebelela diele tse di mo moalong o: Letlhalosi le dirisitswe sentle Letlhalosi le sa dirisiwa sentle

Ke ya masimo phakela.

Ba tsenye mo ntlong.

Nnanaso o a ja tota.

Phakela ke ya masimo.

Mo ntlong ba tsenye.

Tota Nnanaso o a ja.

LekopanyiLekopanyi ke karolo ya puo e e dirisiwang go aga puo kana go kopanya diele le dikarolo tsa puo .

1. Lekopanyi le kopanya mainaDikai

y Ke ne ke ba apeetse borotho le nama . y Ba tlhabile dipodi kgotsa dinku? y Ke go tsholele setampa kana dikgobe? y Baithuti ba rata Setswana le sekgoa .

2. Lekopanyi le kopanya dikarolo tsa puo kgotsa diejanaDikai

y Baithuti ba a tlhodia e kete mamphorwana . y Mofenyi o taboga jaaka pitse . y Ntša o a tlolatlola e kete ntlole . y Le gape e e lesifi e seng e e makoro . y O reke le magapu a mahibidu e bile a le mabedi .

3. Lekopanyi le kopanya dieleDikai

y Monaka o ile kgolegelong go bane o utswile . y Bana ba koko ba tsile mme ga ba e bona . y Pula e tla a na gonne e a solofetsa . y Wa re ke go fe madi boo ke a bereka .

Maemo a lekopanyi mo seelengLekopanyi le ka dirisiwa kwa tshimologong, fa gare kana kwa bofelong jwa seele .

Page 20: Mophato 3 • Bukana ya Thutapuo - longmanafrica.co.za · Mophato 3 • Bukana ya Thutapuo ... Di t Dikarolo tsa puo ... y Bana ba ga rakgadi ba mo reketse lekese la madi a a kwa

20

Dikarolo tsa puo

1. Lekopanyi le dirisiwa kwa tshimologong ya seele y A itse batho ba rata dilo tsa batho . y E re ka a mo rata thata o mo reketse diaparo tse dintle . y E rile a bona bana ba gagwe, a ba tlamparela . y Ntsiana motho yo Mothusi ke mogoloo?

2. Lekopanyi le dirisiwa fa gare mo seeleng y A re ke mo fe madi boo ke a bereka . y Ba nna fela kwa masimo le mororo ditiro di le mo gae . y Mo okeletse gonne o tshwerwe ke tlala .

3. Lekopanyi le dirisiwa kwa bofelong jwa seele y Bana bao ba a itsane go riana? y Ee! Ke utlwile sengwe jaanong . y Mm! Ke a mo rata gone . y Senakangwedi ga a utlwe kante?

Tiriso ya lekopanyi mo puong Lekopanyi le tshwanetse go dirisiwa ka fa tshwanelong . Fa lekopanyi le sa dirisiwa sentle le senya bokao .

Lebelela diele tse di mo moalong o:

Lekopanyi le dirisitswe sentle Lekopanyi le sa dirisiwa sentle

A re ke mopege boo ke na le koloi.

Di a tura ntswa di onetse.

O rata dilo mme a le maswe.

Ke a mo rata boo o montle.

Morumi o nonne ntswa a le makgakga. Mosarasarane o taboga thata mme o ile go

emela lefatshe la Botswana.

Lelatlhelwalelatlhelwa ke karolo ya puo e e dirisiwang go tsibosa . Ke sone se nako e nngwe le bidiwang letsibosi . Letsibosi le dirisiwa go tsibosa batho kgotsa diphologolo mo puong .

Dikai y Kibi! A etswe mo ntlong e tloga e senya . y Owaii! O a bo o re o ka betsa mang o sa nonofa jaana? y Nnyaa! Ga ke ise ke dumalane le ene .

Page 21: Mophato 3 • Bukana ya Thutapuo - longmanafrica.co.za · Mophato 3 • Bukana ya Thutapuo ... Di t Dikarolo tsa puo ... y Bana ba ga rakgadi ba mo reketse lekese la madi a a kwa

21

Dikarolo tsa puo

y Aoo! Mosadinyana wa batho o golafaditswe ke khuti ya matlakala .

Mefuta ya malatlhelwaMalatlhelwa a ka kgaoganngwa ka mefuta e le meraro e leng malatlhelwa a tlholego; malatlhelwa a a tswang mo dikarolong tse dingwe tsa puo; le malatlhelwa a seka-taelo .

1. Malatlhelwa a tlholego y E-e! Ga ke a tla maaabane . y Aa! O montle jang ne mma . y Puraa! A di tle go tsena mo lesakeng . y Bii! Thusang ntlo ya me e a ša .

2. Malatlhelwa a a tswang mo dikarolong tsa puo y Wena! O tlaa bolawa ke batho fa o sa itlhokomele . y Monna! E gaketse pula ya monogwaga . y Mothusi! Tlogela go tshameka ka metsi .

3. Malatlhelwa a seka taelo y Ke gone! Tlholang sentle . y Bagaetsho! Ke tlile go lo lekola . y Tsela tshweu! O tsamaye ka pula morwarre . y Tebogo wee! Mme o a go bitsa . y Nkadime ditlhako tseo tlhe!

Tiriso / bokao jwa malatlhelwa Malatlhelwa a ka dirisiwa go supa maikutlo a a farologaneng .

1. Go dumela kgotsa go dumalana y Ee! Ke rata thata fa o bua jalo . y Autlwa hee! Ka na ke itsile gore fa e le wena go tlaa

kgonagala .

2. Go ganetsa kgotsa go sa dumalane y Nnyaa! Ga ke batle go reka dikgomo gompieno . y E-e! Batho ba ba batla go re tsietsa! y O! O batla go sala o ntima ke ile go tshameka?

Page 22: Mophato 3 • Bukana ya Thutapuo - longmanafrica.co.za · Mophato 3 • Bukana ya Thutapuo ... Di t Dikarolo tsa puo ... y Bana ba ga rakgadi ba mo reketse lekese la madi a a kwa

22

Dikarolo tsa puo

3. Go nyatsa y Owaai! Setlhopha sa lona ke magogorwane wa bofelo . y Okh! E kare o koafetse jaana o bo o re o ka belega

ngwana .

4. Go gakgamala y Aa! Ke ne ke sa lemoge gore o montle jaana . y Thaka! Kgomo e e kgona go tlola terata e telele jaana?

5. Go kopa thuso y Ijoo! Ke tlhasetswe ke magodu . y Bii! Batho nthusang ntlo ya me e tsewa ke diphefo .

6. Go utlwa setlhabi y Iši! Mutlwa o ntlhabile mo leotong . y Tshutshu! Ke gatile legala le le molelo .

7. Go belaela sengwe y Ao! A o raya gore dipodi di tla goroga tota?

8. Go utlwela botlhoko y Aoo! Tonki ya Modimo e bolailwe ke koloi .

9. Go tlotla motho yo mongwe y A re bo kgaogane kgabo! y Dumela kwena!

10. Go buisa batho y Bagaetsho! Ke tla a ema go le kalo gore lo botse

dipotso . y Batho betsho! Lekgotla la borre mabapi le HIV/AIDS

(Men sector) le eme ka dinao .

LeetsisiLeetsisisi ke karolo ya puo e e dirisiwang go etsa dilo tse di farologaneng . Le lone fela jaaka lelatlhelwa le senola maikutlo mme go gatelelwa bokao jwa ka fa dilo di diragalang ka teng kgotsa di lebegang ka teng .

Page 23: Mophato 3 • Bukana ya Thutapuo - longmanafrica.co.za · Mophato 3 • Bukana ya Thutapuo ... Di t Dikarolo tsa puo ... y Bana ba ga rakgadi ba mo reketse lekese la madi a a kwa

23

Dikarolo tsa puo

Dikai y Setlhare se ne sa re kgwaaa! Fa se robiwa ke diphefo tsa

matsubutsubu . y Re sa le re bona kgomo e re piriga! Mo sakeng fa tlhobolo e

sena go lela . y Tlhaga e medile e bile naga e ntse e re tala!

Maetsisi a a farologaneng 1. Maetsisi a go boelediwang dinoko

y Noga e ne ya re lelelele! Mo mosimeng . y Utlwa kodu ya maru jaaka a ntse a re tididitididi! Go

raya gore pula e tlaa na . y Pula e ntse e re sarasara! Kwa ntle .

2. Maetsisi a go lelefadiwang modumo wa bofelo. y Matlho a gagwe a rile hubee! E kare o gasitswe tšhilisi . y Keitheile o rile tuu! Ke belaela gore o akanya thata .

Tiriso ya leetsisiLeetsisi le ka dirisiwa go etsa modumo, tiragalo le tebego ya dilo tse di farologaneng .

1. Leetsisi le etsa modumo. y Ke eng se se reng ruthu! Ka fa morago ga ntlo? y E rile phala e re tshwerrr! Ba betsega ka lobelo lo

logolo . y Fa o utlwa go ntse go re šwaaaa! Jaana, go raya gore

molapo o tletse .

2. Leetsisi le etsa tiragalo y E ne ya re re atamela boSelefo ba re nyele! Re ntse re

ba lebile . y Mmutle o ne wa re betse! Ka lobelo fa o bona dintsa . y Go ne ga re gatse! Fa dirukutlhi di tsena ka kgoro ya

marekisetso . y Legadima le ne la re phatsi! Mme ga latela go thunya

ga maru .

Page 24: Mophato 3 • Bukana ya Thutapuo - longmanafrica.co.za · Mophato 3 • Bukana ya Thutapuo ... Di t Dikarolo tsa puo ... y Bana ba ga rakgadi ba mo reketse lekese la madi a a kwa

24

Dikarolo tsa puo

3. Leetsisi le etsa tebego y Lenaga le rile setlhe! Tota gatwe pula e tlaa na leng? y Fa re ntse re itisitse go ne ga re tshoo! E le jaaka o

tsamaile motlakase . y Ditamati tsa me di rile hubee! Ke raya gore di budule

go butswa .

Page 25: Mophato 3 • Bukana ya Thutapuo - longmanafrica.co.za · Mophato 3 • Bukana ya Thutapuo ... Di t Dikarolo tsa puo ... y Bana ba ga rakgadi ba mo reketse lekese la madi a a kwa

25

Tiriso ya dikarolo tsa puo

Tiriso ya dikarolo tsa puo

SediriSediri ke karolo ya puo e e leng gore mogopolo wa seele o remeletse mo go yone kgotsa re ka re se tota go buiwang ka sone mo seeleng .

Dikai y Basimane ba tshamekile kgwele ya dinao sentle maabane y Dikgomo tsa maši di busetsa dipoelo tse dikgolo mo

kgwebong . y Melao mengwe ya sekolo e bogisa ba ba sa e obameleng .

Mafoko a a mmala mo dieleng tse di fa godimo ke sediri.

SedirwaSedirwa ke karolo ya puo e e supang gore tiro e dirwa mo go yone .

Dikai y Batho ba rekisa ditlhako tsa setso kwa Gaborone . y Puso e ila kgokgontsho ya bana ba bannye thata . y Batsadi ba rata bana ba ba reetsang dikgakololo tsa bone .

Mafoko a a mmala fa godimo ke sedirwa

TiriTiri ke karolo ya puo e e senolang tiro e e diriwang mo seeleng . Ke sone se lediri e leng bontlhabongwe jwa tiri . Legokedi la sediri fa le kopana le lediri, di aga tiri .

Dikai y Ditlhare tse dileele di wetse dikoloi kwa kokelong . y Bomme ba Mookane ba kgobokanyetsa letlole la masiela

madi .

Ela tlhoko

Karolo ya puo e e

dirisiwang jaaka sediri

le sedirwa ke leina.

Page 26: Mophato 3 • Bukana ya Thutapuo - longmanafrica.co.za · Mophato 3 • Bukana ya Thutapuo ... Di t Dikarolo tsa puo ... y Bana ba ga rakgadi ba mo reketse lekese la madi a a kwa

26

Tiriso ya dikarolo tsa puo

y Baagi ba segompieno ba rata ditena tse dikhibidu fa ba aga mantle .

Tiri e tsamaisana le dipaka tse tiro e diragetseng mo go tsone .

Dikai y Batswana ba ne ba bina mmino wa setso ka Boipuso . y Thuo ya dikoko e tlaa busetsa bagwebi mo go itumedisang .

Page 27: Mophato 3 • Bukana ya Thutapuo - longmanafrica.co.za · Mophato 3 • Bukana ya Thutapuo ... Di t Dikarolo tsa puo ... y Bana ba ga rakgadi ba mo reketse lekese la madi a a kwa

27

Molokololo wa seele

Molokololo wa seeleSeele se se feletseng se tshwanetse go nna le sediri, tiri le sedirwa ka go tlhomagana ga tsone . Fa se le seleele se nna le tlhaodi e tlhaola sediri kgotsa sedirwa; le tlhalosi e tlhalosa tiri .Monna yo moleele o nyetse mosadi ngogola .Monna sediriyo moleele tlhaodio nyetse tirimosadi sedirwangogola tlhalosi

Seele fa se kgaoganngwa ka dikarolo tsa puo jaaka fa godimo, se a bo se lokololwa .

DikaiDiele tse di fa tlase di tlaa kgaoganngwa ka dikarolo tsa puo mo moalong o o fa tlase ga tsone .

y Basimane ba baleele ba rata dijo mo go feteletseng . y Kgwebo ya temo thuo e godisa itsholelo thata . y Dikoko tse di lelang di bone kgwathe mo setlhareng . y Dikhompiutara tsotlhe di nyeleditse metsotso ya phuthego

bosigo . y Basetsana ba bararo ba tsere sekgele mo kgaisanong ya

mmabontle .

Sediri Tlhaodi Tiri Sedirwa Tlhalosi

Basimane ba baleele ba rata dijo mo go feteletseng

Kgwebo ya temothuo e godisa itsholelo thata

Dikoko tse di lelang di bone kgwathe mo setlhareng

Dikhompiutara tsotlheya phuthego

di nyeleditse metsostso bosigo

Basetsana ba bararo ba tsere sekgele mo kgaisanong

Page 28: Mophato 3 • Bukana ya Thutapuo - longmanafrica.co.za · Mophato 3 • Bukana ya Thutapuo ... Di t Dikarolo tsa puo ... y Bana ba ga rakgadi ba mo reketse lekese la madi a a kwa

28

Ngotlo ya dikarolo tsa puo

Ngotlo ya dikarolo tsa puoNgotlo ke nyenyefatso ya dikarolo tsa puo di akaretsa leina, tlhaodi le letlhalosi . Megatlana ke e e latelang: /-nyana/, /-nyane/, /-ana/, /-ane/. Megatlana e ya ngotlo e ka dirisiwa ka go faapakanngwa .

Ngotlo ya maina

Leina Mogatlana /-nyana/ kana /-nyane/

Mogatlana /-ana/ kana /-ane/

koko kokonyana kokwana

podi podinyana potsane

kobo kobonyana kojwana

pampiri pampirinyana pampitshana

kolobe kolobenyana kolojwane

Ngotlo ya tlhaodi

Tlhaodi Tlhaodi e e ngotlilweng

e nala e naana

e ntsho e tshwana

tse ditshweu tse di tshwaana

e tilodi e tilotsana

e khunou e khunwana

Ngotlo ya matlhalosi

Matlhalosi Matlhalosi a a ngotlilweng

gaufi gautshwane

thata thatanyana

fa pele fa pelenyana / fa pejana

kwa morago kwa moragonyana

phakela phakelanyana

Page 29: Mophato 3 • Bukana ya Thutapuo - longmanafrica.co.za · Mophato 3 • Bukana ya Thutapuo ... Di t Dikarolo tsa puo ... y Bana ba ga rakgadi ba mo reketse lekese la madi a a kwa

29

Ngotlo ya dikarolo tsa puo

Medumo e e fetogang fa go ngotliwaFa go ngotliwa dikarolo tsa puo go dirisiwa megatlana /-ana/ kgotsa /-ane/ medumo mengwe mo dikarolong tse tsa puo e a fetoga mo lefokong le le ngotlilweng .

Karolo ya puo Karolo ya puoE e ngotlilweng

Medume e e fetogileng

molapo molatswana p > ts

phefo phešwana f > š

kobo kojwana b > j

pampiri pampitshana r > tsh

madi matsana d > ts

Kgakala Kgakajana l > j

e tilodi e tilotsana d > ts

gaufi gautshwane f > tsh

yo o botlhale yo o botlhajana l > j

Bokao jwa ngotlo 1. Ngotlo e ka kaya bonamagadi mo diphologolong. Se se

diragala fela fa go dirisiwa dithito tsa letlhaodi le tlhaola ka mmala. Bokao jo jwa ngotlo bo senoga fela mo diphologolong.

y Kgomo e naana e tsetse maabane . y Podi e phatshwana e gwetswe kgwedi e e fetileng . y Ntša e tshetlhana e rata go sireletsa dintšanyana tsa

yone .

2. Ngotlo e ka kaya lorato / boitumelo y Dipodinyana tsa me di tsetse dipotsane tse dikima ke

a go bolelela . y O ne a gata kgarejwana ya me fa a tlaa ikgapela

sekgele . y A bontle jwa ntlonyana ya gago tsala ya me .

Page 30: Mophato 3 • Bukana ya Thutapuo - longmanafrica.co.za · Mophato 3 • Bukana ya Thutapuo ... Di t Dikarolo tsa puo ... y Bana ba ga rakgadi ba mo reketse lekese la madi a a kwa

30

Ngotlo ya dikarolo tsa puo

3. Ngotlo e ka kaya lonyatso y Molatswana o, o a bo o re o ka tsaya motho? y Nkadime tlhe penenyana e e fedileng eo ya gago . y Molemi o a bo a ka re feta ka kolotsana e e

phephethang mesi jaana?

4. Ngotlo e ka kaya kutlwelobotlhoko y Mosadimogolonyana wa batho o palelwa ke go

tsamaya . y Bona jaaka dikgomo di šobotlile dijalonyana tsa me

mo go botlhoko . y Ditshwenyana tsa mogolo di tsenwe ke bolwetse .

5. Ngotlo e ka kaya bonnye jwa selo. Bokao jo bo senoga fela fa go dirisiwa dilo tse di nang le kgonagalo ya go gola jaaka bana ba ditshedi.

y Tau e rata go sireletsa ditawana tsa yone . y Kokwana e wetse mo metsing e re e a nwa . y Maebanyana a Modimo a bolailwe ke tlala ka mmaao

a sule . y Ditlhatshana tsame di a gola ka gore di a nosediwa .

Page 31: Mophato 3 • Bukana ya Thutapuo - longmanafrica.co.za · Mophato 3 • Bukana ya Thutapuo ... Di t Dikarolo tsa puo ... y Bana ba ga rakgadi ba mo reketse lekese la madi a a kwa

31

Bokao jwa dikarolo tsa puo

Bokao jwa dikarolo tsa puoDikarolo tsa puo fa di dirisitswe mo puong, di senola bokao . Bokao jwa karolo nngwe le nngwe ya puo bo laolwa ke ka fa e dirisitsweng ka teng . Gantsi bokao jwa karolo ya puo bo senola maikutlo a mokwadi kgotsa mmui .

Puisano e e fa tlase e supa bokao jwa dikarolo dingwe tsa puo .

Mokgabo: Waitseee! Mmata, ga o ka ke wa dumela se ke se buang

Nunu: Tswa ka tsone dikgang, go rileng?Mokgabo: Ke tswa go bona molekane wa me e bong Thato

a tsabakela mo kgwebong a re o dirisa lenaneo la LIMID . A nna fa fatshe a ntlhalosetsa ka fa balemisi ba mo thusitseng ka teng . A re o ne a tsaya dithuso tseo ka go di garumela mme a atlega e bile o na le dipodi di le lekgolo . Ke fa ke mo reeditse ka botswapelo .

Nunu: Ao! tsala ya me, moo ka na ke yone khumo tota . A mme ruri rona boNunu re ka kgona? Ka na dilo tse dingwe tse ga di batle matshamekwane, di batla motho yo a ka tlhoafalang jaaka Thato .

Mokgabo: Nna mma ke tla palelwa ke kgaratlhile . Ke ya go itepa lesego . Fa ke ka thusiwa ke tla ngakalala go fitlhelela ke atlega .

Karolo ya puo Bokao go ya ka tiriso

waitseee! go gakgamala

tsone go gatelela

tsabakela boitumelo / lorato / go kgatlhega

nna go iketla

garumela lorato / go tlhoafalela

botswapelo go kgatlhega / lorato

tota go gatelela

ruri go inyatsa/ go ipelaela / go itlhoboga

kgaratlhile tsholofelo

ngakalala boitshoko

Page 32: Mophato 3 • Bukana ya Thutapuo - longmanafrica.co.za · Mophato 3 • Bukana ya Thutapuo ... Di t Dikarolo tsa puo ... y Bana ba ga rakgadi ba mo reketse lekese la madi a a kwa

32

Go logagana ga puo

32

Go logagana ga puo

Dikarolo tsa puo ke mafoko le diejana.

Mafoko le diejana di aga diele tse di nang le bokao .

Diele di aga ditemana tse dinang le megopolo e e feletseng .

Ditemana di aga dipolelo, dikwalo, dipego, dipuiso le dipuisano.