microsoft ® office word 2007 katiso

65
Microsoft ® Office Word 2007 Katiso Dira ka tsela e e tshwanetseng

Upload: rob

Post on 23-Feb-2016

50 views

Category:

Documents


0 download

DESCRIPTION

Microsoft ® Office Word 2007 Katiso. Dira ka tsela e e tshwanetseng. Diteng tsa khoso. Kakaretsi: A o utlwile lefoko? Thuto 1: Itse ka ga Ribone Thuto 2: Bona ditaelo tsa letsatsi le letsatsi Thuto 3: Manaane a a sa raraanang. - PowerPoint PPT Presentation

TRANSCRIPT

Page 1: Microsoft ®  Office  Word 2007 Katiso

Microsoft® Office Word 2007 Katiso

Dira ka tsela e e tshwanetseng

Page 2: Microsoft ®  Office  Word 2007 Katiso

Diteng tsa khoso• Kakaretsi: A o utlwile lefoko?

• Thuto 1: Itse ka ga Ribone

• Thuto 2: Bona ditaelo tsa letsatsi le letsatsi

• Thuto 3: Manaane a a sa raraanang

Dithuto tsa ntlha tse pedi di akaretsa lenaane la ditiro tse di akantshiwang, mme tsotlhe di akaretsa setlhopha sa dipotso tsa tlhatlhobo.

Page 3: Microsoft ®  Office  Word 2007 Katiso

Kakaretsi: A o utlwile lefoko?

Word 2007 e ntshitswe. Khoso e e tla go thusa go dira ka tsela e e tshwanetseng.

O tla ithuta tsela ya go tlhama ditokumente tse dikgolo, tse di lebegang e le tsa boitseanape le tse di tla kgatlhang ditsala tsa gago le badirimmogo le wena.

Page 4: Microsoft ®  Office  Word 2007 Katiso

Maikaelelo a khoso eno• Dirisa Ribone — popego e ntšhwa e e dirang gore Word e

nne bonolo go feta le fa e le leng pele.

• Bona ditaelo tsa letsatsi le letsatsi, tse di tlwaelegileng tse o di tlhokang go dira tiro ya gago.

Page 5: Microsoft ®  Office  Word 2007 Katiso

Thuto 1

Itse ka ga Ribone

Page 6: Microsoft ®  Office  Word 2007 Katiso

Itse ka ga RiboneFa o bula Word 2007, selo sa ntlha se o tla se bonang ke Ribone, sebaka se se tsamayang kwa godimo ga Word.

Ribone e tlisa ditaelo tse di tlwaelegileng thata fa pele, jalo ga o tlhoke go batla mo dikarolong tse dintsi tsa porokeramo o batla dilo tsotlhe tse o di dirang nako le nako.

Seno se tla dira gore tiro ya gago e nne bonolo le gore e dire ka bofefo.

Gae

Fonto Temana

Page 7: Microsoft ®  Office  Word 2007 Katiso

Dirisa Ribone go dira ditiro tse di tlwaelegileng

Ribone e tlhofofatsa tiriso le go nolofatsa dilo, mo ditiro tsotlhe tse di tlwaelegileng di bontshiwang mo lefelong le le lengwe fela.

Ka sekai, o ka kgaola le go kgomaretsa mafoko ka go dirisa ditaelo mo thebong ya Gae; fetola fomete ya mafoko ka go dirisa Setaele; mme o fetole mmala wa lemorago la tsebe mo thebong ya Boalo jwa Tsebe.

Kgomaretsa

Gae

Fonto Temana

Page 8: Microsoft ®  Office  Word 2007 Katiso

Ke eng se se mo Riboneng?Go tlwaelana le dikarolo tse tharo tsa Ribone go tla go thusa gore o tlhaloganye gore e dirisiwa jang.

Ke dithebo, ditlhopha le ditaelo.

1

2

3

Dithebo: Ribone e na le tse supa tsa motheo go kgabaganya kwa godimo. Nngwe le nngwe ya tsone e emela lefelo la tiro.Ditlhopha: Thebo nngwe le nngwe e na le ditlhopha di le mmalwa tse di bontshang dintlha tse di tsamaisanang mmogo.Ditaelo: Taelo ke konopo, menu, kgotsa lebokoso le o ka tsenyang tshedimosetso mo go lone.

Gae

Fonto Temana

Page 9: Microsoft ®  Office  Word 2007 Katiso

Disimolodise tsa Lebokoso la Puisano mo ditlhopheng

Ditlhopha dingwe di na le motsu o monnye o o tshekaganyang mo sekhutlong se se kwa tlase ka fa mojeng se se bidiwang Sesimolodisi sa Lebokoso la Puisano .

E tobetse go bona diitlhophelwa tse dingwe gape tse di tsamaisanang le setlhopha seo. Di tla bonala mo lebokosong la tebego le le tlwaelegileng la puisano kgotsa lebokoswana la tiro le o tla le lemogang go tswa mofuteng wa pele wa Word.

Gae

Fonto Temana

Fonto

Fonto Sebaka fa Gare ga Ditlhaka

Page 10: Microsoft ®  Office  Word 2007 Katiso

Go tlhagelela dithebo tse dingwe gapeDithebo dingwe di bonala fela fa o di batla.

A re re o tsenya setshwantsho mme o batla go dira tse dingwe gape ka sone, tse di tshwanang le go se ngotla kgotsa go fetola ka fa mafoko a se dikologileng ka teng.

Ditaelo tseo di bonwa kae?

Didirisiwa tsa Setshwantsho

Fomete

Ditaele tsa Setshwantsho

Popego ya Setshwantsho

Legora la Setshwantsho

Difeleletsi tsa Setshwantsho

Page 11: Microsoft ®  Office  Word 2007 Katiso

Go tlhagelela dithebo tse dingwe gapeDithebo dingwe di bonala fela fa o di batla.

1

2

3

Tlhopha setshwantsho.

Go bonala Didirisiwa tsa Setshwantsho. Tobetsa thebo ya Fomete.

Go bonala ditlhopha le ditaelo tse dingwe le ditaelo go dirisa ditshwantsho, tse di tshwanang le setlhopha sa Ditaele tsa Setshwantsho.

Ga o tlhoke go di tsoma. Go na le moo:

Gae

Didirisiwa tsa

SetshwantshoFomete

Ditaele tsa Setshwantsho

Popego ya Setshwantsho

Legora la Setshwantsho

Difeleletsi tsa Setshwantsho

Page 12: Microsoft ®  Office  Word 2007 Katiso

Barasedirisiwa se SennyeDitaelo dingwe tsa go fometa di mosola fela thata mo o batlang gore di bonale go sa kgathalasege se o se dirang.

A re re o batla go fometa mafoko mangwe ka bofefo, mme o dira mo thebong ya Boalo jwa Tsebe.

O ka nna wa tobetsa thebo ya Gae go bona diitlhophelwa tsa go fometa, mme go na le tsela e e bofefo thata.

Boalo jwa Tsebe

A23B

Page 13: Microsoft ®  Office  Word 2007 Katiso

Barasedirisiwa se SennyeDitaelo dingwe tsa go fometa di mosola fela thata mo o batlang gore di bonale go sa kgathalasege se o se dirang.

1

2

Tlhopha mafoko a gago ka go goga ka peba ya gago, mme morago o supe se o se tlhophileng.

Baradidirisiwa e Nnye e tla bonala e fifetse. Fa o supa baradidirisiwa e Nnye, e tla bonala ka botlalo, mme o ka tobetsa itlhophelo ya go fometa mo go yone.

Boalo jwa Tsebe

A23B

Page 14: Microsoft ®  Office  Word 2007 Katiso

Baradidirisiwa ya Tiriso ya ka BofefoBaradidirisiwa ya Tiriso ya ka Bofefo ke lefelo le lennye le le kwa godimo ka fa molemeng wa Ribone.

Setshwantsho se bontsha ka fa o ka tsenyang ka gone ditaelo tsa gago tse o di ratang tsa Baradidirisiwa ya Tiriso ya ka Bofefo gore di nne teng go sa kgathalasege thebo e o leng mo go yone.

Gape o ka tlosa dikonopo mo Baradidirisiweng tsa Tiriso ya ka Bofefo.

E na le dilo tse o di dirisang gantsintsi tsatsi le letsatsi: Boloka, Dirolola, le Boeletsa.

Gae

Tsenya mo Baradidirisiweng ya Tiriso ya ka BofefoTshwanedisa Baradidirisiwa ya Tiriso ya ka Bofefo...Bontsha Baradidirisiwa ya Tiriso ya ka Bofefo ka fa tlase ga Ribone Ngotla Ribone

Page 15: Microsoft ®  Office  Word 2007 Katiso

Dikakantsho tsa go ikatisa1. Dirisa Ribone.

2. Dira gore dithebo tse dingwe di bonale, o bo o tsenye setshwantsho mme o dirise Didirisiwa tsa Setshwantsho.

3. Dirisa baradidirisiwa tse Dinnye.

4. Dirisa Baradidirisiwa ya Tiriso ya ka Bofefo.

5. Fitlha ditlhopha le ditaelo.

Page 16: Microsoft ®  Office  Word 2007 Katiso

Tlhatlhobo 1, potso 1Fa o tobetsa konopo e mo go Word 2007, go diragala eng? (Tlhopha karabo e le nngwe.)

1. O fitlha Ribone ka nakwana gore o nne le sebaka se se oketsegileng sa tokumente ya gago.

2. O dirisa fonto e kgolo thata mo mafokong a gago.

3. O bona diitlhophelo tse dingwe gape.

4. O tsenya taelo mo Baradidirisiweng ya Tiriso ya ka Bofefo.

Page 17: Microsoft ®  Office  Word 2007 Katiso

Tlhatlhobo 1, potso 1: KaraboO bona diitlhophelwa tse dingwe gape.

Gantsi go tla bonala lebokoso la puisano, mme le ka nna la lebega e le e e tshwanang le la mefuta ya pele ya Word.

Page 18: Microsoft ®  Office  Word 2007 Katiso

Tlhatlhobo 1, potso 2Baradidirisiwa ya Tiriso ya ka Bofefo e fa kae gape o ka e dirisa leng? (Tlhopha karabo e le nngwe.)

1. E mo sekhutlong sa sekerine se se kwa godimo ka fa molemeng, mme o tshwanetse go e dirisa mo ditaelong tse o di ratang.

2. E kokobala mo godimo ga mafoko a gago, mme o tshwanetse go e dirisa fa o tlhoka go dirisa diphetogo tsa go fometa.

3. E mo sekhutlong se se kwa godimo ka fa molemeng mo sekerineng, mme o tshwanetse go e dirisa fa o tlhoka go bula tokumente ka bofefo.

4. E mo thebong ya Gae, mme o tshwanetse go e dirisa fa o tlhoka go simolodisa ka bofefo kgotsa go simolola tokumente e ntšhwa.

Page 19: Microsoft ®  Office  Word 2007 Katiso

Tlhatlhobo 1, potso 2: KaraboE mo sekhutlong sa sekerine se se kwa godimo ka fa molemeng, mme o tshwanetse go e dirisa mo ditaelong tse o di ratang.

Ke baradidirisiwa e nnye e e nang le konopo ya Boloka, Dirolola, le Boeletsa. O ka nna wa tsenya ditaelo tsa gago tse o di ratang ka go tobetsa taelo le go tlhopha Tsenya mo Baradidirisiweng ya Tiriso ya ka Bofefo.

Page 20: Microsoft ®  Office  Word 2007 Katiso

Tlhatlhobo 1, potso 3Baradidirisiwa e Nnye e tla bonala fa o dirisa eng sa tse di latelang? (Tlhopha karabo e le nngwe.)

1. Tobetsa gabedi mo thebong e e butsweng mo Riboneng.

2. Tlhopha mafoko.

3. Tlhopha mafoko o bo o a supa.

4. Nngwe fela ya tse di fa godimo.

Page 21: Microsoft ®  Office  Word 2007 Katiso

Tlhatlhobo 1, potso 3: KaraboTlhopha mafoko o bo o a supa.

E tla bonala gape fa o tobetsa mafoko a a tlhophilweng gabedi ka fa mojeng.

Page 22: Microsoft ®  Office  Word 2007 Katiso

Thuto 2

Bona ditaelo tsa letsatsi le letsatsi

Page 23: Microsoft ®  Office  Word 2007 Katiso

Bona ditaelo tsa letsatsi le letsatsiWord 2007 e ntšhwa, mme ke se se kgatlhisang. Mme go na le dilo tse o tshwanetseng go di dira.

Jalo jaanong ke nako ya go batla fa ditaelo tse di dirisiwang gantsi ka tlwaelo di leng teng tota.

Ka sekai, o tlhamela tokumente fa kae? Marungwana, ditaele, le setlhatlhoba mopeleto di fa kae? Go tweng ka go gatisa?

Thuto e e tla bontsha gore tebego ya porokeramo e ntšhwa e baya ditaelo tseo fa o di tlhokang teng tota.

Page 24: Microsoft ®  Office  Word 2007 Katiso

Simolola Konopo ya Microsoft Office

Jaanong Konopo ya Microsoft Office ke fa o tshwanetseng go simolola teng mo Word.

Fa o e tobetsa, go bonala menu o o o dirisang go tlhama, go bula, kgotsa go boloka tokumente.

Gae

E Ntšhwa

Bula

Phasalatsa

Tswala

Diitlhophelwa tsa Word

Tswaya mo Word

Ditokumente tsa Bošweng

Page 25: Microsoft ®  Office  Word 2007 Katiso

Go tweng ka ditaele?A o na le kgatlhego mo tirisong e e maatla thata le e e botswerere ya go fometa go na le ditaelo tsa bontsho le ditlhakatshekamo?

O tla tshwanela go itse ka ga ditaele mo Word e ntšhwa.

O ka tlhopha Setaele sa Potlako se se diretsweng ruri kgotsa wa dirisa setaele se o se dirileng pele.

¶ Tlwaelo ¶ Ga gona...

Setlhogo 1 Setlhogo 2

Ditaele

Page 26: Microsoft ®  Office  Word 2007 Katiso

Go tweng ka ditaele?O dirisa ditaele mo thebong ya Gae, mo setlhopheng sa Ditaele.

1 Ditaele tsa potlako di diretswe ruri, ditaele tse di lebegang e le tsa boitseanape tse di dirisiwang ka potlako le bonolo. Mme di lebega ka tsela e ntšhwa mo mofuteng o wa Word. Tobetsa konopo e go bona Ditaele tsa Potlako di le mmalwa tse di siametseng go dirisiwa. Tobetsa Sesimolodi sa Lebokoso la Puisano go bula lebokoswana la Ditaele.

2

3

Setshwantsho se bontsha gore o ka bona jang ditaele tse o di batlang.

¶ Tlwaelo ¶ Ga gona...

Setlhogo 1 Setlhogo 2

Ditaele

Page 27: Microsoft ®  Office  Word 2007 Katiso

Sepenta FometeTaelo e nngwe ya go fometa ya potlako ke Sepenta Fomete.

E ka fa molemeng thata wa thebo ya Gae, mo setlhopheng sa Peelodimamaretswa.

Fa e le gore ga o a tlwaelana le Sepenta Fomete, ke tsela e e bofefo ya go boeletsa go fometa go tswa kgaolong e nngwe go ya go e nngwe.

Go dirisa Sepenta Fomete, baya khesara mo mafokong a o batlang go kopisa fomete ya one o bo o tobetsa konopo ya Sepenta Fomete.

Gae

Fonto TemanaPeelodimamaretswa

Page 28: Microsoft ®  Office  Word 2007 Katiso

Selaolabogolo Fa o sena go tsenya sengwe, o ka nna wa leba dintlha ka kelotlhoko.

Jalo e le ruri o tla batla go itse gore o bone fa kae taolo ya bogolo.

Leba mo sekhutlong se se kwa tlase ka fa mojeng. Gogela selaolaboleng ka fa mojeng go godisa, o bo o se gogela ka fa molemeng go ngotla.

Page 29: Microsoft ®  Office  Word 2007 Katiso

A o siametse go gatisaO siametse go gatisa-a mme tota go ntse jalo?

Santlha go botlhale go tlhatlhoba ka fa ditsebe tsa gago di rulaganyeditsweng segatisi ka gone.

Sengwe le sengwe se o se batlang mo thebong ya Boalo jwa Tsebe.

Setlhopha sa Thulagano ya Tsebe se na le Bogolo (8.5 x 11, A4, jalo le jalo), Kemotsebe (Boemophara le kemotsepamo), le Melelwane.

Boalo jwa Tsebe

Intente

Page 30: Microsoft ®  Office  Word 2007 Katiso

Ee, o siametse go gatisaFa o setse o siame tota go gatisa, boela morago kwa go Konopo ya Microsoft Office.

1 Fa o tobetsa taelo ya Gatisa, o tla bona lebokoso la puisano la Gatisa. Jaanong supa motsu ka fa mojeng wa taelo ya Gatisa go na le, mme o tla bona ditaelo tse dingwe tse tharo.

Nna o gopotse gore o na le diitlhophelwa:

Gae

E Ntšhwa

Bula

Boloka

Boloka E le...

Gatisa

Lebapele o bo o gatisa tokumente

Gatisa

Kgatiso ka Bofefo

Tebopele ya Kgatiso

Tlhopha segatisi, palo ya dikhopi, le diitlhophelwa tse dingwe tsa go gatisa pele ga o gatisa.

Romela tokumente ka tlhamalalo kwa segatising se se rulaganyeditsweng ruri o sa dire diphetolo.Lebapele o bo o dire diphetolo mo ditsebeng pele ga o gatisa

Page 31: Microsoft ®  Office  Word 2007 Katiso

Ee, o siametse go gatisaFa o setse o siame tota go gatisa, boela morago kwa go Konopo ya Microsoft Office.

2

3

GatisaKgatiso ka BofefoTebopele ya Kgatiso

Nna o gopotse gore o na le diitlhophelwa:

4

Gae

E Ntšhwa

Bula

Boloka

Boloka E le...

Gatisa

Lebapele o bo o gatisa tokumente

Gatisa

Kgatiso ka Bofefo

Tebopele ya Kgatiso

Tlhopha segatisi, palo ya dikhopi, le diitlhophelwa tse dingwe tsa go gatisa pele ga o gatisa.

Romela tokumente ka tlhamalalo kwa segatising se se rulaganyeditsweng ruri o sa dire diphetolo.

Lebapele o bo o dire diphetolo mo ditsebeng pele ga o gatisa

Page 32: Microsoft ®  Office  Word 2007 Katiso

Tse di sa bonwengDipopego tsotlhe tse o di dirisang tsatsi le letsatsi mo go Word di mo Riboneng e bile di bonolo go bonwa.

Jalo dithulaganyo tse di sa bonweng tse e seng ka ga go dira ditokumente di fa kae, mme e le tse di laolang ka fa Word e dirang ka teng?

Gae

E Ntšhwa

Bula

Phasalatsa

Tswala

Diitlhophelwa tsa Word

Tswaya mo Word

Ditokumente tsa Bošweng

Page 33: Microsoft ®  Office  Word 2007 Katiso

Tse di sa bonwengO laola jang ka fa Word e Dirang ka teng?

Dithulaganyo tseno tsotlhe ke karolo ya Diitlhophelwa tsa Word, tse o di bonang fa o tobetsa konopo ya Diitlhophelwa tsa Word .

Di mo menung o o bulang fa o tobetsa Konopo ya Microsoft Office.

Gae

E Ntšhwa

Bula

Phasalatsa

Tswala

Diitlhophelwa tsa Word

Tswaya mo Word

Ditokumente tsa Bošweng

Page 34: Microsoft ®  Office  Word 2007 Katiso

Dikakantsho tsa go ikatisa1. Tsenya lenaane la marungwana.

2. Dirisa Ditaele tsa ka Potlako, o bo o katoga go bona diphetolo tsotlhe.

3. Fetola sete ya Setaele sa ka Potlako.

4. Dirisa Sepenta Fomete.

5. Dira diphetolo ka kakaretso ka thebo ya Boalo jwa Tsebe. Jaanong leka dithebo tse dingwe.

6. Gatisa ka ditsela tsa mefuta yotlhe.

Page 35: Microsoft ®  Office  Word 2007 Katiso

Tlhatlhobo 2, potso 1O ka dirisa lenaane la marungwana o dirisa ditaelo tse di mo setlhopheng sefe mo thebong efe? (Tlhopha karabo e le nngwe.)

1. Mo setlhopheng sa Temana mo thebong ya Boalo jwa Tsebe.

2. Mo setlhopheng sa Temana mo thebong ya Gae.

3. Mo setlhopheng sa Matshwao mo thebong ya Tsenya.

4. Mo setlhopheng sa Mafoko mo thebong ya Tsenya.

Page 36: Microsoft ®  Office  Word 2007 Katiso

Dira ka tsela e e tshwanetseng

Tlhatlhobo 2, potso 1: KaraboMo setlhopheng sa Temana mo thebong ya Gae.

Fa ke fa o dirisang manaane a a marungwana gone. Ntlha: Gape o ka dirisa manaane a marungwana ka go dirisa baradidiriswa e Nnye.

Page 37: Microsoft ®  Office  Word 2007 Katiso

Tlhatlhobo 2, potso 2O tlhopha jang diitlhophelwa tsa go gatisa mo mofuteng o montšhwa wa Word? (Tlhopha karabo e le nngwe.)

1. Tobetsa konopo ya Gatisa mo Riboneng .

2. Tobetsa konopo ya Gatisa mo go Baradidirisiwa ya Tiriso ka Potlako.

3. Dirisa Konopo ya Microsoft Office.

4. Seitlhophelwa sa ntlha kgotsa sa bobedi se se fa godimo.

Page 38: Microsoft ®  Office  Word 2007 Katiso

Tlhatlhobo 2, potso 2: KaraboDirisa Konopo ya Microsoft Office.

Fa ke fa o bulang Tebopele ya Kgatiso gone gape.

Page 39: Microsoft ®  Office  Word 2007 Katiso

Dira ka tshwanelo

Tlhatlhobo 2, potso 3Ke sekhutlo sefe se se nang le taolo ya bogolo? (Tlhopha karabo e le nngwe.)

1. Mojeng kwa Godimo.

2. Molema kwa Godimo.

3. Molema kwa Tlase.

4. Moja kwa Tlase.

Page 40: Microsoft ®  Office  Word 2007 Katiso

Tlhatlhobo 2, potso 3: KaraboMoja kwa Tlase.

Mo sekhutlong se se ka fa mojeng kwa godimo ke taolo e o e dirisang go godisa le go ngotla. Gape o ka dirisa menu wa Tebego go bona ditaolo tsa bogolo.

Page 41: Microsoft ®  Office  Word 2007 Katiso

Thuto 3

Manaane a a bonolo

Page 42: Microsoft ®  Office  Word 2007 Katiso

Manaane a a bonoloManaane ke karolo e e nang le mosola ya tokumente nngwe le nngwe, o ka tswa o sobokanya tshedimosetso kgotsa o dira gore go nne bonolo go e tlhaloganya.

Manaane a dinomoro a botlhokwa go bontsha tlhatlhamano ya tshedimosetso. Fa e le gore ga o re sepe ka tlhatlhamano, lenaane la marungwana e ka nna lone le le botoka.

Manaane e ka nna a mola-mongwe, o dintlha tsotlhe tsa one di leng mo seemong se se tshwanang le go intentiwa; kgotsa e ka nna ya melamentsi, se se rayang gore go nna le lenaane mo lenaaneng.

• Mercury• Venus•

Lefatshe• Mars

1. Mercury2. Venus3. Lefatshe4. Mars

• Mercury• Venus• Lefatshe

• Ngwedi• Mars

• Phobos• Deimos

Page 43: Microsoft ®  Office  Word 2007 Katiso

Tlhama manaane fa o ntse o tlanyaGo na le tsela e le nngwe ya go simolola lenaane, mme nngwe ya tse di tlwaelegileng ke go tlhama lenaane ka go itirisa fa o ntse o tlanya.

Fa e le gore o batla lenaane la marungwana, tlanya fela naletsana (*) e latelwa ke sebaka. Naletsana e fetoga lerungwana, mme o bo o simolola lenaane la gago.

Fa o sena go fetsa go tlanya ntlha ya ntlha mo lenaaneng la gago, tobetsa ENTER, mme lerungwana le le ntšhwa le tlhaga mo moleng o o latelang.

Sebaka Paka PakaA

• Mercury• Venus•

Lefatshe• Mars

1. Mercury2. Venus3. Lefatshe4. Mars

a. Mercuryb. Venusc. Lefatshed. Mars

Page 44: Microsoft ®  Office  Word 2007 Katiso

Tlhama manaane fa o ntse o tlanyaGo na le tsela e le nngwe ya go simolola lenaane, mme nngwe ya tse di tlwaelegileng ke go tlhama lenaane ka go itirisa fa o ntse o tlanya.

Gore o tlhame manaane a dinomoro ka go itirisa, tlanya nomoro ya nngwe le khutlo (1.), e latelwa ke sebaka. Se se ntšhwa mo Word 2007; mo mefuteng ya pele, o ne o tshwanela go tobetsa ENTER pele ga lenaane le simolola.

Sebaka Paka PakaA

• Mercury• Venus•

Lefatshe• Mars

1. Mercury2. Venus3. Lefatshe4. Mars

a. Mercuryb. Venusc. Lefatshed. Mars

Page 45: Microsoft ®  Office  Word 2007 Katiso

Tlhama manaane fa o ntse o tlanyaGo na le tsela e le nngwe ya go simolola lenaane, mme nngwe ya tse di tlwaelegileng ke go tlhama lenaane ka go itirisa fa o ntse o tlanya.

Ka gonne manaane a ditlhaka e le mofuta o mongwe fela wa manaane a dinomoro, tlanya tlhaka e le khutlo (a.), e latelwa ke sebaka, go simolola lenaane la ditlhaka.

Sebaka Paka Paka

• Mercury• Venus•

Lefatshe• Mars

1. Mercury2. Venus3. Lefatshe4. Mars

a. Mercuryb. Venusc. Lefatshed. Mars

A

Page 46: Microsoft ®  Office  Word 2007 Katiso

Manaane a go emisaO tsentse ntlha ya bofelo mo lenaaneg la gago. Jaanong o fetsa jang lenaane le go emisa marungwana kgotsa dinomoro gore di seka tsa tlhaga?

Setshwantsho se bontsha ditsela tse di siameng thata tsa go dira jalo.

Tsela e e bonolo thata ya go emisa go dira lenaane ke go tobetsa ENTER gabedi, jaaka go bontshitswe ka fa molemeng.

Fa e le gore o batla sengwe se se farologaneng go sekae, ka sekai, mafoko a a intentilweng a le mo seemong se se tshwanang le mafoko kgotsa lerungwana le le fa godimo ga one, dirisa taetsi ya BACKSPACE.

• Mercury• Venus•

Lefatshe• Mars• Jupiter• Saturn• Uranus•

Neptune

• Mercury• Venus•

Lefatshe• Mars• Jupiter• Saturn• Uranus•

NeptuneEnter Backspace

Page 47: Microsoft ®  Office  Word 2007 Katiso

Go dirisa ditemana mo manaaneng; go kgomaretsa manaane

A re re o tlhama lenaane la dinomoro kgotsa la marungwana mme o batla gore dintlha dingwe tsa lenaane di akaretse ditemananyana, jaaka go bontshitswe mo setshwantshong se.

Go na le ditsela di le mmalwa tsa go dira se; se o se tlhophang se ikaegile ka seemo sa tokumente ya gago le se o se batlang.

Ditemana tse e seng manaane

Page 48: Microsoft ®  Office  Word 2007 Katiso

Go dirisa ditemana mo manaaneng; go kgomaretsa manaane

A re re o tlhama lenaane la dinomoro kgotsa la marungwana mme o batla gore dintlha dingwe tsa lenaane di akaretse ditemananyana, jaaka go bontshitswe mo setshwantshong se.

• O ka tlhama ditemanapotlana mo lenaaneng ka go tobetsa SHIFT+ENTER, go na le ENTER fela, go fetsa boloko bongwe le bongwe jwa e e latelang.

• Gore o tsweledise lenaane morago ga ditemanapotlana, tlanya nomoro e e latelang e latelwa ke khutlo; lenaane le tla tswelela ka go itirisa.

Ditemana tse e seng manaane

Page 49: Microsoft ®  Office  Word 2007 Katiso

Marungwana kgotsa dinomoro? O tsere mofuta o o sa siamang wa lenaane? O simolotse ka marungwana mme jaanong o akanya gore dinomoro ke tsone tse di botoka, kgotsa ka dinomoro jaanong o akanya gore go botoka marungwana?

O se ka wa tshwenyega, go bonolo go tswa go e nngwe go ya go e nngwe.

Tobetsa golo gongwe fela mo lenaaneng, o bo o tobetsa konopo ya Marungwana kgotsa Dinomoro mo Riboneng.

Gae

Fonto Temana

|• Mercury• Venus

Page 50: Microsoft ®  Office  Word 2007 Katiso

Marungwana kgotsa dinomoro? Gape o ka dirisa dikonopo tse go simolola manaane a mašwa.

Tobetsa konopo o bo o simolole go tlanya go dira ntlha ya lenaane la gago la ntlha kgotsa tlhopha mafoko a o setseng o a tlantse o bo o tobetsa konopo ya Marungwana kgotsa Dinomoro go fetolela temana nngwe le nngwe go nna ntlha ya lenaane.

Gae

Fonto Temana

• Mercury• Venus

Page 51: Microsoft ®  Office  Word 2007 Katiso

Tlhatlhobo 3, potso 1Lenaane la mola-mongwe ke eng?

1. Lenaane le le senang manaanepotlana mo ntlhaneng epe e le nngwe.

2. Lenaane la lerungwana lengwe le lengwe kgotsa nomoro tse di intentilweng ka go tshwana.

3. Lenaane la ntlha e le nngwe fela.

4. Lenaane le le dirisang dinomoro fela, e seng marungwana.

Page 52: Microsoft ®  Office  Word 2007 Katiso

Tlhatlhobo 3, potso 1: KaraboLenaane le le senang manaanepotlana mo ntlheng epe e le nngwe.

Lenaane la mola-mongwe ga le na manaane mo manaaneng!

Page 53: Microsoft ®  Office  Word 2007 Katiso

Tlhatlhobo 3, potso 2Ke eng se o tshwanetseng go se tlanya gore o tlhame lenaane la marungwana ka go itirisa le le dirisang lerontho le le ntsho e le mofuta wa lenaane? (Tlhopha karabo e le nngwe.)

1. 1. le sebaka

2. @ le sebaka

3. a. le sebaka

4. * le sebaka

Page 54: Microsoft ®  Office  Word 2007 Katiso

Tlhatlhobo 3, potso 2: Karabo* le sebaka.

Tlanya naletsana e latelwa ke sebaka, mme o tla bo o dule mo marungwaneng.

Page 55: Microsoft ®  Office  Word 2007 Katiso

Tlhatlhobo 3, potso 3O tshwanetse go rulaganya temana e ntšhwa jang gore mafoko a intentiwe sekgala se se lekanang le mafoko a mo ntlheng ya lenaane la marungwana le le fa godimo? (Tlhopha karabo e le nngwe.)

1. Fetsa lenaane, o bo o dirisa diintente mo rulareng go rulaganya fa temana e ntšhwa e simologang teng.

2. Tsenya ntlha e ntšhwa ya lenane, o bo o tobetsa BACKSPACE go tlosa lerungwana.

3. Tsenya ntlha e ntšhwa ya lenaane, o bo o tobetsa BACKSPACE gabedi.

4. Tsenya ntlha e ntšhwa ya lenaane, o bo o tobetsa ENTER gape.

Page 56: Microsoft ®  Office  Word 2007 Katiso

Tlhatlhobo 3, potso 3: KaraboTsenya ntlha e ntšhwa ya lenaane, o bo o tobetsa BACKSPACE go tlosa lerungwana.

E ke tsela e e bonolo thata ya go dira temana e e intentilweng.

Page 57: Microsoft ®  Office  Word 2007 Katiso

Thuto 4

Go tsenya legora, go fifatsa, kgotsa sefeleletsi se se tlatsang

Page 58: Microsoft ®  Office  Word 2007 Katiso

Go tsenya legora, go fifatsa, kgotsa sefeleletsi se se tlatsang

Magora, go fifatsa, le difeleletsi tse di tlatsang tsa go kgabisa ga se tsa makwalodikgang a malatsi a boikhutso fela. Word e na le setlhopha sa diitlhophelwa tsa go foreima le go totobatsa mafoko, manaanethalo le disele tsa manaanethalo, ditshwantshokaedi, le ditsebe ka botlalo.

Thuto e e simolola diitlhophelwa tse di diretsweng ruri tse le tse di tshwanedisitsweng le go go bontsha metheo ya tsela ya go di tsenya mo tokumenteng ya gago.

Legora le le kgabisang la tsebe le setshwantshokaedi la setlatsi sa koketsegommala

Page 59: Microsoft ®  Office  Word 2007 Katiso

Magora a tsebe

O ka tsenya magora a a tletseng kgotsa karolo ya one mo karolong nngwe fela ya tsebe nngwe fela ya tokumente. Word e na le magora a tsebe a a farologaneng a a agetsweng mo teng, go simolola ka a sekakgwebo go ya go a go kgabisa.

Tokumente e e nang le legora la tsebe ya setshwantshokaedi

Page 60: Microsoft ®  Office  Word 2007 Katiso

Magora a tsebe

O ka tlhopha:

• Mofuta wa legora ka kakaretso, go tswa go lebokoso le le bonolo go ya go 3-D e e nang le moriti go ya go setaele se se tshwanedisitsweng sa tlhamo ya gago.

• Setaele sa mola, mmala, le bokima.• Setaele sa botswerere, se se ka kgatlhang fa tokumente ya gago e se ya

semolao kgotsa e e golagantsweng le moletlo o o kgethegileng, tiragalo kgotsa letsatsi la boikhutso.

Boalo jwa Tsebe

Magora le go Fifatsa

Magora Magora a Tsebe Go FifatsaThulaganyo Setaele

Mmala

Bophara

SetshwantshanaDirisa mo go

Diitlhophelwa

OK Khansela

Tebopele

Page 61: Microsoft ®  Office  Word 2007 Katiso

Magora le go fifatsa mafoko

O ka tsenya magora le go fifatsa mo karolong e kgolo ya mafoko ka tsela e e botlhale kgotsa ditshwantshokaedi go a farologanya.

Lebokoso la puisano la Magora le go Fifatsa le lone le ka fitlhelelwa ka konopo e e mo setlhopheng sa Temana mo thebong ya Gae

Boalo jwa Tsebe Magora le go Fifatsa

Magora Magora a Tsebe Go FifatsaThulaganyo Setaele

Mmala

Bophara

SetshwantshanaDirisa mo go

Diitlhophelwa

OK Khansela

Tebopele

Page 62: Microsoft ®  Office  Word 2007 Katiso

Tlhatlhobo 4, potso 1Tsela e e bonolo thata ya go tsenya legora mo tsebeng ke efe? (Tlhopha karabo e le nngwe.)

1. Thala lebokoso go dikologa tsebe.

2. Tobetsa konopo ya Magora a Tsebe mo setlhopheng sa Lemorago la Tsebe mo thebong ya Boalo jwa Tsebe

3. Thala lenaneothalo go dikologa tsebe

Page 63: Microsoft ®  Office  Word 2007 Katiso

Tlhatlhobo 4, potso 1: KaraboTobetsa konopo ya Magora a Tsebe mo setlhopheng sa Lemorago la Tsebe mo thebong ya Boalo jwa Tsebe

Gape o ka tlhopha konopo ya Magora mo setlhopheng sa Temana mo thebong ya Gae

Page 64: Microsoft ®  Office  Word 2007 Katiso

Tlhatlhobo 4, potso 2O ka dirisang jaaka legora la tsebe? (Tlhopha karabo e le nngwe.)

1. Mefuta e e farologaneng ya legora, e e tshwanang le ya Melobotharo le e e nang le moriti.

2. Ditaele tsa mela e e tshwanedisitsweng, mmala, le bokima.

3. Magora a ditshwantshokaedi.

4. Tsotlhe tse di fa godimo.

Page 65: Microsoft ®  Office  Word 2007 Katiso

Tlhatlhobo 4, potso 2: KaraboTsotlhe tse di fa godimo.

O ka tlhoma mefuta e e farologaneng ya magora, ditaele tsa mela, mmala, le bokima. Gape o ka tlhoma legora la setshwantshokaedi la mekete e e kgethegileng kgotsa ditiragalo.