microsoft ® office powerpoint ® 2007 katiso

83
Microsoft ® Office PowerPoint ® 2007 Katiso Tlhama pontsho ya gago ya ntlha

Upload: lea

Post on 24-Feb-2016

58 views

Category:

Documents


0 download

DESCRIPTION

Microsoft ® Office PowerPoint ® 2007 Katiso. Tlhama pontsho ya gago ya ntlha. Diteng tsa khoso. Kakaretsi : Ipaakanyetse go dirisa tsa motheo Thuto 1: Tlhama diselaete tsa gago Thuto 2: Tlhopha setlhogo , tsenya diteng tse dingwe gape - PowerPoint PPT Presentation

TRANSCRIPT

Page 1: Microsoft ®  Office  PowerPoint ®  2007 Katiso

Microsoft® Office PowerPoint® 2007 Katiso

Tlhama pontsho ya gago ya ntlha

Page 2: Microsoft ®  Office  PowerPoint ®  2007 Katiso

Diteng tsa khoso• Kakaretsi: Ipaakanyetse go dirisa tsa motheo

• Thuto 1: Tlhama diselaete tsa gago

• Thuto 2: Tlhopha setlhogo, tsenya diteng tse dingwe gape

• Thuto 3: Tseleganyo, kgatiso le go baakanyetsa pontsho

Thuto nngwe le nngwe e akaretsa lenaane la ditiro tse di akantshitsweng le setlhopha sa dipotso tsa tlhatlhobo.

Page 3: Microsoft ®  Office  PowerPoint ®  2007 Katiso

Kakaretsi: Ipaakanyetse go dirisa tsa motheo

A kopilwe go rulaganya pontsho ya PowerPoint, mme ga o itse gore o simolole jang?

Khoso e e tla go ruta sengwe le sengwe se o tshwanetseng go se itse go tlhama le go bontsha pontsho.

O tla bona ka fa diselaete di tlhamiwang ka teng, go tsenya diteng mo go tsone, le go dira gore di lebege sentle. Morago o tla ithuta gore o dira jang go baakanya dintlha tsa sebui le dipampitshana tse di neelwang le go ipaakanyetsa go bontsha.

Page 4: Microsoft ®  Office  PowerPoint ®  2007 Katiso

Boikaelelo jwa khoso eno• Tlhama diselaete le mafoko.

• Tsenya ditshwantsho le diteng tse dingwe.

• Dirisa setlhogo sa tebego yotlhe ya pontsho.

• Gatisa dipampitshana tse di neelwang le dintlha.

• Baakanyetsa go bontsha pontsho.

Page 5: Microsoft ®  Office  PowerPoint ®  2007 Katiso

Thuto 1

Tlhama diselaete tsa gago

Page 6: Microsoft ®  Office  PowerPoint ®  2007 Katiso

Tlhama diselaete tsa gagoSe ke sekai sa ka fa fensetere ya PowerPoint e lebegang ka teng.

Thuto e e tla go naya ketapele ya fensetere le go go thusa gore o ikutlwe o kgona go dira moo sentle.

Gape o tla bona ka ga diselaete tse di ntšhwa di tsenngwang ka teng, go tlhopha setshwano sa selaete, le go tsenya mafoko gammogo le go dirisa diselaete tsa pontsho e nngwe gape.

Labofelo, o tla bona ka fa dintlha di baakanngwang ka teng jaaka o tlhama pontsho, tse o ka lebisang go tsone fa o naya pontsho.

Tobeletsa setlhgo

Tobetsa go tsenya setlhogwana

Tobetsa go tsenya dintlha

Page 7: Microsoft ®  Office  PowerPoint ®  2007 Katiso

Itse sebakatiro sa gagoE ke tebego e e bulegang lantlha fa o bula PowerPoint. E bidiwa tebego e e Tlwaelegileng.

O direla fano go tlhama diselaete.

1

2

Lebokoswana la selaete ke lefelo le legolo le le fa gare. O direla mo selaeteng ka tlhamalalo mo sebakeng se.

Mo selaeteng, mabokoso a magora a marontho a bidiwa diemedi. Fano ke fa o tlanyang teng mafoko gone, o tsenyang setshwantshana, kgotsa o tsenya diteng tse dingwe gone.

Go na le mafelo a le mararo a konokono mo tebegong e e Tlwaelegileng.

Tobeletsa setlhgo

Tobetsa go tsenya setlhogwana

Tobetsa go tsenya dintlha

123

4

Page 8: Microsoft ®  Office  PowerPoint ®  2007 Katiso

Itse sebakatiro sa gagoE ke tebego e e bulegang lantlha fa o bula PowerPoint. E bidiwa tebego e e Tlwaelegileng.

O direla fano go tlhama diselaete.

Ka fa molemeng go na le mefuta e mennye, kgotsa setshwantshana, ya diselaete mo pontshong ya gago, go totobaditswe e o dirang mo go yone. Lefelo le ke thebo ya Diselaete.

Go na le mafelo a le mararo a konokono mo tebegong e e Tlwaelegileng.

3

Tobeletsa setlhgo

Tobetsa go tsenya setlhogwana

Tobetsa go tsenya dintlha

123

4

Page 9: Microsoft ®  Office  PowerPoint ®  2007 Katiso

Itse sebakatiro sa gagoE ke tebego e e bulegang lantlha fa o bula PowerPoint. E bidiwa tebego e e Tlwaelegileng.

O direla fano go tlhama diselaete.

Mo lefelong le le fa tlase mo lebokoswaneng la dintlha, mo o tlanyang dintlha teng tse o tla lebisang go tsone fa o dira pontsho.

Go na le mafelo a le mararo a konokono mo tebegong e e Tlwaelegileng.

4

Tobeletsa setlhgo

Tobetsa go tsenya setlhogwana

Tobetsa go tsenya dintlha

123

4

Page 10: Microsoft ®  Office  PowerPoint ®  2007 Katiso

Tsenya diselaete tse di ntšhwaFa PowerPoint e bula, go na le selaete se le sengwe fela mo pontshong.

O tsenya diselaete tse dingwe.

Tsela e e bonalang sentle ya go tsenya selaete se se ntšhwa ke ya go tobetsa Selaete se se Ntšhwa mo thebong ya Gae, jaaka setshwantsho se bontsha.

Gae Gae

Page 11: Microsoft ®  Office  PowerPoint ®  2007 Katiso

Tsenya diselaete tse di ntšhwaFa PowerPoint e bula, go na le selaete se le sengwe fela mo pontshong.

O tsenya diselaete tse dingwe.

Go na le ditsela di le pedi tsa go dirisa konopo ya Selaete se se Ntšhwa:

1 Fa o tobetsa karolo e e kwa godimo ya konopo, mo go nang le aekhone ya selaete gone, go tsenngwa selaete se se ntšhwa fela ka fa tlase ga selaete se se tlhophilweng mo thebong ya Diselaete.

Gae Gae

Page 12: Microsoft ®  Office  PowerPoint ®  2007 Katiso

Tsenya diselaete tse di ntšhwaFa PowerPoint e bula, go na le selaete se le sengwe fela mo pontshong.

O tsenya diselaete tse dingwe.

Go na le ditsela di le pedi tsa go dirisa konopo ya Selaete se se Ntšhwa:

2 Fa o tobetsa karolo e e kwa tlase ya konopo, o bona sekhutlwanapontsho sa mefuta ya setshwano sa selaete. O tlhopha setshwano, mme selaete se tsenngwa ka setshwano seo.

Gae Gae

Page 13: Microsoft ®  Office  PowerPoint ®  2007 Katiso

Tsenya diselaete tse di ntšhwaFa o tsenya selaete o sa tlhopha setshwano, PowerPoint e dirisa sengwe sa tsone ka go itirisa fela.

O ka nna wa se fetola fa o batla: Tobetsa ka fa mojeng wa selaete se se nang le setshwano se o batlang go se dirisa jaanong, mme o bo o supa Setshwano.

Gae Gae

Page 14: Microsoft ®  Office  PowerPoint ®  2007 Katiso

Tlhopha mefuta ya diselaeteMofuta wa selaete o rulaganya diteng tsa selaete.

Ka sekai, o ka batla ka bobedi lenaane gammogo le setshwantsho mo selaeteng, kgotsa setshwantsho le kakgetlopotlana.

Mefuta ya setshwano e na le mefuta e e farologaneng ya dieemedi le dithulaganyo tsa dieemedi go tshegetsa diteng dingwe fela.

Tobeletsa setlhgoTobeletsa setlhgo

Tobetsa go tsenya setlhogwana

Tobetsa go tsenya mafoko

Page 15: Microsoft ®  Office  PowerPoint ®  2007 Katiso

Tlhopha mefuta ya diselaeteSetshwantsho se bontsha mefuta ya setshwano e e similolang PowerPoint ka go itirisa fela.

1

2

Setshwano sa Selaete sa Setlhogo, se se bontshitsweng fano jaaka se lebega mo dikhutlwanapontshong tsa mefuta ya setshwano, e bontshiwa mo selaeteng sa ntlha mo pontshong (se se setseng se le teng fa o simolola).

Mo selaeteng, setshwano sa Selaete sa Setlhogo se na le diemedi tsa setlhogo le setlhogwana.

Tobeletsa setlhgoTobeletsa setlhgo

Tobetsa go tsenya setlhogwana

Tobetsa go tsenya mafoko

Page 16: Microsoft ®  Office  PowerPoint ®  2007 Katiso

Tlhopha mefuta ya diselaeteSetshwantsho se bontsha mefuta ya setshwano e e similolang PowerPoint ka go itirisa fela.

Setshwano se go ka nnang ga diragala gore o se dirise thata mo diselaeteng tse dingwe se bidiwa Setlhogo le Diteng, se se bontshitsweng fano jaaka se lebega mo sekhutlwanapontshong sa mefuta ya setshwano.

3

4 Mo selaeteng, setshwano se se na le seemedi sa setlhogo sa selaete, mme sa bobedi, se na le seemedi sa sengwe le sengwe se se nang le mafoko gammogo le diaekhone di le mmalwa.

Tobeletsa setlhgoTobeletsa setlhgo

Tobetsa go tsenya setlhogwana

Tobetsa go tsenya mafoko

Page 17: Microsoft ®  Office  PowerPoint ®  2007 Katiso

Tlanya mafoko a gagoMo seemeding se se ka dirisediwang sengwe le sengwe se se bontshitsweng mo nakong e e fetileng, o ka tsenya ditlhakakaelo tsa setshwantshokaedi kgotsa mafoko.

A re bue ka mafoko a a kwalwang.

1

2

O ka dirisa maemo a a farologaneng a mafoko a a kwalwang mo manaaneng a marungwana go dira dintlha ka fa tlase ga dintlha tse dikgolo.

Mo Riboneng, dirisa dikaelo mo setlhopheng sa Fonto go fetola fomete ya ditlhaka, e e tshwanang le mmala le bogolo jwa fonto.

Fomete e e rulaganyeditsweng ruri ya mafoko a a kwalwang ke lenaane la marungwana.

Gae

Lorem IpsumDolor sit amet

Consectetuer adipiscing elitDonec euismod Mattis augue

Class aptent Taciti sociosqu

Page 18: Microsoft ®  Office  PowerPoint ®  2007 Katiso

Tlanya mafoko a gagoMo seemeding se se ka dirisediwang sengwe le sengwe se se bontshitsweng mo nakong e e fetileng, o ka tsenya ditlhakakaelo tsa setshwantshokaedi kgotsa mafoko.

A re bue ka mafoko a a kwalwang.

3 Dirisa ditaelo mo setlhopheng sa Temana go fetola fomete ya temana, e e tshwanang le fomete ya lenaane, go intentiwa ga mafoko, le sebaka gare ga mela.

Fomete e e rulaganyeditsweng ruri ya mafoko a a kwalwang ke lenaane la marungwana.

Gae

Lorem IpsumDolor sit amet

Consectetuer adipiscing elitDonec euismod Mattis augue

Class aptent Taciti sociosqu

Page 19: Microsoft ®  Office  PowerPoint ®  2007 Katiso

Tsenya diselaete tsa pontsho e nngweO ka nna wa tlhoka go dirisa diselaete tsa pontsho e e leng teng mo pontshong ya gago.

Go dirwa jaana.

1

2

Mo thebong ya Gae, tobetsa motsu o o bapileng le Selaete se se Ntšhwa, jaaka e kete o ne o ya go tsenya selaete se se ntšhwa le go se tlhophela setshwano pele.

Ka fa tlase ga sekhutlwanapontsho, tobetsa Dirisa Diselaete Gape.

Gae

Selaete seSentšhwa

Tsamaisa-sebedi Diselaete tse di Tlhophilweng

Diselaete tsa Tshobokanyo kgotsa tsa Thadiso

Dirisa Diselaete gape

Dirisa Diselaete gapeTsenya selaete go tswa go: C:\Presenations...

Batla

Page 20: Microsoft ®  Office  PowerPoint ®  2007 Katiso

Tsenya diselaete tsa pontsho e nngweO ka nna wa tlhoka go dirisa diselaete tsa pontsho e e leng teng mo pontshong ya gago.

Go dirwa jaana.

3 Mo lebokoswaneng la tiro la Dirisa Diselaete Gape, tlase ga Tsenya selaete sa, tobetsa Batla go batla pontsho kgotsa laeborai ya diselaete e e nang le diselaete tse o di batlang. Morago tobetsa motsu gore o bule diselaete tseo mo lebokoswaneng la tiro.

Gae

Sentšhwa

Diselaete tsa Tshobokanyo kgotsa tsa Thadiso

Dirisa Diselaete gape

Dirisa Diselaete gapeTsenya selaete go tswa go:

C:\Presenations...

BatlaSelaete se

Tsamaisa-sebedi Diselaete tse di Tlhophilweng

Page 21: Microsoft ®  Office  PowerPoint ®  2007 Katiso

Tsenya diselaete tsa pontsho e nngweO ka nna wa tlhoka go dirisa diselaete tsa pontsho e e leng teng mo pontshong ya gago.

Go dirwa jaana.

Fa o bona selaete se o se batlang, tlhokomela lebokosotshwao la Boloka fomete ya ntlha kwa tlase tlase ga lebokoswana. Fa e le gore o batla go boloka tebego e e sa fetolwang ya diselaete tse o di tsenyang, tlhomamisa gore lebokosotshwao le tshwailwe pele ga o tsenya selaete.

4

Gae

Diselaete go tswa go Tshobokanyo

Dirisa Diselaete gape

Dirisa Diselaete gapeTsenya selaete go tswa go: C:\Presenations...

BatlaSelaete se

Tsamaisa-sebedi Diselaete tse di Tlhophilweng

Sentšhwa

Page 22: Microsoft ®  Office  PowerPoint ®  2007 Katiso

Tsenya diselaete tsa pontsho e nngweO ka nna wa tlhoka go dirisa diselaete tsa pontsho e e leng teng mo pontshong ya gago.

Go dirwa jaana.

Tobetsa selaete sengwe le sengwe se o batlang go se tsenya. Sengwe le sengwe se kopisediwa mo pontshong e e butsweng, ka fa tlase ga selaete se se tlhophilweng ga jaana kgotsa ka fa tlase ga khesara, fa e le gore o e beileng ka fa tlase ga setshwantshana.

5

Gae

Diselaete go tswa go Tshobokanyo

Dirisa Diselaete gape

Dirisa Diselaete gapeTsenya selaete go tswa go:

C:\Presenations...

Batla

Tsamaisa-sebedi Diselaete tse di Tlhophilweng

Sentšhwa Selaete se

Page 23: Microsoft ®  Office  PowerPoint ®  2007 Katiso

Tlhama dintlha tsa sebuiDirisa dintlha tsa sebui go tlhalosa dintlha tse di mo selaeteng.

Dintlha tse di siameng di ka go thusa go dira gore bareetsi ba gago ba tsamaisane le wena le go thibela go tlatsa mafoko a mantsi mo selaeteng.

1

2

Fa o tlhama diteng tsa diselaete tsa gago, tlanya dintlha tsa gago mo lebokoswaneng la dintlha, ka fa tlase ga selaete.

O ka nna wa godisa lebokoswana la dintlha e le gore go nne bonolo go dira mo go yone ka go goga bara e e aroganyang.

Lorem ipsum dolor sit ametFusce suscipit molestie miNam eleifend dignissim nisl

Page 24: Microsoft ®  Office  PowerPoint ®  2007 Katiso

Tlhama dintlha tsa sebuiDirisa dintlha tsa sebui go tlhalosa dintlha tse di mo selaeteng.

Dintlha tse di siameng di ka go thusa go dira gore bareetsi ba gago ba tsamaisane le wena le go thibela go tlatsa mafoko a mantsi mo selaeteng.

3 Dintlha tsa gago di bolokiwa mo tsebeng ya dintlha, e e nang le khopi ya selaete gammogo le dintlha. E ke tsebe e o lebisang go yone jaaka o dira pontsho.

Lorem ipsum dolor sit amet

Nam eleifend dignissim nislFusce suscipit molestie mi

Page 25: Microsoft ®  Office  PowerPoint ®  2007 Katiso

Dikakantsho tsa go ikatisa 1. Itlwaetse mafelo a fensetere ya PowerPoint.

2. Tlanya mafoko.

3. Tsenya diselaete tse di ntšhwa.

4. Batla o bo o tsenye mafoko a mangwe gape.

5. Dirisa diintente tsa mafoko le go fometa.

6. Dirisa go lekanya mafoko ka go itirisa.

7. Tlanya mme o lebe dintlha.

Page 26: Microsoft ®  Office  PowerPoint ®  2007 Katiso

Tlhatlhobo 1, potso 1Mo fensetereng ya PowerPoint, lefelo la konokono le diteng tsa selaete di tsenngwang mo go lone ke lefe? (Tlhopha karabo e le nngwe.)

1. Thebo ya Diselaete, mo go nang le ditshwantshana tsa diselaete, ka fa molemeng wa fensetere.

2. Lebokoswana la dintlha.

3. Lebokoswana la diselaete, fa gare ga fensetere.

Page 27: Microsoft ®  Office  PowerPoint ®  2007 Katiso

Tlhatlhobo 1, potso 1: KaraboLebokoswana la diselaete, fa gare ga fensetere.

Dirisa lebokoswana la diselaete go tsenya mafoko, ditshwantsho, dipopego, difaele tsa media, kgotsa diteng tse dingwe mo diselaeteng tsa gago.

Page 28: Microsoft ®  Office  PowerPoint ®  2007 Katiso

Tlhatlhobo 1, potso 2Fa o tsenya selaete se se ntšhwa, o tlhopha setshwano sa sone jang kwa tshimologong? (Tlhopha karabo e le nngwe.)

1. Mo thebong ya Gae, tobetsa halofo e e kwa godimo ya konopo ya Selaete se se Ntšhwa.

2. Mo thebong ya Gae, tobetsa halofo e e kwa tlase ya konopo ya Selaete se se Ntšhwa.

3. Tobetsa setshwantshana sa selaete ka fa mojeng mo thebong ya Diselaete, o bo o tobetse Selaete se se Ntšhwa.

Page 29: Microsoft ®  Office  PowerPoint ®  2007 Katiso

Tlhatlhobo 1, potso 2: KaraboMo thebong ya Gae, tobetsa halofo e e kwa tlase ya konopo ya Selaete se se Ntšhwa, fa go nang le motsu teng.

Go tobetsa motsu go bontsha mefuta ya setshwano sa diselate. Fa o tlhopha sengwe, go tsenngwa selaete se na le setshwano.

Page 30: Microsoft ®  Office  PowerPoint ®  2007 Katiso

Tlhatlhobo 1, potso 3Tsela e e bofefo ya go dirisa setshwao sa ga jaana sa setshwano ka selaete se sele go na le se sengwe? (Tlhopha karabo e le nngwe.)

1. Tobetsa halofo e e kwa tlase ya konopo ya Selaete se se Ntšhwa, mo thebong ya Gae.

2. Tobetsa ka fa mojeng wa selaete se se nang le setshwano se o batlang go se dirisa jaanong, mme morago o bo o supa Setshwano.

Page 31: Microsoft ®  Office  PowerPoint ®  2007 Katiso

Tlhatlhobo 1, potso 3: KaraboTobetsa ka fa mojeng wa selaete se se nang le setshwano se o batlang go se dirisa go na le seo, o bo o supa go Setshwano.

Se se bula lenaane la mefuta ya setshwano. O tobetsa se le sengwe go se dirisa mo selaeteng. Tsela e nngwe ke go tlhopha setshwantshana sa selaete sa setshwano se o batlang go se fetola, o bo o tobetsa Setshwano mo thebong ya Gae. Seo se bontsha lenaane la mefuta ya setshwano, le o tlhophang setshwano mo go lone.

Page 32: Microsoft ®  Office  PowerPoint ®  2007 Katiso

Thuto 2

Tlhopha setlhogo, tsenya diteng tse dingwe gape

Page 33: Microsoft ®  Office  PowerPoint ®  2007 Katiso

Tlhopha setlhogo, tsenya diteng tse dingwe gape

Bontsho jwa motheo bo tla dira tiro sentle, jaaka mmalatswako wa pontsho ya gago.

Mme go tweng fa o batla go dirisa mebala e mengwe gape le tebego e e kgatlhang?

Tlhamalalela mo lenaaneng la mefuta ya lemorago la PowerPoint o bo o lekeletsa se se leng mo go lone. Go tlhopha lemorago go tshwana fela le go tobetsa le go tima konopo e e tshubang.

Gape o ka tsenya dintlhakaelo tse dingwe mo diselaeteng tsa gago, tse di tshwanang le ditshwantsho le dikakgelopotlana, o bo ka kelotlhoko o di lebaganya mo sengwe le sengwe se rulagantsweng ka botswerere.

Lorem ipsum dolor sit amet

Nam pellentesque turpis eu purus sollicitudin adipiscing. Maecenas

Lorem ipsum dolor sit amet

Nam pellentesque turpis eu purus sollicitudin adipiscing.

Maecenas

Page 34: Microsoft ®  Office  PowerPoint ®  2007 Katiso

Bontle jwa mefuta ya lemoragoPontsho nngwe le nngwe e na le lemorago.

Mefuta mengwe le mengwe e mebala e mentle thata go na le e mengwe.

Lemorago le atlhola tebego le mebala ya diselaete le go naya pontsho ya gago tebego e e tshwanang.

Fano, o bona ditlhogo di le tharo tsa diselaete tse di nang le diteng tse di tshwanang mme e le tse di dirisang mefuta e e sa tshwaneng ya lemorago.

Lorem ipsum dolor sit amet

Nam pellentesque turpis eu purus sollicitudin adipiscing. Maecenas

Lorem ipsum dolor sit ametNam pellentesque turpis eu purus sollicitudin adipiscing. Maecenas

Lorem ipsum dolor sit amet

Nam pellentesque turpis eu purus

sollicitudin adipiscing. Maecenas

Page 35: Microsoft ®  Office  PowerPoint ®  2007 Katiso

Bontle jwa mefuta ya lemoragoPontsho nngwe le nngwe e na le lemorago.

Tse dingwe di mebala e mentle thata go na le tse dingwe.

Lemorago le akaretsa ditlhakakaelo tse, tse di newang e le setlhophanyana:

• Setshwano sa lemorago• Mebalatswako• Mefuta ya difonto le bogolo jwa tsone• Maemo a diiemedi

Lorem ipsum dolor sit amet

Nam pellentesque turpis eu purus sollicitudin adipiscing. Maecenas

Lorem ipsum dolor sit ametNam pellentesque turpis eu purus sollicitudin adipiscing. Maecenas

Lorem ipsum dolor sit amet

Nam pellentesque turpis eu purus

sollicitudin adipiscing. Maecenas

Page 36: Microsoft ®  Office  PowerPoint ®  2007 Katiso

Bontle jwa mefuta ya lemoragoMebalatswako e ama mebala ya lemorago, mebala ya fonto, mebala e e tsenngwang ya dipopego, mebala ya magora, dikgokaganokgolo, dintlhakaelo tsa diselaete tse di tshwanang le mananeothalo le ditšhate.

Mme fa e le gore o na le diemedi, lemorago le tsamaisana le setshwano se o se tlhophileng; le sutisa dilo go di baya sentle go sekae fela.

Lorem ipsum dolor sit amet

Nam pellentesque turpis eu purus sollicitudin adipiscing. Maecenas

Lorem ipsum dolor sit ametNam pellentesque turpis eu purus sollicitudin adipiscing. Maecenas

Lorem ipsum dolor sit amet

Nam pellentesque turpis eu purus

sollicitudin adipiscing. Maecenas

Page 37: Microsoft ®  Office  PowerPoint ®  2007 Katiso

Tlhopha lemoragoPontsho nngwe le nngwe e ntšhwa e simolola ka lemorago le le rulaganyeditsweng ruri, le le bidiwang Lemorago la Office.

Go batla le go dirisa le lengwe, simolola ka go tobetsa thebo ya Setshwano mo Riboneng.

1

2

Disampole tsa lemorago, tsa mofuta wa ditshwantshana tse dinnye tse o di bonang fa, di tla bontsha setlhopha sa Mefuta ya Lemorago.

Go bona mefuta e mengwe gape ya lemorago, tobetsa konopo ya Tse Dingwe Gape ka fa mojeng wa setlhopha.

Setshwano

Lorem ipsum dolor sit amet

Nam pellentesque turpis eu purus sollicitudin adipiscing. Maecenas

Page 38: Microsoft ®  Office  PowerPoint ®  2007 Katiso

Setshwano

Tlhopha lemoragoPontsho nngwe le nngwe e ntšhwa e simolola ka lemorago le le rulaganyeditsweng ruri, le le bidiwang Lemorago la Office.

Go batla le go dirisa le lengwe, simolola ka go tobetsa thebo ya Setshwano mo Riboneng.

3 Fa o supa setshwantshana sengwe sa lemorago, tebopele ya yone e bontshiwa mo selaeteng.

Tobetsa setshwantshana go dirisa lemorago leo mo diselaeteng tsotlhe tsa gago. Gape o ka dirisa lemorago mo diselaeteng tse o di tlhophileng fela.

Lorem ipsum dolor sit amet

Nam pellentesque turpis eu purus sollicitudin adipiscing. Maecenas

Page 39: Microsoft ®  Office  PowerPoint ®  2007 Katiso

Tsenya ditshwantsho le dilo, karolo 1Jaanong o tlile go ithuta ka mefuta e mebedi ya go tsenya ditshwantsho le dintlha tse dingwe tse e seng mafoko mo diselaeteng.

Tsela ya ntlha ke ya go tobetsa aekhone mo seemeding, e o neng wa e bona ka bokhutshwane mo thutong ya ntlha.

Clip ArtBatla:

Batla mo:

Dipholo di tshwanetse go nna:

Ya go

Page 40: Microsoft ®  Office  PowerPoint ®  2007 Katiso

Tsenya ditshwantsho le dilo, karolo 1Jaanong o tlile go ithuta ka ditsela tse pedi tsa go tsenya ditshwantsho le dintlha tse dingwe tse e seng mafoko mo diselaeteng.

1

2

Tobetsa aekhone ya Clip Art mo seemeding.

Lebokoswana la tiro la Clip Art le a bulega. Mo teng, tlanya lefokopatlo mo lebokosong la Batla le le akantshang mofuta wa lenathwana o o o batlang. Morago tobetsa Ya go.

Setshwantsho se bontsha tsela ya go tsenya karolo ya lenathwana le setshwantsho:

Clip ArtBatla:

Batla mo:

Dipholo di tshwanetse go nna:

Ya go

Page 41: Microsoft ®  Office  PowerPoint ®  2007 Katiso

Tsenya ditshwantsho le dilo, karolo 1Jaanong o tlile go ithuta ka ditsela tse pedi tsa go tsenya ditshwantsho le dintlha tse dingwe tse e seng mafoko mo diselaeteng.

Go bonala manathwana a a tshwanelang lefokopatlo. Tobetsa lengwe la one go le tsenya mo selaeteng. Setshwantsho se baakanngwa bogolo ka go itirisa le go bewa sentle mo seemeding.

Setshwantsho se bontsha tsela ya go tsenya karolo ya lenathwana le setshwantsho:

3

Clip ArtBatla:

Batla mo:

Dipholo di tshwanetse go nna:

Ya go

Page 42: Microsoft ®  Office  PowerPoint ®  2007 Katiso

Tsenya ditshwantsho le dilo, karolo 2Tsela e nngwe ya go tsenya dintlha tsa diselaete ke go dirisa thebo ya Tsenya mo Riboneng.

Dilo tsotlhe tse o ka di tsenyang go tswa mo lebokoswaneng la diselaete gape di ka bonwa mo thebong ya Tsenya, gammogo le tse dingwe—go akaretsa dipopego, dikgokaganokgolo, mabokoso a mafoko a a kwalwang, dintlhagodimo le dintlhatlase, le dikarolwana tsa media tse di tshwanang le medumo.

Tsenya

Lebokosola Mafoko

Mafoko

Page 43: Microsoft ®  Office  PowerPoint ®  2007 Katiso

Tsenya ditshwantsho le dilo, karolo 2Setshwantsho se bontsha lenaane la dilo tse di ka bonwang mo thebong ya Tsenya.

1

2

Mabokoso a mafoko a siame thata fa o batla go tsenya mafoko go gongwe mme a o batla seemedi se sengwe sa one, se se tshwanang le sa kakgelopotlana ya setshwantsho. Mo thebong ya Tsenya, tobetsa Lebokoso la Mafoko.

Tshwantsha lebokoso mo selaeteng o bo o tlanya mo go lone.

Selo se se tlwaelegileng se se tsenngwng ke lebokoso la mafoko, jaaka go bontshitswe.

Tsenya

Lebokosola Mafoko

Mafoko

Page 44: Microsoft ®  Office  PowerPoint ®  2007 Katiso

Tsenya ditshwantsho le dilo, karolo 2Ke tsela efe e e botoka?

Ereka o na le dikgetho di le pedi tsa ka fa o tsenyang dilo dingwe ka teng, ke efe e e akantshiwang?

Gantsi ke fela gore ke eng se o bonang se le bonolo go dirisiwa. Se o tshwanetseng go se akanyetsa ke ka fa o batlang gore selwana se se tsentsweng se nne ka teng mo selaeteng.

Tsenya

Lebokosola Mafoko

Mafoko

Page 45: Microsoft ®  Office  PowerPoint ®  2007 Katiso

Tseleganya ditlhakakaelo tsa selaeteMorago ga go tsenya setshwantsho, o ka nna wa batla go dira diphetogo tse di tshwanang le go fetola bogolo, go ngotla, kgotsa go fetola go phatsima.

Dirisa Didirisiwa tsa Setshwantsho go dira seno.

1

2

Jalo, tlhopha setshwantsho.

Didirisiwa tsa Setshwantsho di bonala kwa godimo ga Ribone. Dirisa diitlhophelwa tsa thebo ya Fomete go dirisa setshwantsho.

Didirisiwa tsa Setshwantsho di ka bonwa fa setshwantsho se tlhophiwa.

Didirisiwa tsa Setshwantsho

Fomete

Popego ya SetshwantshoLegora la Setshwantsho

Difeleletsi tsa Setshwantsho

Tlisa fa Pele

Isa kwa Morago

Lebokoswana la Sekgethiwa

Lepalepanya

Ditlhopha

DikolosaNgotla

Page 46: Microsoft ®  Office  PowerPoint ®  2007 Katiso

Tseleganya ditlhakakaelo tsa selaeteGo na le didirisiwa tsa dilo di le dintsi tse o ka di tsenyang, go tswa mo mananeothalong, ditšhate, ditshwantshokaedi tsa SmartArt™ go ya go mabokoso a mafoko, le dipopego, medumo le dibidio.

Tlhopha selwana se se tsentsweng go bona thebo e e tshwanetseng ya Ribone.

Didirisiwa tsa Setshwantsho

Fomete

Popego ya SetshwantshoLegora la Setshwantsho

Difeleletsi tsa Setshwantsho

Tlisa fa Pele

Isa kwa Morago

Lebokoswana la Sekgethiwa

Lepalepanya

Ditlhopha

DikolosaNgotla

Page 47: Microsoft ®  Office  PowerPoint ®  2007 Katiso

Rulaganya ditlhakakaedi tsa diselaeteFa o sena go baya dilo tsotlhe tse o di batlang mo selaeteng, o tlhoka go di rulaganya gore di lebege sentle tota.

Ka sekai, mo setshwantshong se, lebokoso la mafoko le e nang le kakgelopotlana e tla lebega botoka fa e sena go lepalepanngwa ka go lepalepanngwa le setshwantsho—e ka tswa e tlhamaletse ka fa molemeng, kgotsa e beilwe fa gare sentle.

Didirisiwa tsa Setshwantsho

Fometa

Lepalepanya ka fa Molemeng

Lepalepanya fa Gare

Lepalepanya ka fa Mojeng

Lepalepanya kwa Godimo

Lepalepanya mo Teng

Lepalepanya kwa Tlase

Page 48: Microsoft ®  Office  PowerPoint ®  2007 Katiso

Rulaganya ditlhakakaedi tsa diselaeteO dirisa ditaelo tsa Rulaganya go lepalepanya ditlhakakaelo tsa selaete.

1

2

3

Go lebaganya kakgelopotlana gore e lepalepane le setshwantsho, santlha tlhopha diemedi ka bobedi.

Mo go Didirisiwa tsa Setshwantsho, batla setlhopha sa Rulaganya mo thebong ya Fomete.

Tobeta dikonopo tsa Lepalepanya, o bo o tobetsa Lepalepanya ka fa Molemeng.

Didirisiwa tsa Setshwantsho

Fometa

Lepalepanya ka fa Molemeng

Lepalepanya fa Gare

Lepalepanya ka fa Mojeng

Lepalepanya kwa Godimo

Lepalepanya mo Teng

Lepalepanya kwa Tlase

Page 49: Microsoft ®  Office  PowerPoint ®  2007 Katiso

Dikakantsho tsa go ikatisa1. Tlhopha lemorago le le ntšhwa.

2. Tsenya setshwantsho.

3. Fetola bogolo jwa setshwantsho.

4. Tsenya kakgelopotlana.

5. Lepalepanya setshwantsho le kakgelopotlana.

6. Morokotso: Tsenya sefeleletsi tsa khathune.

Page 50: Microsoft ®  Office  PowerPoint ®  2007 Katiso

Tlhatlhobo 2, potso 1Fa o dirisa lemorago, gantsi le ama selaete sengwe le sengwe mo pontshong. (Tlhopha karabo e le nngwe.)

1. Boammaaruri.

2. Ga se boammaaruri.

Page 51: Microsoft ®  Office  PowerPoint ®  2007 Katiso

Tlhatlhobo 2, potso 1: KaraboGa se boammaruri.

Fa e le gore o batla gore lemorago le dire fela mo selaeteng se le sengwe fela kgotsa diselaete di le mmalwa, tlhopha diselaete tseo. Morago bontsha lenaane la mefuta ya lemorago, tobetsa ka fa mojeng mo lemoragong le o le batlang, o bo o tobetsa Dirisa mo Diselaeteng tse di Tlhophilweng.

Page 52: Microsoft ®  Office  PowerPoint ®  2007 Katiso

Tlhatlhobo 2, potso 2O ka nna wa tsenya lebokoso la mafoko le le tswang mo aekhone mo mefuteng e e rileng ya setshwano sa diselaete. (Tlhopha karabo e le nngwe.)

1. Boammaaruri.

2. Ga se boammaaruri.

Page 53: Microsoft ®  Office  PowerPoint ®  2007 Katiso

Tlhatlhobo 2, potso 2: KaraboGa se Boammaaruri.

O ka tsenya ditshwantsho, ditšhate, ditshwantshokaedi tsa SmartArt, mananeothalo, le difaele tsa media ka go dirisa diaekhone tse di mo mefuteng ya setshwano. Le fa go ntse jalo, gore o tsenye lebokoso la mafoko o ya go thebo ya Tsenya. Mo go yone, tobetsa Lebokoso ya Mafoko, o bo o tshwantsha lebokoso mo selaeteng.

Page 54: Microsoft ®  Office  PowerPoint ®  2007 Katiso

Tlhatlhobo 2, potso 3O batla go lepalepanya kakgelopotlana le setshwantsho mo selaeteng, e le gore kakgelopotlana e nne fa gare sentle fela ka fa tlase ga setshwantsho. Fa setshwantsho le kakgelopotlana di tlhophilwe, o tobetsa thebo ya Fomete ka fa tlase ga Didirisiwa tsa Setshwantsho mo Riboneng. Jaanong, o ka bona kae taelo e e tla dirang phetolo e o e batlang? (Tlhopha karabo e le nngwe.)

1. Setlhopha sa Phetolo, konopo ya Fetola Setshwantsho.

2. Setlhopha sa Rulaganya, konopo ya Lepalepanya.

3. Setlhopha sa Rulaganya, konopo ya Dikolosa.

Page 55: Microsoft ®  Office  PowerPoint ®  2007 Katiso

Tlhatlhobo 2, potso 3: KaraboSetlhopha sa Rulaganya, konopo ya Lepalepanya.

Konopo e e bula menu o o nang le ditaelo di le mmalwa tsa go lepalepanya. Taelo ya Lepalepanya fa Gare ke yone e o e batlang.

Page 56: Microsoft ®  Office  PowerPoint ®  2007 Katiso

Thuto 3

Tseleganyo, kgatiso le go baakanyetsa pontsho

Page 57: Microsoft ®  Office  PowerPoint ®  2007 Katiso

Tseleganyo, kgatiso le go baakanyetsa pontsho

O ithutile botlhokwa jwa go tlhama pontsho ya diselaete.

Jaanong tsaya gore pontsho ya gago e siametse go dirisiwa, mme o batla go baakanyetsa go e bontsha.

O tla tshwanela go e leba pele, o utlwe megopolo ya ba bangwe, o bo o tlhatlhobe dineelwa tsa gago le dintlha pele ga o di gatisa.

Morago o ka dirisa popego ya PowerPoint ya go phuthela gore o tsenye pontsho ya gago mo CD kgotsa mo khomputareng ya gago e o tla e dirisang go e bontsha.

Page 58: Microsoft ®  Office  PowerPoint ®  2007 Katiso

Tebopele mo khomputareng ya gagoFa o tlhama pontsho, o ka e leba pele ka nako nngwe fela mo tebegong ya Pontsho ya Diselaete.

Tebego e e go naya mogopolo wa ka fa diselaete di tla lebegang ka teng le go dira ka teng fa di bontshiwa.

1

2

Gore re bule tebego ya Pontsho ya Diselaete, tobetsa thebo ya Pontsho ya Diselaete, mme o tobetse taelo ya mo setlhopheng sa Simolola Pontsho ya Diselaete —go simolola selaete sa ntlha kgotsa se se butsweng.

Tebego ya Pontsho ya Diselaete e tlala mo sekerineng sa khomputara ya gago.

Pontsho ya Diselaete

Esc

Go TswaKwa

Tshimologong

Go TswaSelaeteng

sa ga Jaana

Pontsho ya Diselaete ya

Tlwaetso

Page 59: Microsoft ®  Office  PowerPoint ®  2007 Katiso

Tebopele mo khomputareng ya gagoFa o tlhama pontsho, o ka e leba pele ka nako nngwe fela mo tebegong ya Pontsho ya Diselaete.

Tebego e e go naya mogopolo wa ka fa diselaete di tla lebegang ka teng le go dira ka teng fa di bontshiwa.

3 Tsela e le nngwe ya go tswa mo selaeteng se le sengwe go ya go se sengwe ke go dirisa baradidirisiwa ya Pontsho ya Diselaete, kwa tlase ka fa molemeng wa sekerine.

Gore o tswe mo tebong ya Pontsho ya Diselaete ka nako nngwe fela, tobetsa ESC. Seno se go busetsa mo tebong e o e tlogetseng, e e leng tebo e e Tlwaelegileng.

4

Pontsho ya Diselaete

Esc

Go TswaKwa

Tshimologong

Go TswaSelaeteng sa ga

Jaana

Page 60: Microsoft ®  Office  PowerPoint ®  2007 Katiso

• Tobetsa F5 go simolola mo selaeteng sa ntlha.

• Tobetsa SHIFT+F5 go simolola mo selaeteng se se butsweng.

Tebopele mo khomputareng ya gago Ditsela dingwe tsa go bula tebego ya Pontsho ya Diselaete ke tseno:

Fa o dira se, pontsho e simolola mo selaeteng se se tlhophilweng ga jaana mo thebong ya Diselaete.

• Tobetsa konopo ya Pontsho ya Diselaete mo karolong e e kwa tlase ka fa mojeng ya fensetere ya PowerPoint, go bapa le selaolaboleng jwa Selaolabogolo.

• Tobetsa konopo ya Pontsho ya Diselaete mo thebong ya Tebego. Pontsho e simolola mo selaeteng sa ntlha go sa kgathalasege gore ke selaete sefe se se tlhophilweng.

Page 61: Microsoft ®  Office  PowerPoint ®  2007 Katiso

Gatisa dineelwaMofuta o o tlwaelegileng thata wa digatisiwa tsa PowerPoint tsa bareetsi o bidiwa seneelwa.

Dineelwa di ka nna le selaete se le sengwe kgotsa di le mmalwa mo tsebeng nngwe le nngwe, go fitlha go di le robongwe.

Tlwaelo e e molemo ya go dirisaTebopele ya Kgatiso go tlhopha mofuta wa seneelwa o o o batlang, jaaka go bontshitswe fano. Ka tsela eo o ka bona ka fa seneelwa se tla lebegang ka teng pele ga o se gatisa.

Tebopele ya Kgatiso

Gatisa Eng:

Dineelwa ...

Diselaete...Dineelwa (Selaete se le 1 Tsebe nngwe le nngwe)

Dineelwa (Diselaete di le 2 Tsebe nngwe le nngwe)

Dineelwa (Diselaete di le 3 Tsebe nngwe le nngwe)

Dineelwa (Diselaete di le 4 Tsebe nngwe le nngwe)

Dineelwa (Diselaete di le 6 Tsebe nngwe le nngwe)

Dineelwa (Diselaete di le 9 Tsebe nngwe le nngwe)

Ditsebe tsa DintlhaTebegotshobokanyo

Page 62: Microsoft ®  Office  PowerPoint ®  2007 Katiso

Gatisa dineelwaGo gatisa dineelwa, simolola ka go tobetsa Tebopele ya Kgatiso mo menung e e bulegang fa o tobetsa Konopo ya Microsoft Office .

1

2

Mo go Tebopele ya Kgatiso, tobetsa motsu mo lebokosong ya Gatisa Eng go bontsha lenaane la mefuta ya dineelwa. Tlhopha mofuta wa dineelwa o o o batlang.

Morago latela dikgato tse di bontshitsweng mo setshwantshong.

Tebopele ya Kgatiso

Gatisa Eng:

Diselaete...Dineelwa (Selaete se le 1 Tsebe nngwe le nngwe)

Dineelwa (Diselaete di le 2 Tsebe nngwe le nngwe)

Dineelwa (Diselaete di le 4 Tsebe nngwe le nngwe)

Dineelwa (Diselaete di le 6 Tsebe nngwe le nngwe)

Dineelwa (Diselaete di le 9 Tsebe nngwe le nngwe)

Ditsebe tsa DintlhaTebegotshobokanyo

Dineelwa (Diselaete di le 3 Tsebe nngwe le nngwe)

Page 63: Microsoft ®  Office  PowerPoint ®  2007 Katiso

Gatisa dineelwaGo gatisa dineelwa, simolola ka go tobetsa Tebopele ya Kgatiso mo menung e e bulegang fa o tobetsa Konopo ya Microsoft Office .

Fa tobetsa mofuta wa seneelwa, o bontshiwa tebopele ya ka fa diselaete tsa gago di tla lebegang ka teng fa di gatisiwa ka fomete eo. O ka ya kwa le kwa mo ditsebeng tsotlhe tsa dineelwa. Mofuta wa dineelwa o o nang le seitlhophelwa sa diselaete di le 3 tsebe nngwe le nngwe o akaretsa le mela ya dintlha tsa bareetsi.

Morago latela dikgato tse di bontshitsweng mo setshwantshong.

3

Fa o setse o siametse go gatisa, tobetsa Gatisa.

Tebopele ya Kgatiso

Gatisa Eng:

Diselaete...Dineelwa (Selaete se le 1 Tsebe nngwe le nngwe)

Dineelwa (Diselaete di le 2 Tsebe nngwe le nngwe)

Dineelwa (Diselaete di le 6 Tsebe nngwe le nngwe)

Dineelwa (Diselaete di le 9 Tsebe nngwe le nngwe)

Ditsebe tsa DintlhaTebegotshobokanyo

Dineelwa (Diselaete di le 3 Tsebe nngwe le nngwe)

Dineelwa (Diselaete di le 4 Tsebe nngwe le nngwe)

Page 64: Microsoft ®  Office  PowerPoint ®  2007 Katiso

Gatisa dintlha tsa sebuiO gatisitse dineelwa tse o tla di nayang bareetsi.

Jaanong gatisa dintlha tsa gago tsa sebui, tse o ka lebisang go tsone jaaka o bontsha.

Ke tlwaelo e e molemo gore o lebe dintlha tsa sebui pele ga o se gatisa, go bona gore a di lebega jaaka o lebeletse.

Tebopele ya Kgatiso

Gatisa Eng:

Dineelwa ...

Diselaete...Dineelwa (Selaete se le 1 Tsebe nngwe le nngwe)

Dineelwa (Diselaete di le 2 Tsebe nngwe le nngwe)

Dineelwa (Diselaete di le 3 Tsebe nngwe le nngwe)

Dineelwa (Diselaete di le 4 Tsebe nngwe le nngwe)

Dineelwa (Diselaete di le 6 Tsebe nngwe le nngwe)

Dineelwa (Diselaete di le 9 Tsebe nngwe le nngwe)

Ditsebe tsa Dintlha

Tebegotshobokanyo

Page 65: Microsoft ®  Office  PowerPoint ®  2007 Katiso

Gatisa dintlha tsa sebuiGo gatisa dintlha tsa sebui, tobetsa Konopo ya Microsoft Office, supa go Gatisa, o bo o tobetsa Tebopele ya Kgatiso.

1

2

Tlhopha Ditsebe tsa Dintlha mo lenaaneng la Gatisa Eng.

Ditsebe tsa dintlha tsa gago di bontshiwa mo fensetereng ya tebopele, go simolola ka selaete sa ntlha (ntle le fa o ka tlhalosa sentle ka tsela e sele).

Morago latela dikgato tse di bontshitsweng mo setshwantshong.

Tebopele ya Kgatiso

Gatisa Eng:

Dineelwa ...

Diselaete...Dineelwa (Selaete se le 1 Tsebe nngwe le nngwe)

Dineelwa (Diselaete di le 2 Tsebe nngwe le nngwe)

Dineelwa (Diselaete di le 3 Tsebe nngwe le nngwe)

Dineelwa (Diselaete di le 4 Tsebe nngwe le nngwe)

Dineelwa (Diselaete di le 6 Tsebe nngwe le nngwe)

Dineelwa (Diselaete di le 9 Tsebe nngwe le nngwe)

Ditsebe tsa Dintlha

Tebegotshobokanyo

Page 66: Microsoft ®  Office  PowerPoint ®  2007 Katiso

Gatisa dintlha tsa sebui

Fa go na le sengwe se se sa fometiwang jaaka o ne o batla, kgotsa fa mafoko a dintlha a kgaotswe, dira dipaakanyo tse di tlhokegang mo tebong ya Tsebe ya Dintlha kgotsa mo tebong e e Tlwaelegileng.

Fa o sena go tlhatlhoba dintlha tsa gago mme o siametse go gatisa, tobetsa Gatisa.

Go gatisa dintlha tsa sebui, tobetsa Konopo ya Microsoft Office, supa go Gatisa, o bo o tobetsa Tebopele ya Kgatiso.

Morago latela dikgato tse di bontshitsweng mo setshwantshong.

Tebopele ya Kgatiso

Gatisa Eng:

Dineelwa ...

Diselaete...Dineelwa (Selaete se le 1 Tsebe nngwe le nngwe)

Dineelwa (Diselaete di le 2 Tsebe nngwe le nngwe)

Dineelwa (Diselaete di le 3 Tsebe nngwe le nngwe)

Dineelwa (Diselaete di le 4 Tsebe nngwe le nngwe)

Dineelwa (Diselaete di le 6 Tsebe nngwe le nngwe)

Dineelwa (Diselaete di le 9 Tsebe nngwe le nngwe)

Ditsebe tsa Dintlha

Tebegotshobokanyo

Page 67: Microsoft ®  Office  PowerPoint ®  2007 Katiso

Tsenya mafoko a ntlhatlase mo dineelweng le mo dintlheng

Tebopele ya Kgatiso gape e go naya sebaka sa go tsenya kgotsa go baakanya dintlhatlase mo dineelweng kgotsa mo dintlheng.

Ka thulaganyetsoruri, dineelwa tse di gatisitsweng le dintlha di na le di dinomoro tsa ditsebe.

Mme di ka bontsha dilo tse dingwe, tse di tshwanang le mafoko a dintlhatlase.

Tebopele ya Kgatiso

Diitlhophelwa

Dintlhagodimo le DintlhatlaseDintlha le Dineelwa

Dintlhagodimo

Nomoro ya Tsebe

Dintlhagodimo

Dintlhagodimo le Dintlhatlase

Page 68: Microsoft ®  Office  PowerPoint ®  2007 Katiso

Tsenya mafoko a ntlhatlase mo dineelweng le mo dintlheng

Latela dikgato tse fa e le gore o batla gore digatisiwa tsa gago di bontshe diteng tse dingwe.

1

2

Tobetsa Diitlhophelwa, mme morago o tobetse Dintlhagodimo le Dintlhatlase. Go bontsha mafoko a dintlhatlase, a a tshwanang le "Terafote" kgotsa "Khupamarama,” tlhopha seitlhophelwa sa Ntlhatlase, mme morago o tlanye mafoko a o a batlang mo lebokosong.

Tebopele ya Kgatiso

Diitlhophelwa

Dintlha le Dineelwa

Dintlhagodimo

Nomoro ya Tsebe

Dintlhagodimo

Dintlhagodimo le Dintlhatlase

Dintlhagodimo le Dintlhatlase

Page 69: Microsoft ®  Office  PowerPoint ®  2007 Katiso

Tsenya mafoko a ntlhatlase mo dineelweng le mo dintlheng

Latela dikgato tse fa e le gore digatisiwa tsa gago di bontsha diteng tse dingwe.

Ditlhopho tse o di dirang mo thebong ya Dintlha le Dineelwa mo lebokosong la puisano la Dintlhagodimo le Dintlhatlase di dira mo dineelweng tsa gago le ditsebe tsa dintlha tsa gago.

Tebopele ya Kgatiso

Diitlhophelwa

Dintlha le Dineelwa

Dintlhagodimo

Nomoro ya Tsebe

Dintlhagodimo

Dintlhagodimo le Dintlhatlase...

Dintlhagodimo le Dintlhatlase

Page 70: Microsoft ®  Office  PowerPoint ®  2007 Katiso

Diitlhophelwa tsa mmala tsa go gatisaGo ikaegile ka gore o dirisa segatisi sefe, o ka gatisa pontsho ya gago e na le Mmala, Sefifatsi, kgotsa Bontsho jo bo Feletseng le Bosweu.

E ke tsela ya go tlhopha seitlhophelwa sa go gatisa:

1 Tlase ga Tebopele ya Kgatiso, tobetsa Diitlhophelwa, mme supa go Mmala/Sefifatsi. Morago tlhopha mo menung. Diselaete tsa lona di tla lebiwa pele le go gatisiwa go dirisitswe se o se tlhophileng.

Tebopele ya Kgatiso

Mmala/Sefifatsi

Diitlhophelwa

Mmala

SefifatsiBontsho le Bosweu jo bo Phepafetseng

Page 71: Microsoft ®  Office  PowerPoint ®  2007 Katiso

Diitlhophelwa tsa mmala tsa go gatisaGo ikaegile ka gore o dirisa segatisi sefe, o ka gatisa pontsho ya gago e le ya Mmala, Sefifatsi, kgotsa Bontsho jo bo Feletseng le Bosweu.

E ke tsela ya go tlhopha seitlhophelwa sa go gatisa:

Sekai sa tebopele ya ntlha se bontsha selaete se se tla gatisiwang ka mmala.

2

3 Sekai sa bobedi sa tebopele se bontsha selaete se se tla gatisiwang ka botuba.

Tebopele ya Kgatiso

Mmala/Sefifatsi Mmala

SefifatsiBontsho le Bosweu jo bo Phepafetseng

Diitlhophelwa

Page 72: Microsoft ®  Office  PowerPoint ®  2007 Katiso

Diitlhophelwa tsa mmala tsa go gatisaGo ikaegile ka gore o dirisa segatisi sefe, o ka gatisa pontsho ya gago e le ya Mmala, Sefifatsi, kgotsa Bontsho jo bo Feletseng le Bosweu.

E ke tsela ya go tlhopha seitlhophelwa sa go gatisa:

Sekai sa bofelo sa tebopele se bontsha selaete se se tla gatisiwang ka bontsho le bosweu.

4

Tebopele ya Kgatiso

Mmala/Sefifatsi Mmala

SefifatsiBontsho le Bosweu jo bo Phepafetseng

Diitlhophelwa

Page 73: Microsoft ®  Office  PowerPoint ®  2007 Katiso

Phuthela pontshoPopego ya PowerPoint ya Sephuthelo sa CD se phutha faele ya gago ya pontsho le difaele dipe tse dingwe tse o di tlhokang le go di kopisetsa mo setsholadifaeleng se le sengwe kgotsa mo CD ka tlhamalalo.

Fa o kopisetsa difaele tsa gago mo setsholadifaeleng, o ka nna wa kopisetsa setsholadifaele mo CD morago.

Gape o ka nna wa kopisetsa difaele mo sefareng ya neteweke e o kgonang go e bula mo khomputareng ya gago.

Phasalatsa Sephuthelo sa CD

Sephuthelo sa CD

Leina mo CD:

Difaele tse di kopiwang:

Kopisetsa mo Setsholadifaeleng Kopololela mo CD

Tsenya Difaele

Diitlhophelwa...

Tswala

Page 74: Microsoft ®  Office  PowerPoint ®  2007 Katiso

Phuthela pontshoSetshwantsho se bontsha ka fa o ka phuthelang pontsho ya gago le difaele tse di tsamaisanang ka gone.

1 Tobetsa Konopo ya Microsoft Office.

Supa Phasalatsa, o bo o tobetsa Sephuthelo sa CD. Mo lebokosong la puisano le le bulegang, tlhopha se o batlang gore se tsenngwe mo sephuthelong, o bo o kopisetse faele kgotsa difaele tsa gago mo setsholadifaeleng kgotsa mo CD.

2

3

Phasalatsa Sephuthelo sa CD

Sephuthelo sa CD

Leina la CD:

Difaele tse di kopiwang:

Kopisetsa mo Setsholadifaeleng Kopisetsa mo CD

Tsenya Difaele

Diitlhophelwa...

Tswala

Page 75: Microsoft ®  Office  PowerPoint ®  2007 Katiso

Phuthela pontshoSetshwantsho se bontsha ka fa o ka phuthelang pontsho ya gago le difaele tse di tsamaisanang ka gone.

Sa Botlhokwa: Ka metlha boloka pontsho ya gago pele ga o e phuthela mo setsholadifaelng kgotsa CD.

Phasalatsa Sephuthelo sa CD

Sephuthelo sa CD

Leina la CD:

Difaele tse di kopiwang:

Kopisetsa mo Setsholadifaeleng Kopisetsa mo CD

Tsenya Difaele

Diitlhophelwa...

Tswala

Page 76: Microsoft ®  Office  PowerPoint ®  2007 Katiso

• Go phuthela o bo o kopisetsa mo CD go tswa go PowerPoint, o tshwanetse wa bo o tsamaisa Microsoft Windows® XP kgotsa ya mofuta wa bošweng mo khomputareng ya gago, mme o tshwanetse go nna le segatisa CD.

• Fa e le gore o tsamaisa Microsoft Windows 2000, o santse o ka dirisa popego e go phuthela faele ya pontsho mo setsholadifaeleng, o bo o dirisa porokeramo ya motsayakarolo wa boraro go gatisa setsholadifaele mo CD.

Phuthela pontsho Ditlhokego tsa go phuthela mo CD

Page 77: Microsoft ®  Office  PowerPoint ®  2007 Katiso

Dikakantsho tsa go ikatisa1. Leba pele pontsho mo khomputareng ya gago.

2. Romela pontsho go bona dikakgelo.

3. Baakanyetsa go gatisa dineelwa.

4. Tlhopha thulaganyo ya mmala o bo o gatise dineelwa.

5. Tlhatlhopha dintlha tsa gago mo tebegong ya Tsebe ya Dintlha.

6. Phuthela pontsho.

Page 78: Microsoft ®  Office  PowerPoint ®  2007 Katiso

Tlhatlhobo 3, potso 1O tobetsa taetsi efe go ya go tebego ya Pontsho ya Diselaete o bo o simolola mo selaeteng sa ntlha? (Tlhopha karabo e le nngwe.)

1. ESC.

2. F5.

3. F7.

Page 79: Microsoft ®  Office  PowerPoint ®  2007 Katiso

Tlhatlhobo 3, potso 1: KaraboF5.

Mme go simolola mo selaeteng se se tlhophilweng, o tla tobetsa SHIFT+F5.

Page 80: Microsoft ®  Office  PowerPoint ®  2007 Katiso

Tlhatlhobo 3, potso 2Ke tlhopho efe ya dineelwa e o neng o tla e tlhopha fa o ne o batla gore seneelwa se akaretse mela ya dintlha tsa bareetsi? (Tlhopha karabo e le nngwe.)

1. Tlhopho ya diselaete tse 3 tsebe nngwe le nngwe .

2. Tlhopho ya selaete se le 1 tsebe nngwe le nngwe.

3. Tlhopho ya Ditsebe tsa Dintlha .

Page 81: Microsoft ®  Office  PowerPoint ®  2007 Katiso

Tlhatlhobo 3, potso 2: KaraboTlhopho ya diselaete tse 3 tsebe nngwe le nngwe.

Page 82: Microsoft ®  Office  PowerPoint ®  2007 Katiso

Tlhatlhobo 3, potso 3O mo Tebopeleng ya Kgatiso o lebile ditsebe tsa dintlha tsa gago, mme o bona gore fomete nngwe ya mafoko a dintlha ga se e o e batlang. O ka tswelela wa baakanya se mo Tebopeleng ya Kgatiso. (Tlhopha karabo e le nngwe.)

1. Boammaaruri.

2. Ga se Boammaaruri.

Page 83: Microsoft ®  Office  PowerPoint ®  2007 Katiso

Tlhatlhobo 3, potso 3: KaraboGa se Boammaaruri.

O tshwanetse go tswala Tebopele ya Kgatiso mme o bule tebo ya Tsebe ya Dintlha go baakanya fomete.