ha ha, ha! - resources for · pdf fileke bone baengele ba ke ba boneng kwaphupung. tsatsi...

28

Upload: doanthuan

Post on 04-Feb-2018

325 views

Category:

Documents


10 download

TRANSCRIPT

Morena, motsietsi

yo le mmapotseng o

rile morago ga malatsi

a le mararo o tla tsoga

gape lebitleng.

O a itse, o re boleletse

gantsi gore sena se tla mo diragalela.

Ga ke tlhaloganye gore goreng.

Ekete o ne a lakatsa go swa ka tsela

ena. O ne a itse nako le tsotlhe. Le

maobane o re boleletse sena.

Ka bonako.

Go nna thari.

Ga re a fumana

nako ya go tlotsa mmele

wa gagwe.

Re tla khutla

fa Sabata e fela.

Seo se raya gore

malatsi a mararo go

simolola jaanong!

Ga go se re

ka se dirang.

Tsena jaana.

Tlhokomela go ya tlase.

Baperesita

ba boela kwa

go Pilato

Go ka utlwisa

botlhoko fa barutwa

ba gagwe ba ka tla, ba

utswe mmele wa gagwe. O

tshanetse go baya balebeledi

kwa ntle ga lebitla go

thibela sena.Ke tla romela

balebeledi. Lo le

dise ka moo le ka

kgonang ka teng.

Jaanong o

netefatse gore ga

go ope yo o robang

sekano se.

Ga go ope

yo o ka fetang

banna ba me.

272

Lo se tshwenyege

ka ga tshaba ga Mesia wa

lona yo suleng. Ga re ise re

latlhegelwe ke setopo,

a ga go jalo banna?

Ha Ha, Ha!

Malatsi a

mararo morago ga

phitlo ya Jesu

Ke la ntlha

re disa motho

yo o suleng.

Go tla nna lesedi

kgantejane, mme tiro ya

rona e tla bo e weditswe.

Go tla nna

lesedi kgantejane.

A re direng ka bonako.

Esetse ele malatsi a le

mararo jaanong.

Ke lakatsa

ekete re ka bo re

dirile sena pele.

Ke thoromo ya

lefatshe gape!

EEK!

273

Ke e kgolo.

Utlwelela

banna ba le fa ba

goa, mongwe a ka

tswa a lemetse. ARHH!

Ke eng…?

Ke modimo!

O pitokolola

lejwe!

O tla re

bolaya!

Mme wa

modimo, re

utlwele-botlhoko!

Se ntlogele!

Modimo re

utlwele-botlhoko!

Sena ga se

kgonege!

Tshabang lo boloke

matshelo a lona!

274

Lo se

gakgamele.

Ke a itse gore lo

batla Jesu, yo o

neng a bapolwa.

Ga a yo mona.

O tsogile jaaka

a boletse.

Lejwe le na le legolo.

Re tla fumana kae

banna go re thusa?

Ga ke itse, fela ke

malatsi a le mararo le masio

a teng. Kwa ntle ga ditlolo

mmele o tla nkga. Ba ne ba sa

itse fa batlhabani

ba letile lebitla.

Mongwe o

setse a sutisitse

lejwe!

Mmele wa

gagwe ga o teng.

Lebitla le lolea!

Oh!

O mang? Mmele

wa Jesu o kae?

Diaparo tsa

lebitla ke tsele!

Tlayang lo bone tulo eo a

neng a letse go yona, mme

lo bolelele barutwa ba

gagwe gore Jesu o tla

kopana nabo kwa Galalea.

Jesu o a tshela!

O a re o tsogile

baswing—jaaka

Lasaro!

Ka bonako, re

tshwanetse go ya go

bolelela barutwa.

Jesu o a

tshela!

Banna ba le

ke baengele!

Morago ga

metsotso e

mmalwa

275

Jesu o a

tshela! Re tswa

kwa mabitleng.

Jesu ga a yo

teng, fela go ne go

na le baengele.

Re a gopola gore

Jesu o rile o tla tsoga ka

letsatsi la boraro.

Baengele ba re

Jesu o rile o tla kopana

le lona kwa Galalea!

Petoro, o ya kae?

Kwa

mabitleng.

Johane a latela,

fela a sia Petoro.

Johane! Ema;

Ga ke kgone go

siana ka lobelo

jaaka wena.

Ga go motho! Se se

raya eng?

276

Johane, diaparo

tsa lebitla di menilwe,

jaaka ekete motho o

tsogile a tsamaya.

Nyaa, ga

go kgonege.

Baengele ba kae?

Basadi ba ba bona

dilo di sele.

A lo bone

banna ba neng ba

apere bosweu?

Go ne go se banna—go

sena baengele—go se sepe.

Mmele wa gagwe o ile.

Hiii,

hiii.

Mosadi,

o lelelang?

Gonne ba tsere Morena

wa me, mme ga ke itse gore

ba mmeile kae.

Maria.

Moruti!

Maria, o seke wa

nkama. Ga ke is eke

tlhatlogele go Rara.

Fela tsamaya o bolelele

barutwa se o se boneng,

le gore ke tla kopana

nabo kwa Galalea.

Morena

wa me,

O a tshela.

277

Re ne re

akanya gore ke Mesia,

fela ba mmapotse.

Barutwa ba se dumele pegelo ya

gore Jesu o tsositswe mo baswing.

Re tla khutlela kwa

Emmause. Ga go sepe

se re se dirang mo.

Le ke letsatsi

la boraro.Ee, goreng a ba

letlelela go mmolaya,

fa a ikaeletse go tsoga

mo baswing?

Ee, Fa a ne a batla

go nna kgosi, a ka bo a sa

dira sena mosephiring,

ga go jalo?

A nka

tsamaya

le lona?

Ijooo!

O ntshositse.

O tswa kae?

Ee, Ke letsatsi

le thabisang go

ka tsamaya.

Ke lo utlwile

lo bua fa lo atamela. Lo

bonagala lo swabile.

A ga o itse se se

dirageletseng Jesu wa

Nasaretha malatsi a

mararo a fetileng?

Mosong ona basadi

bangwe ba ile kwa phupung mme

ba fumana mmele wa gagwe o siyo!

Mme ba bua gore ba bone baengele

ba reng O a tshela.

Ka jalo barutwa

ba babedi ba tabogela

phupung, mme ba se

bone Jesu kgotsa

baengele—le fa

mmele o siko.

Lo bonya go dumela dilo

tse ngodilweng ke baporofeta ka ga

Mesia. A makwalo ga a supa pele gore

Jesu o tla boga dilo tsena, pele go bogosi

bo galalelang ba gagwe?

Petoro le Johane

ga ba fumana sepe kwa

mabitleng, ka jalo ke akanya

gore mongwe o utswile mmele

wa Jesu. Basadi ba ga ba emise

ka polelo ya bone. E re utlwisa

botlhoko botlhe.

278

Go a

Jesu wa Nasaretha, yo ba mmapotseng,

o ne a re ke Keresete, ena le Rara ke

bongwefela, a ga a re jalo? Puo ya

gagwe e netefaditswe ke makwalo a a

boitshepo.

Sena ene ese botlhoko bo a senang taolelo go

bona. A Jesu ga a re, Ga go motho ope yo o ka

tsayang bophelo ba gagwe, mme o tla bo neela

ka go rata ga gagwe (Johane 10:18)? Jesaya a

re go ne ga kgatla Modimo go mo itaya (53:10),

mowa wa gagwe o ne wa dirwa setlhabelo sa

boleo (53:10). O ne a otlwa boemong jwa dibe

Fela loso e ne ese bokhutlo. Jesaya

o ne a bonela-pele gore bophelo ba

gagwe bo tla tswelela morago ga

loso (53:10); o tla phagamiswa a

tsholediwe, a dirwe yo o kwa

godimo thata (52:13). O tla nna

pholoso go ya bokhutlong jwa

O tla atlhola, le go otla lefatshe

ka thobane ya molomo wa

gagwe (11:4). O tla busa

Iseraele e ntshwa, motseng o

mosha, lefatsheng le lesha (66).

Tsatsi le e tla moo mangole otlhe

A ko o mpolelele,

Goreng o swabile?A

basadi ga ba lo bolelela

gore baengele ba re o

279

Ga go

gakgamatse fa a itse

doporofeto tsotlhe.

Lena ke legae la me. Ka kopo tlhe,

go setse go le thari. E tla o dule le rona

bosigong jo. Nka thabela go utlwa gape

diporofeto ka ga Jesu.

Mong wa

me, re ka thaba fa o ka

tshegofatsa senkgwe.

A go bakwe wena

Morena Modimo, kgosi ya

lefatshe, yo o ntshang senkgwe mo

lefatsheng. Mme ka ga senkgwe

sena re a go leboga.

Tsayang

lo je.

Jesu!

A ke wena.

Moruti!

O timeletse!

O tsamaile!Nako ena yotlhe

ene ele Jesu!

Jesu o a tshela!

Loso lo paletswe ke go mo

tshwara! O a tshela! A re boele

Jerusalema go bolelela

barutwa ba gagwe.

280

Ka nako eo

kwa Jerusalema.

Le tswale sentle.

Baperesita ba kwatile go

feta pele gonne mmele wa

Jesu o nyametse. Ba re ke

rona re o utswileng.

Go tswa mo

setlhopeng sa

batlhabani?

O rile o tla

tsoga ka letsatsi

la boraro.

Ga nkitla

ke dumela go

fitlhelela ke mmona, ke

tsenya matsogo a me

dinthong tse diatleng

tsa gagwe.

Ke mowa!

Ke Jesu!

Se boifeng. Tomase,

wa re o ka se dumele go fitlhelela

o bona. Jaanong tsisa letsogo la

gago kwano o utlwe moo ke neng

ka kokotelwa teng. Tlaya o ame

dintho tse letlhakoreng la me.

O Morena

wa me le Modimo

wa me.

Tomase,

o tshegofaditswe gonne o

bone mme wa dumela, mme

ba dumelang fela ba ise ba

bone ba tshegofaditswe

le go feta.

Ntsiseteng sengwe

go ja. Go dilo di le dintsi

tse ke tshwanetseng go le

ruta, mme ke na le malatsi

a mmalwa le lona.

Moruti!

Jesu!

Thusang!

281

Bolelela barutwa

botlhe go kopana le nna

kwa Galalea. Ke tla bua

le lona teng.

Go ngodilwe pele gore Keresete

o tla boga boemong jwa dibe tsa

lona, mme a tsoge baswing tsatsi la

boraro, mme efangedi e tla rerwa

merafeng yotlhe ka bitso la gagwe,

go simolola kwa Jerusalema.

Emang kwa Jerusalema

go fitlhelela ke lo romela

Mowa o Galalelang go aga

go lona. O tla lo neela matla

go rera efangedi.

Ke neetswe matla otlhe

legodimong le lefatsheng. Tsamayang

lo rute merafe yotlhe, lo ba kolobetswe

mo leineng la Rara, le la Morwa, le la

Mowa o Galalelang: lo ba rute go obamela

tsotlhe tse ke lo laelang tsone: mme,

bonang, Ke na le lona ka gale, go ya

bokhutlong jwa lefatshe. Lo baakanyeditswe

bodulo ntlong ya ga

Rara. Ke ya go le

baakanyetsa tulo. Ke tla

boa ke lo itseele go nna,

gore moo ke leng teng,

le lona lo nne teng.

282

E yang kwa

Jerusalema lo letele

Mowa o o Boitshepo

go tla go lona, le go le

neela matla go bua ka

lebitso la me.O a

tlhatloga!

O boela

go Rara.

O tsamaile.

O khutletse

legodimong.

Goreng lo

santse lo lebeletse

kwa loaping?

Ke eng? Ke

mang yoo?Ke bone baengele ba ke

ba boneng kwaphupung.

Tsatsi lengwe

Jesu o tla boa ka

leru jaaka lo mmona

a tlhatlosediwa.

O khutletse

go Rre wa gagwe

kwa legodimong.

Boelang kwa

Jerusalema lo

letele Mowa.

Ke na le lona ka

gale, go ya bokhutlong

jwa lefatshe.

283

Barutwa ba Jesu ba boela kwa Jerusalema jaaka Jesu a laetse,

mme teng ba tswelela thapelong malatsi a lesome, ba letetse

tshepiso ya matla a tswang godimo. Ba ne ba boifa go bua

phatlalatseng ka tsogo ya ga Jesu, esere gongwe ba bolawe.

Tulo eo ba neng ba rapela go yone ya

roroma, mme phefo e matla ya utlwala,

mme diteme tsa molelo tsa fologela

godimo ga mongwe le mongwe wa bone.

Ba tladiwa ka Mowa o

Galalelang, mme ba

simolola go rorisa

Modimo ka diteme di

sele tse ba sa di itseng.

Fa Mowa o tla go bone, ba

tlogela poifo ya batho mme ba

ya kwa ntle go obamela Morena

le go mo rorisa phatlalatseng.

Ka re ba tlhapetswe

botlhe, fela ba bua

loleme la gaetsho ka

botlalo, ntle le phoso.

Lona banna ba

Iseraele, lo bone

metlholo eo Jesu o edirileng.

Sena ke bosupi jwa gore

Modimo o ne a na nae, le fa lo

mmapotse, Modimo o mo

tsositse mo baswing.

A go bakwe Modimo

le Rara wa Morena wa

rona Jesu Keresete.

Le nna ba bua loleme

la me. Ba ithutile jwang diteme

tse farologaneng tsena? Ga se

banna ba barutegi.

284

Dinyaga di le1000 tse

fetileng, Dafita o ne a porofeta ka

ga gagwe a re,”Ga o kitla o tlogela

mowa wa me diheleng, mme ga o

kitla o tlogela Moitshepi wa gago

go bona tshenyego.”

Ka jalo a ntlo ya Iseraele e

itse sena, Gore Modimo o dirile

Jesu, ena yo lo mmapotseng

Morena le Keresete.

Re tla dira eng,

ka re bona gore re

bapotse Keresete?

Fetolang megopolo

ya lona ka ga Jesu, lo mo obamele

ka kolobetso. O tla itshwarela dibe tsa

lona, mme lo tla amogela neo ya

Mowa o Galalelang.

Mme bao ba neng ba amogela lentswe la

gagwe ba ne ba kolobediwa: mme tsatsi

leo ba okediwa ka ba le dikete tse tharo.

Jesu ke

Morena.

Ke dumela

go Jesu.

Nkolobetse!

Go bonala jaaka

maobane fa Jesu a ne

a le mona le rona.

Ee, Fela lo a

itse, Ke utlwa matla a

gagwe thata jaanong

go feta fa re ne re

tsamaya nae.

go dikete-kete

tsa batho tsa

latelang Jesu, mme

ba oketsega ka ura.

Dikgwedi morago ga fa.

285

Ka kopo tlhe,

A ga lona ledinyana

go neela mosokodi yo

e leng segole?

Petoro, ga ke

na madi. A lo tshotse

madi mo go lona?

Nyaa, jaaka Mowa

o o Boitshepo o tsile go

rona, re na le sengwe

go mo neela.

Ga ke na selefera le

gauta, mme se ke nang

naso ke a go neela. Ka

bitso la Jesu Keresete,

nanoga o tsamaye.

Lo se dire

setlhogo se se kalo.

Monna o tsetswe segole.

Maoto a gagwe a

diregile lefela.

Jesu

Keresete o go

fodisitse.

Mmm!

Morena Modimo

Mothata-yotlhe.

Maoto

a gagwe a

gola!

Ga ke tshepe sena.

Monna wa segole

o a tsamaya!

Nyaa,

o a tlolaka.

Kgalalelo go

Modimo! Ke a

leboga Jesu!

286

Yo ke monna yo a

neng a le segole, maoto a

gagwe a hunyetse.

Ba re o ne a fodiswa

ka leina la Jesu, yo o

neng a bapolwa.

Goreng lo re labile ekete

re dirile motlholo ona? Modimo

wa Aborahame, Isaka, le Jakobe

o galaleditse morwaagwe Jesu,

yo lo mmapotseng.

Lo bolaile kgosi ya

botshelo, mme Modimo a mo

tsosa mo baswing, mme re

mmonye a tshela. Ke ka tumelo

lebitsong la Jesu gore monna

yo a bo a fodisitswe.

Ke a itse gore lo bapotse

Jesu ka ntlha ya go tlhoka kitso, fela

baporofeta ba re tsibositse gore dilo

tse di tla diragala.

Lo a nkitse lotlhe.

Ke Modimo fela yo o neng

o ka nneela maoto a me.

Dumelang lo latele Jesu.

Fetolang megopolo

ya lona ka Jesu, mme

lo nne barutwa ba

gagwe, gore dibe tsa

lona di phimolwe.

Baetapele ba

bodumedi ba

bapotseng Jesu b

aroma batlhabani

go golega Petoro

le Johane.

Gab a dira

sepe se se

phoso.

Ga lo a dumellwa

go ferekanya batho

ka ga bodumedi

ba rona.

287

Jaanong ba

golega segole

gore se a bo

se tsamaya.

E ne ele motlholo,

jaaka Jesu a dirile

fa a ne a le teng.

Go mongwe wa baagisanyi

ba me yo o reng o bone Jesu

a tshela morago ga loso la

gagwe. Ba re o iponagaditse

go ba le 500 ka gangwe.

Ke ile go batla

barutwa bangwe

go ithuta go bone.

Ke ne ke akanya gore

re nyeleditse tumelo ya

bone fa re ne re bapola

moetapele wa bone.

Re tla mmolaya gape,

ene le balatedi ba gagwe.Ba re ga a swa.

Go lokile, ba

babedi ba ba tla

kopana nae.

Ba re o na le

Rara kwa

legodimong.

288

Banna ba na ga ba rutega,

fela ba bua ka thanololo fa ba

bua ka baporofeta.

Ga go molemo wa go gana

motlholo. Mongwe le mongwe o

a itse gore o fodisitswe, mme ba a

itse gore ke barutwa ba Jesu, ba

dirileng seo ka bitso la gagwe.

Re na le bothata mona.

Ke a ba gopola.

Ka nnete ba ne

ba na le Jesu.

Fa lo ka tswelela go bua le go

fodisa ka bitso la Jesu yo o swileng, le lona

lo tla swa. A lo a nkutlwa? Tswaang fa pele ga

me, mm eke se tlhole ke utlwa gape ka puonyana

e ya lona ya tsogo ya baswi.

Ikgetele gore a na go

molemo go utlwelela batho

bogolo go Modimo, fela

rona re bolela dilo tse re di

boneng mm era di utlwa.

Ba tloseng mona!

Re a itse gore monna

yo o tsetswe ele segole. Lo mo

fodisitse jwang? Lo dirile sena

ka lebitso lefe?

Ka lebitso la Jesu wa Nasaretha,

yo lo mmapotseng, yo Modimo o mo tsositseng

mo baswing, monna yo o ne a fodiswa. Gopolang

makwalo, “Lejwe le baagi ba neng ba le gana le

diregile lejwe la sekhutlo.”

Mme ga go pholoso mo go

ope: gonne ga go bitso lepe tlase

go legodimo le neilweng, le re ka

pholosiwang ka lone.

289

Efangedi ya gaswa Iseraele

yotlhe. Mme bontsi jwa

dumela go Jesu, mme ba

kolobediwa ka metsi.

Kereke ya fetoga

lelapa la diketekete, ba

tletseng lorato le kagiso.

A o ne wa utlwa

ditaba tse molemo ka

Jesu Keresete?

Jesu o tsositswe

baswing. Mme o a tshela,

o na le rona jaanong.

Fa e sale lapa

la me le dumela go

Jesu Keresete, go

kagiso ntlong ya me

lekheto la pele.

Kerekeng, basadi

ba ne ba tsholwa ka

tlhompo le seriti.

Bakeresete ba a

opela fa ba dira.

Bakeresete ba oketsega

ka dikete, mme ba arogana

ditsabone, mme ba rera

Keresete ntlo le ntlo, le

mo mmileng go mongwe le

mongwe yo ba kopanang nae.

290

Lona banna ba Iseraele, lo a

itse gore Modimo o boleletse borraetsho

gore peo ya bone e tla isiwa botshwaro

lefatsheng le sele, mme ba tshele teng

dinyaga di le 400 jaaka makgoba, morago

ga moo o tla atlhola morafe oo, mme a

golole batho ba gagwe go ya lefatsheng

le a le neileng Aborahame.

Setefano,

o seke wa itira

seelele.

Fela Solomone a agela

Modimo ntlo. Fela Mogodimodimo

ga adule ntlong e agilweng ka matsogo,

jaaka moporofeta a buile: Legodimo ke sedulo

sa me, lefatshe ke bogatelo jwa dinao: ke ntlo

efe e lo tla nkagelang yone? Go bua Morena:

kgotsa tulo ya boikhutso jwa me ke efe? A

matsogo a me ga a dira tse tsotlhe?”

O bua kgatlanong

le tempele ya rona!

Lo tlhogo-thata le botsolodi.

Pelo tsa lona ga di a siama le Modimo.

Lo gana Mowa o Galalelang jaaka

borraetsho. Lona le borraeno lo bogisitse

le go bolaya baporofeta ban eng ba bolela

ka go tla ga Jesu Keresete, ene la

mo oka le go mmolaya.

Setefano, lo

ipitsa Bajuta?

A o tsile go gagola molao le

setso sa rona mme o se fetolele

go eng? Go motho yo o suleng,

yo o iseng a bonwe fa e sale

Baroma ba mmapola?

Bonang, Ke bona legodimo

le bulegile, Morwa motho a eme

letsogong le le jang la Modimo.

Oo! A kgalalelo!

Bayang matsogo

a lona ditsebeng tsa

lona. Lo se utlwelele

kgalo e kalo!

Mo iseng kwa

ntle ga motse, mme

lo mo kgobotletse

go ya losong.

O tshwanetse

ke go swa!

291

O leka go senya

tumelo ya rona.

Jesu o tla dula ele

Morena morago ga gore

lo nkgobotletse.

Re bapotse

Keresete. Wena re

tla go kgobotletsa.

Morogaki.

O rogakile tumelo

ya rona. Ga a swe. Saulo,

A re na le tshegetso go

tswa go bagolo?

Ke tla supa ka ga

polao ya gagwe. Ke mongwe wa

balatedi ba Jesu wa Nasaretha yo o

suleng. Thogako ena e tshwanetse

go khutla. Tswelelang go

mo kgobotletsa.

Saulo,

tlhokomela

kobo ya me.

Morena Jesu,

amogela mowa wa me, mme

o se ba balele sebe sena.

292

Erile Filipo wa

mokeresete a rapela,

moengele a bua nae.

Filipo, emelela

o ye kwa borwa,

tseleng e tswang

Jerusalema go ya

kwa Gaza.

Ga ke itse gore

goreng a batla key a teng,

fela fa Modimo a re jalo,

ke tla ya.

Ke fitlhile

tulong ena. Ke dire

eng Moreng?

Morena, o

batla eng?

Kolotsana!

Morena, a lena ke lebaka

la gore o ntsise mona? A go

mongwe fano yo o mo

ikgetetseng?

Tsamaya

o atamele

kolotsana ela.

293

Bolayang morogaki yo!

Nyeletsang

batho ba ba

Jesu!

Ena ke

tshimologo fela!

Mme ka nako eo ga tsoga

pogisego e kgolo kgatlanong

le phutego e kwa Jerusalema,

mme botlhe ba phatlalala kwa

ntle ga baaposetolo.

Bafarasai, Saulo, ba

lwana kgatlanong le

kereke, ba tsena mo

matlong, ba tsenya

banna le basadi

mo kgolegelong..

A go santse go

na le balatedi ba ga

Keresete fale?

Lo se utlwise

ntate wa me

botlhoko!

Tshwara

mosadi yoo,

le ene.

Tlunk! Tlunk!

294

Teng go ne go le monna yo o nang le

taolelo tirelong ya kgosigadi ya Ethiopia.

Ele motshwara-matlotlo, a tlhokometse

letlotlo lotlhe la puso. A tswa Jerusalema

go direla ka fa tumelong ya BaJuta, mme

a boela kwa Eithopia, a bala makwalo.

A iswa jaaka nku tlhabong,

jaaka kwana fa pele go babeodi

ba yone, a seke a bula molomo wa

gagwe, fa botshelo jwa gagwe

bo tloswa lefatsheng…

Ke utlwa o bala

go tswa lekwalong la

moporofeti Jesaya.

A o tlhaloganya se o

se balang?

O tswa

Jerusalema?

O itse se o se balang.

Nka se tlhaloganye fa go

se ope go ntlhalosetsa. E

tla o palame le nna.

Ee, Ke ne ke

ile teng go obamela.

Bodumedi ba naga ya

etsho bo neb a palelwa

ke go nneela kagiso.

Modimo o ne a bonagala

ekete o kgole. Ke buisitse ka Mesia yo o

tshepisitsweng. Fa ke le kwa

Jerusalema dikete tsa batho tsa

re o tsile, a bapolwa mme a

tsoswa mo baswing.

I have been searching

the prophets… Ke ntse ke batlisisa

baporofeta go bona fa dilo tse di boletswe

pele. A moporofeta o bua ka ga gagwe

kgotsa ka motho o sele?

295

Jaaka o itse, lokwalo lo le

ngodilwe dinyaga di le 800 tse

fetileng. Mme kgaolo ya 53 ke

seporofeto ka Mesia. Ya re “o tla

nyatswa mme a ganwe.”

O tswa Jerusalema,

ka jalo o a itse gore le fa Jesu a

dirile metlholo e le mentsi, baetapele

ba rona ba ile ba mo gana.

Jesaya o ne a porofeta

gore Jesu o tla ntshiwa dintho

go duelela dibe tsa rona. Mme

mo temaneng ya 5, ya re kotlhao

ya dibe tsa rona e tla bewa

godimo ga gagwe.

Temana 7 ke seporofeto

gore fa Jesu a eme pele go

baatlhodi ba gagwe ga

kitla a ikarabela.

Ke rata temana ya 6 mo e reng,

“Re ne re tshwana le dinku botlhe, re latlhegile;

mongwe le mongwe a retologetse tseleng ya gagwe,

mme Morena o beile dibe tsa rona botlhe mo go ene.”Se

se raya gore mongwe le mongwe wa rona o tlogetse thato

ya Modimo a latela tsela ya gagwe e bosula, fela Modimo

o beile dibe tsa rona mo go Jesu, mme fa a ne a swa

o ne a duelela go tlhoka kutlo ga rona.Temana 8 ya re,

o ne a tloswa kgolegong le

gore o tla bolawa go duelela

dibe tsa bathosa.

Temana 9 ya re

Jesu o tla bolokwa

le bahumi esita le

ba babosula.

Mme temana 9 e re

bolelela gore Jesu ga a leofa

jaaka batho ba dirile, mme ele gore

ene e le thato ya Modimo gore a

utlwise botlhoko le go boga dipogo,

gonne Jesu o ne a neela mowa wa

gagwe jaaka tuelo ya sebe.

Temana 10 e bua

ka tsogo ya gagwe,

le tirelo ya gagwe

morago ga mona.

Mme diporofeto dingwe

di re bolelela gore morago ga tsogo

Jesu o tla dula sedulong sa bogosi,

mme fa re sena go swa, re tla ema fa

pele ga gagwe go arabela ka moo

re phetseng ka teng.

296

Ke utlwile baitse-dikwalo le

baperesita ba bua ka seporofeto sa

Mesia go le gontsi. Goreng bontsi jwa

bone bo ne ba gana Jesu?

Bongata jwa baperesita le baitse-dikwalo

bon a ba amogela Jesu, fela bangwe ba kgopisega fa a

ba bontsha boitimokanyi jwa bone. Ba ne ba batla Mesia

yo o tla bolayang BaRoma, eseng yo o tla ba bontshang

dibe tsa bone. Ba neb a batla bogosi fela ba sa batle

gore Modimo a buse dipelo tsa bone.

Ee, fela Modimo o itse tsotlhe

pele di diragala, mme go diporofeto tse

ka nnang 340 tse neetsweng ka ga Mesia.

Ke ka moo re itseng gore Jesu ke ene wa

nnete yo o tswang go Modimo.

Pesalome 34:20 ya re fa a bapolwa ga go ope la marapo a gagwe a tla

rojwang. Mme jaaka o itse ke ngwao go roba marapo a bao ba bapolwang,

fela Jesu o ne a swa pele ba ka roba a gagwe.

Temana 17 of Ps 22 ya re, bat la lebelela bosaikategang jwa gagwe, mme

temana 18 e re bolelela gore bat la tlamela kobo ya gagwe tengwa, fa e

nngwe ba e nathoganya gareng go bone.

Gape Sagaria 12:10 O re bolelela gore matsogo a gagwe a tla tlhajwa, mme

morago Bajuta ba tla bona dipadi tsa go tlhajwa matsogong a gagwe.Jesaya

50:6 a re mokwatla wa gagwe o tla betswa, mme ba mo faphole lerameng.

Pesalome 16:10 ya re le fa a ka bolokwa, mmele wa gagwe ga o kitla o dula

lebitleng moo o ka boning go bola. Diporofeto tsa re o tla okwa ke tsala, mme

ene yo o mo okang o tla ipolaya ka go ikgwaetsa, mme mmele wa gagwe o tla

wela fatshe, o tsholle mala a gagwe gotlhe, mme felo go tla dirisetswa go

boloka baditshaba.

Dilo tse tsotlhe le tse dingwe di le dintsi di ile tsa phetagala jaaka baporofeta

ba ngodile. Ga go pelaelo epe gore Jesu Keresete wa Nasaretha ke Mesia,

Mopholosi wa lefatshe.

Pesalome. 22:16 e re bolelela gore maoto le matsogo a gagwe a ne a

tlhajwa- jaaka ba dirile ka dipekere.Temana 14 of Ps. 22 e re bolelela

gore o tla nyorwa, mme marapo a gagwe a ntshiwe ditokololong tsa

o ne mo losong la gagwe, fela

A go diporofeto

dingwe tse Jesu a di

phetagaditseng?

Pesalome 22 ke

seporofeto sa loso la

gagwe ka sefapano.

A dipesalome ga di

a ngolwa dinyaga tse 1000

tse fetileng, pele batho ba

bapolwa jaaka kotlhao?

297

Ke a dumela gore Jesu ke

Mesia. Ke kwana e tshepisitsweng go

tlhatswa dibe tsa rona. Ga re sa tlhole

re tlhoka ditlhabelo. Jesu ke mojako o

lebisang go Modimo. Ke tla nna

morutwa wa Jesu.

Ke tla go kolobetsa

fa fela o dumela go Jesu

ka pelo yotlhe ya gago.

Metsi ke ano!

Ke kgorelediwa ke eng

go ka kolobetswa?

Oh! Go

jwalo! Ke a

dumela!

Ke go kolobetsa

bitsong la Morena le

Mopholosi wa rona,

Jesu Keresete.

A go bakwe

Modimo!

Monna yole

o ile kae?

O timeletse!

Gongwe Modimo

o ne a mmatla tulong e nngwe.

A re ye kwa Ethiopia re bolelele

kgosigadi se re ithutileng

sone ka Mesia.

Kereke ya tlhomama kwa Ethiopia mme ya tswelela

go fitlha malatsing a segompieno mmo bakeresete

ba le bantsi ba neng ba bolawa ke MaMuseleme.

298