nna thata le pelokgale; o se boifisiwe, le gone o se ka wa ... for e... · morago ga loso lwa ga...

Download Nna thata le pelokgale; o se boifisiwe, le gone o se ka wa ... for E... · Morago ga loso lwa ga Tim le Fred re ne ra kwala ka leeto ... Fa maemo a gagwe a ntse a senyegela pele,

If you can't read please download the document

Upload: vohuong

Post on 28-Feb-2018

518 views

Category:

Documents


107 download

TRANSCRIPT

  • Nna thata le pelokgale; o se boifisiwe, le gone o se ka wa raraana, gonne Jehofa Modimo wa gago o na nao kwa le kwa o yang gone.

    Joshua 1:9

    Dithapelo tsa Thotloetso 1

    Booklet.indd 1 2009/06/18 11:06:11 PM

  • Tshwaro e e bolokesegilengBuisa Johanne 10:118

    O fudisa letsomane la gagwe jaaka Modisa, O phutha dikwana ka letsogo, a di tshola mo sehubeng,

    a iketlisa tse di amusing Yesaya 40:11

    Ke ntse ke tsamaya mo nakong e e thata ebile ke ikutlwa ke nyemile moko le go boifa. Ka lora ke le ngwana yo monnye ke le mo diatleng tsa mokaloba wa monna. O ne a ntshwaretse mo sehubeng sa gagwe a taboga ka lebelo le le kwa godimo mo tselanengthoko e e tlhanaselang. Mme ga kea ikutlwa ke na le letshogo ntle le maikutlo a a gakgamatsang a polokego le pabale-sego. Fa ke thanya ka utlwa mafoko a a tlhapileng a, mo pelong ya me: O Bolokesegile mo diatleng tsa ga Jesu. Jesu Kreste botebo, maatla le lerato le le tletseng o re tshwara thata ka bonnete jaaka re tsamaya mo gare ga ditsuatsue tsa botshelo. Re boifa, re tlhoka tsholofelo, re tlamparelwa ke Jesu yo o re sireletsang ka botshelo jwa gagwe. Fa re lebagana le pelaelo, botlhoko, bolwetse le diteko tse dingwe, re ka gakologelwa: Jesu Kreste yo mogolo go feta both-ata le fa e le bofe, o re tlamparela thata mo pelong ya gagwe. Ke montle le go bolokesega mo diatleng tsa ga Kreste yo o ntshege-ditseng mo botshelong jo, ke bolokesegile ka go sena bokhutlo.Thapelo: Morena Jesu, o re rata mo osekang wa re tlogela, fa re le bokoa go ka kgotlelela, o re tshwara ka pabalesego le ka polokego. Re leboga lerato la gago. Amen

    KAKANYO YA LETSATSIKreste o mogolo go feta sengwe le sengwe

    se re ka lebaganang le sona.

    Elaine Richardson (South Africa)2 Dithapelo tsa Thotloetso

    Booklet.indd 2 2009/06/18 11:06:11 PM

  • Modikwadikwane o a TswelelaBuisa Mareko 6:5356

    Gopolang dilo tse di kwa godimo, e seng tse di mo lefatsheng, gonne lo sule mme botshelo jwa lona bo fitlhegile

    le Kreste mo Modimong. Bakolosa 3:23

    Dingwaga dingwe tse di fetileng, barwaarona e leng Tim le Fred, ba ne ba ineela mo bogaleng jwa AIDS. Tim o tlhokafetse ka di 21 Sedimonthole 1990. Fred ena a tswa mo botshelong jono ka di 20 Lwetse 1991. Maikutlo a lefifi, a lolea a setse mo dipelong tsa rona. Re belaela gore ga a kitla a tsamaya kgotsa a fela. Le fa go ntse jaalo, re utlwa mpho ya Modimo ya pholo. Pholo e tla ka tumelo mo maatleng a ga Jesu Kreste a go fenya loso. Morena yo o tsogileng o re solofetsa gore ka gonne Kreste a tshela, Tim le Fred le bona ba a tshela. Morago ga loso lwa ga Tim le Fred re ne ra kwala ka leeto la rona mo bukeng e e bidiwang: Dancing in a Wheelchair. Re tswelela ka go bolelela batho ba bangwe ba le bone ba tsamayang leeto le le bokete le. Fa re tlotlela baithuti kwa India, baruti kwa Zimbabwe, batsadi mo motsaneng mongwe wa United States, re rwadisana merwalo mme re bone tsela ya go dikadika ka tsholofelo le tshwaro.Thapelo: Modimo wa lerato le kagiso, tlatsa tsholofelo mo go ba ba tshelang ka HIV le AIDS. Dikanyetsa mongwe le mongwe ka batho ba ba ba tsheget-sang le go ba tlhokomela, ba ba batlang go dikadika mo tumelong. Amen

    KAKANYO YA LETSATSIRe leboga Modimo yo o re dikanyetsang ka tlhokomelo e e

    tswelelang.

    Bishop Fritz and Etta Mae Mutti (Missouri, U.S.A.)

    Dithapelo tsa Thotloetso 3

    Booklet.indd 3 2009/06/18 11:06:11 PM

  • MalaTsi a a MoleMo le a a bosula

    Buisa Pesalema 23Morena ke Modisa wa me ga nkitla ke tlhoka. Le fa ke ralala mogorogoro wa moriti wa loso, ga nkitla ke boifa bosula bope tsamma ya gago le seikokotlelo sa gago di a nkgomotsa. Ruri molemo le boitshwarelo di tla ntshala

    morago ka malatsi otlhe a botshelo jwa me. Pesaleme 23:1, 4, 6

    ke nnile le karolo ya me ya go sotlega fa ke se na go tshela ka HIV sebaka sa dingwaga di le 20: ka tlhaselwa ke pneumonia, ka ota, letsapa le legolo, tlhatlagano ya maikutlo, le go latlhegelwa ke ditsala di ka nna 3000 ka HIV. Mo malatsing ame a a molemo, ke dumedisa moso ka mo-nyebo, ke leboga Modimo ka ntlha ya letsatsi lengwe le lengwe le lentle, le go tswelela ke tshela botshelo ka botlalo. Mme malatsi a a bosula a dira gore go nne thata go amogela go tshela ka AIDS. Mo malatsing ao, ke simolola ka Thapelo e e bonolo: Modimo o itse gore go thata mo go nna gompieno. Ke tlhoka thuso ya gago. Fela ka bonako fa ke utlwa diatla tsa Modimo di ntikanyetsa, ke gakologelwa Pesalema 23 Ke be ke kgona go pagologa bolao jwa me ke opela sefela se ke se ratang: Jalo moya wa me o opela O mogolo jang. Nkabo ke santse ke utlwa botlhoko e bile go le thata go tswelela, mme fela nka tswelela mo letsatsing ka monyebo mo sefatlhegong sa me le botlhofo mo pelong ya me.Thapelo: Modimo, a ke utlwe diatla tsa gago tsa lerato di ntshegetsa gompieno mme o direle jalo le ba ba sotlegang. Amen

    KAKANYO YA LETSATSIModimo o naya maatla mo tsatsing lengwe le lengwe.

    Dave Daniels (Tennessee U.S.A.)4 Dithapelo tsa Thotloetso

    Booklet.indd 4 2009/06/18 11:06:11 PM

  • MeTsi a boTshelo go ba ba nyorilweng

    Buisa Johane 7:3739[ Jesu o rile] A mongwe le mongwe yo nyorilweng a tle go nna, a nwe. Yo o dumelang mo go nna, dinoka tsa metsi a a

    phelang di tla elela di tswa mo mmeleng wa gagwe, jaaka dikwalo di buile. Johane 7:3738

    Tsala ya lelapa la me ya mosadi e ne e le matlhagatlhaga le boitumelo. E le mme wa bana ba le bararo. O na a tshela botshelo jo bo tletseng maikatlapelo le tiro. Mo dingwageng tsa 40 tsa gagwe o ne a boga, bokoa, sedidi tsa mo tshoganyetsa le go tlhoka tsepamo. Fa maemo a gagwe a ntse a senyegela pele, o ne a bonwa a na le bolwetse jwa sklera. E ntse e le mokreste yo tletseng boitumelo botshelo jotlhe jwa gagwe, a rotloetsa ba ba bokoa. Morago ga dingwaga ke fa a le fela mo bolaong le setilo se se tsamayang. Maatla a gagwe a na a ile, le fa gontse jalo o na a ntse a dumela gore Jesu o tlatsa lenyora la gagwe la botshelo, le gone eseng la gagwe fela. Bao ba neng ba mo etela kwa gae kgotsa kwa Bookelong ba bone mo go ene tumelo e e maatla e e fenyang botlhoko le bokoa. Ba tsamaile ba na le tsholofelo e ntshafetseng le thotloetso. Fela jalo, batho ba ba tshelang ka HIV le AIDS, letshoroma, Lehuba(TB) le malwetse a mangwe a a kotsi ka gale ba tlisa tsholofelo e e ntshafetseng le thotloetso go ba bangwe.Thapelo: Modimo Rara, a ke neye ba bangwe maatla jaaka o matlafaditse bokoa jwa me. Amen

    KAKANYO YA LETSATSILeboga ka pelo e e tletseng boitumelo.

    Bishop Rudigy Minor (Germany)Dithapelo tsa Thotloetso 5

    Booklet.indd 5 2009/06/18 11:06:11 PM

  • Modimo wa TSHOLOFELO,lerato la gago le dira gore tse di sa kgonegeng di kgonege.Fa re lebagane le maemo a a bonalang a sa kgonege,re gakolole ka lerato la gago le dikgonagalo tse le di bolelang.

    Amen.

    6 Dithapelo tsa Thotloetso

    Booklet.indd 6 2009/06/18 11:06:11 PM

  • Mme jaanong Morena yo o go tlhodileng,Jakobe, yo o go bopileng, Israele,o bua jaana a re: Se boife gonne ke go golotse,ke go biditse ka leina la gago!O wa me. Fa o tshela ke na nao;le dinoka ga di na go go tsaya.Fa o ralala molelo ga o nke o swa;kgabo ga e nke o go fisa,E re ka o kaega segolo mo matlhong a me,o le yo o tlotlegang yo ke go ratang.

    Jesaya 43:12, 4

    Dithapelo tsa Thotloetso 7

    Booklet.indd 7 2009/06/18 11:06:12 PM

  • go Tshela leTsaTsi ka leTsaTsiBuisa 1 Johanne4:165:5

    Modimo ke lerato, mme yo o nnang mo leratong o nna mo Modimong, le Modimo o nna mo go ena. 1 Johane 4:16

    Ke leboga tshwaro ya Modimo le lerato le le sa khutleng ka go sa feleng. Ke bone Modimo jaaka yo o fodisang fa esale ke itse gore ke na le mogare wa HIV. Morago ga loso la monna wa me le batho ba le bantsi ba ba gaufi le nna ba simolola go swa, go ne go le botlhoko go tshela ke le nosi ka go sa amogelege fa o na le mogare wa HIV. Go ne go le boima letsatsi ka letsatsi. Mme Modimo o ne a iponatsa mo go nna. Mme ka nna ka ithuta seo letsatsi ka letsatsi ke ikaegile ka Modimo. Ke dumela gore Modiom o na a ntshepa go nna sekai mo maemomng a, fela jaaka Jobe. Ga ise ke tle ke palelwe jaaka ba bantsi ba palelwa.. Ke ne ka lemoga gore ruri tshwaro ya Modimo e ntekane. Modimo ga o fe jaaka lefatshe le fa, ebile ditsela tsa Modimo ga se tsa rona. Ke tswelela go rapela A thato ya gago eseng ya me, e diragale mo teng ga me le mo botshelong jwa me. Se se botlhokwa ke go dira thato ya Modimo letsatsi le letsatsi.Thapelo: Modimo o o lerato, re thuse go batla thato ya gago bogolo go tsotlhe. Bula matlho a rona gore re go bone. Amen.

    KAKANYO YA LETSATSITshwaro ya Modimo e anama go tswa bosakhutleng go ya

    bosakhutleng.

    Thandekile M. (South Africa)

    8 Dithapelo tsa Thotloetso

    Booklet.indd 8 2009/06/18 11:06:12 PM

  • ga re nosiBuisa Pesalema 102

    Utlwa thapelo ya me Morena, A selelo sa me se fitlhe go wena. O se mphitlhele sefatlhego sa

    gago mo nakong ya me ya tlalelo. Pesalema 102:13

    Fa ke tsamaya mo Sepetleleng sa AIDS le TB, ke na ka lemoga fa matlho a le mantsi a ne a ntebile. Ke na ka makala gore ba akanya eng. Le gore nna ke ne ke akanya eng. Fa ke kopana ka tidimalo le batho ba ba sotlegang/ bogolo e le basadi le banna le bana? Go ne go le thata go bona botlhoko le go itlhoboga mo matlhong a bona. Ke ne ke ka dira eng go tlosa botlhoko jwa bona? Go tlhofofatsa boima jwa bona? Ke na ka gakologelwa tsala e mpolelela tlalelo ya yone fa ba-agisani ba ne ba sa mo etele morago ga loso lwa monna wa gagwe. E le gore ga ke a latlhegelwa ke monna fela, mme go latl-hegile le dikamano tse dingwe; gone batho ba ne ba sa itse gore ba dire eng kgotsa ba bue eng. Ga re kgone go busa moswi, fela re ka nna teng go gomotsa ba ba tshelang. Gantsi fa re aparelwa ke botlhoko le tshotlego tse re di bo-nang, re batla go fitlha difatlhego tsa rona go leleka tlalelo e e re dikanyeditseng. Mme seo ke mpho e re tshwanetseng go e aba, fa re bona tshotlego go tsholetsa mantswe a rona boemong jwa bao ba sa kgoneng go ipulela.Thapelo: Modimo o o lerato, a mongwe le mongwe wa rona a utlwe lerato lwa gago, le tlhokomelo le boutlwelo-botlhoko go ba bangwe. Ga re nosi, Mowa wa gago wa lerato o na le rona, Re thuse gore re re nne le ba bangwe mo lera-tong. Amen

    KAKANYO YA LETSATSIFa re supa lerato, re diragatsa tlhokomelo

    ya Modimo go rona rotlhe.

    Bonnie J Messer (Colorado, USA)Dithapelo tsa Thotloetso 9

    Booklet.indd 9 2009/06/18 11:06:12 PM

  • Jesu o re Tshwara ka nenekeTso

    Buisa Johanne 1:1-14Lefoko le nnile nama la tshela gare ga rona.

    Johanne 1:14

    Ke rata temana e e buang ka Jesu a nna nama, a tla go tshela mo gare ga rona. Jesu o nnile nama botho jwa rona jwa fetoga. Jesu jaanong o na le rona ka ditsela tsotlhe. Fela go kaya eng gore Jesu o na le nna fa ke emetse dipholo tsa teko kgotsa ke kgaratlha ka bolwetse? Ke iphetlhetse ke botsa potso eo dingwaga tse di fetileng fa ke ne ke dirana le bolwetse. Ke boditse Jesu: Wena o dirana jang le malwetse? Se ke se lemogileng ke gore Jesu o ne ka ga ntsi a ya go Rragwe go rapela le go aroganya botshelo mmogo le ditsala tsa kgale le tse di swa. Seo se thusitse. Ke ne ka simolola go rapela le go reetsa mme ka bonya ka utlwa Modimo O mpitsa ka leina la me O re: O yo ke mo ratang. Le nna ka na ka bulegela ditsala tsa kgale le tse di swa tse di tshepegang, gone mo go bao ba nkamogetseng le go ntlhokomela, Jesu o ne a na le nna ka sebele. Kwa bofelong ke iphitlhetse ke botsa Jesu yo o itseng tshotlego, go ntshwara ka neneketso. O tsweletse go ntshwara ka ditsela dintsi tse ke iseng ke di nagane.Thapelo: Jesu, o itse botho jwa rona. Re go kopa go re utlwa, go re fodisa le go re rata. Amen

    KAKANYO YA LETSATSIKe yo o ratwang ke Modimo.

    Maria Curiperman (Ohio, U.S.A.)

    10 Dithapelo tsa Thotloetso

    Booklet.indd 10 2009/06/18 11:06:12 PM

  • Tshwaro Mo MMiTlwengBuisa 2 Bakorinthe 12:510

    Bopelotlhogi jwa me bo go lekane, gone thata ya me e bonala ka botlalo mo bokoeng. 2 Bakonthe 12:9

    Mme wa me o ne a tseelwa paradeising morago ga go lwa le kankere. Le fa a ne a fiwa diritibatsa botlhoko tse di bogale, tshotlego e ne e feteletse mo a neng a tlhoka go ikutlwa. Ka ke ne ke itse fa a se kitla a falola bolwetse jo, ke ikutlwile botshelo jwa gagwe jo bo sha kwa legodimong bo atametse. Moapostola Poulo o buile ka Mmitlwa o ke o tsentsweng mo nameng (2 Bakorinthe 12:7). Erile a kopa gore mmutlwa o ntshiwe, karabo ya nna gone, thata e bonalang ka botlalo mo bokoeng. (2 Bakorinthe 12:9) Poulo o na a itse gore thata ya ga Kresete e ikaegile mo botshelong jwa gagwe le mo gare ga bokoa jo bogolo tota. Fa moratiwa wa me a le mo gare ga basetsana, o tshwana le sethunya se se mo gare ga mitlwa. ( Sefela sa difela sa ga Solo-mone 2:2) temana gantsi e tlhalositswe jaaka lerato la ga Jesu go baitshepiwa ba gagwe ba a ba ratang. Fela re ya kwa pele re fitlhela lerato le le sotlegang la baitshepi ba ba kopaneng ka botlalo le Kresete, le rwesitswe mmitlwa. Motho yo o boboleleng loso, ke sethunya mo gare ga mmitlwa, ngwana wa ga Kresete, yo o anamisang monkgo o o monate wa sethunya. Motho yoo ke paki ya thata ya Modimo e e bonadiwang ka botlalo mo bokoeng jwa bolwetsi.Thapelo: Modimo ka tshwaro ya gago, fetola makoa a rona go nna maatla, mmitlwa ya rona go nna lonko lwa ga Kresete. Amen

    KAKANYO YA LETSATSIBopelotlhomogi jwa Modimo bo lekane

    botlhe le mo go botlhe.

    J.C. Park (Korea)Dithapelo tsa Thotloetso 11

    Booklet.indd 11 2009/06/18 11:06:12 PM

  • buisa PesaleMa 23

    Morena ke modisa wa me, ga nkitla ke tlhoka sepe.O mpothisa mo mafulong a matalana,O nkgogela kwa metsing a tapologo,O lapolosa mowa wa me,O ntsamaisa mo ditseleng tsa tshiamoKa ntlha ya leina la gagwe.

    Le fa ke tsamaya mo morogorong wa moriti wa loso,Ga nkitla ke boifa bosula bope;Gonne o na le nna.

    Tsamma ya gago le seikokotlelo sa gago, dia a nkgomotsaO baakanya bojelo fa pele ga me,Go lebagana le baba ba ba meO tlotsa tlhogo ya me ka lookwane;Senwelo sa me se tletse, se a penologa.Ruri molemo le boitshwarelo di tla ntshala morago ka malatsi otlhe a botshelo jwa me.Ke tla nna mo ntlong ya Morena go ya bosakhutleng.

    12 Dithapelo tsa Thotloetso

    Booklet.indd 12 2009/06/18 11:06:12 PM

  • kgoMoTsoBuisa Mareko 4:35- 41

    Moruti a ga o re sepe fa re nyelela? A tsoga, a kganela phefo, a raya letsha a re: Kgaotsa o didimale, Phefo ya khutla ga ba

    ga nna tidimalo e kgolo. Mareko 4:38, 39

    Ke ne ka akanya ka mokgwa o lefatshe le kgaratlhang ka teng ka HIV mme ka ipotsa Bolwetse jo bo tswa kae? Ke eng bo tlhasela batho ba eleng popo ya Modimo? Ga ke kgone go bona karabo. Se nka se dirang fela ke go akanya, go rapela le go kopa Modimo go tlisa poloko mo bathong. Ke dumela gore fela jaaka Kresete a ne a fodisa balwetse, re tla bona pheko ya bolwetse jo. Re tla bona poloko mme lefatse le tla gololesega go HIV. Barutwa ba ne ba goa ba kopa thuso fa ba ne ba gopola gore mokoro wa bone o a nyelela, fela Jesu o ne a didimatsa lewatle a didimatsa le barutwa. Ke na le tsholofelo gore jaaka re lebagana le botlhoko jwa AIDS, Jesu Kresete o tla didimatsa ditsuatsue tsa HIV/AIDS. Ke a dumela ebile ke a itumela fa ke buisa lefoko la Modimo la kgomotso. Modimo o tla aga o na le batho ba ona.Thapelo: Modimo yo o teng gotlhe le yo o itseng gotlhe re thuse go fenya botlhoko jo bo tlatsang dipelo tsa rona. Re rute go tshele matshelo a tsholofe-lo. Amen

    KAKANYO YA LETSATSIJesu Kresete a ka didimatsa diphefo mo botshelong

    jwa rona le fa pholo a sa tle.

    Armindo Mapoissa (Mozambique)

    Dithapelo tsa Thotloetso 13

    Booklet.indd 13 2009/06/18 11:06:12 PM

  • go nna le Mogare wa hiVBuisa Pesalema 42

    O obegetseng, wena mowa wame, o huduegelng mo teng ga me? Solofela mo Modimong, gonne ke tla be ke o leboga, ka e

    le ona thuso ya sefatlhego sa me le Modimo wa me. Pesalema 42:12

    Ka Sedimonthole a le 4, ngwaga wa 2001, ke ne ka lemogiwa ke na le HIV. Ke ikutlwile ke le leswe. Ke ipone molato wa go nna botlhaswa le boeleele. Se ke neng ke se gopotse fela ke loso. Ke ne ke tlalelane le go tshoga go bolelela batsadi ba me ka maemo a me a HIV. Ke ne ke gopola gore ke nnile le mogare wa HIV jaaka kotlhao ya maleo a me. Ke gone ke neng ka lemoga gore ke tlhoka go dira kagiso le nna le go boelana le Modimo. Jaanong ke itumetse. Ga ke tlhole ke tshogile go bolelela batsadi ba me ka ga maemo a me a HIV. Ke ipona ke le yo tlhaotsweng, yo o tlhaotsweng go ema ka dinao go bontsha ba bangwe gore fa o ikaega ka Modimo, ga go na se se ka emang mo tseleng ya gago.Thapelo: Modimo o o boitshepo, re lebogela gore le fa rotlhe re le baleofi, O batla fela se se molemo ka ntlha ya rona mme ga o re otlhaye ka bolwetse. Re go lebogela Jesu, yo o supileng gore mongwe le mongwe wa rona o botlhokwa le go ratwa mo a ka swelwang. Re thuse go dumela mafoko a a molemo ao. Amen

    KAKANYO YA LETSATSIModimo o a re rata le go re batlela fela se se molemo.

    Vuyelwa M. (South Africa)

    14 Dithapelo tsa Thotloetso

    Booklet.indd 14 2009/06/18 11:06:12 PM

  • ModiMo o kae?Buisa 1 Bakorinthe 12:12-20

    Tsotlhe ke di kgona ka ena yo o nthatafatsang, ebong Kresete Bafilipi 4:13

    Ke lebeletse Bryan, mo dikgweding tse tharo tse di khutswane, mosimane, wa me yo o ratang metlae e bile a na le dineo, o ne a se na thuso epe ka ntlha ya bokoa jwa boboko jo bo tlisitsweng ke HIV. Mosimane yo o neng a itse le go rata Morena, Le ka dinako dingwe a galaletsa Modimo ka mpho ya gagwe ya pina, la bofelo o robetse ka tidimalo le go swa. Bolwetse jo bo setlhogo bo amogile Bryan puo, motsamao tiro ya mmele wa gagwe, monyebo wa gagwe. Jaaka ke ne ke dutse fa thoko ga bolao jwa ga Bryan, ke mo tshwere ka seatla, ke ne ka belaela, o kae Modimo? Karabo e na ya tla ka mafoko a kgomotso le lerato a tla ka sister Mary, morapeledi wa ntlo ya tlhokomelo ya balwetse. Modimo o nkamile ka katlo ya kagiso ya ga Fram, modirediloago. Modimo o ne ka diatla tse di sa lapeng tsa baoki ba ba neng ba tlhokomela Bryan ka boineelo le mo pelong ya lerato ya ga Da-mon tsala ya ga Bryan le moithaopi wa hospice. Modimo o buile le nna ka ditshego le dikeledi tsa ba lesika le ditsala ba ba neng ba letsa mogala le go eta le ka mafoko a netefaletso a a go Denny, moruti wa rona. Ke ne gape ka leba difatlhego tsa batho ba, ka bona Jesu! Mongwe le mongwe wa batho ba o ne a diragatsa tlhokego e e kgethegileng, mme mmogo ba diragatsa ditlhokego tsotlhe. Ke sekai se se ntle sa mmele wa ga Kresete se batho ba ba nnileng le sone mo go nna!Thapelo: Re a go galaletsa Modimo, ka ditsela tsotlhe tse o itlhagisang mo go rona ka tsona. Re leboga go re bontsha lerato la tlhokomelo bogolo jang fa dipelo tsa rona di imetswe. Amen

    KAKANYO YA LETSATSITsela ya go bona Modimo ke mo tirafatsong ya lorato le kutlwelo-

    botlhoko tse di re tshegofatsang mo botshelong.Kathryn A Sutton (Texas, U.S.A.)

    Dithapelo tsa Thotloetso 15

    Booklet.indd 15 2009/06/18 11:06:12 PM

  • MAFOKO A TUMELO MODINAKONG TSA BOTLHOKO

    Bontsi bo bone maatla le thuso, mo dinakong tsa botlhoko, mo mafokong a tumelo go tswa mo beibeleng. Dirisa dikaelo tse go go

    thusa go bona ditemana mo dinakong tse di ntseng jalo.

    Fa morwalo o le boima Matheo 11:28 30

    Fa o tshwenyegile Bafilipi 4:6-7; 1 Petoro 5:7

    Fa o sa itse gore o ye go mang Pesalema 121

    Fa o tlhoka tshireletso Pesalema 91

    Fa o tlhoka thotloetso Joshua 1:9

    Fa o na le pelo e e tshwenyegileng Joshua 14:27

    Fa o boifa Pesalema 27:1

    Fa o tlhoka go simolola sesha Dilelo 3:22-24

    Fa o tlhoka maatla Isaiah 41:10

    16 Dithapelo tsa Thotloetso

    Booklet.indd 16 2009/06/18 11:06:12 PM

  • Fa tsela e bonala e le lefifi Pesalema 23: 4

    Fa o boifa go swa Johane 11:2526

    Fa o tlhoka go kgotlhelela Bahebera 12:12

    Fa o ikutlwa ekete o a nwela Pesalema 69:1-3

    Fa o sa itse gore o rapele Baroma 8:26-27

    Fa go bonala ekete Jesu ga na le wena Luke 24:13-35

    Fa o boifa bokamoso Jeremea 29:10-11

    Fa o batla go leboga Modimo Isaiah 25:1

    Fa o tlhoka mmueledi Bahebera 4:15-16

    Fa o tlhoka boitshwarelo jwa Modimo Pesalema 51:13, Baroma 8:1

    Fa o batla go dumela Mareka 9:24

    Dithapelo tsa Thotloetso 17

    Booklet.indd 17 2009/06/18 11:06:12 PM

  • dikeledi Tsa boiTuMeloBuisa 2 Bakorinthe 2:3-7

    Ba ba jalang ka dikeledi ba tla roba ka tuduetso. Pesalema 126:5

    Ke gomoditswe ka tumelo ya gore go lela go maswe kgotsa ke sekao sa bokoa. Basimane ba bagolo ga ba lele. O seka wa dira gore ba go bone o lela. Ka, 2001 fa ke ne ke koko-tlegela mo lenaneong la tiriso ya diritibatsi, kepese ya me e ke e ratang ya baseball e ne ya nyelela. Kepese e e botlhokwa e, e ne e utswilwe. Balwetse ba bangwe ba ne ba thusa go e senka mme kwa bofelong legodu la bonwa mme kepese ya me ya mpoela. Balwetse ba bangwe ba ne ba re ke ipusolosetse mme ba bangwe ba re ke mo itshwarele. Pele ke ikopanya le ena. Ke ne ka tlhoka nako ke le nosi pele. Ke ne ka ya kwa ntlong ya Thapelo, mme lwa ntlha mo botshelong jwa me ke ne ka utlwa ke patelesega go rapela. Morena, ke dire eng? Ke gone fa go diragala tsosoloso ya mowa wa me. Mo go thubegeng ka dikeledi, karabo e ne ya totobala. Rotlhe re ne re le mo lefelong le, go bona thuso go kgaogana le bokgoba jwa rona. Ke ne ke tlhoka monna yo mo go kokotlegeleng ga me mme le nna ke ne ke tshwanetse go mo neela thuso ya me. Sengwe se se makatsang sa na sa diragala. Ke na ka lemoga gore se ga se dikeledi tsa khutsafalo fela, e ne e le tsa boitumelo. Ke ne ke sa itse gore maikutlo a a makatsang a a tshela. E ne e le maikutlo a boitumelo a ke neng ke se kitla ke a itse fa nkabo ke ne ka tswelela ka go tshegetsa maikutlo a me mo teng.Thapelo: Modimo re lebogela mpho ya dikeledi. Amen

    KAKANYO YA LETSATSIA ke letlelela go amogela mpho ya go utlwa maikutlo a me?

    Claude Genzel (Tennessee U.S.A)18 Dithapelo tsa Thotloetso

    Booklet.indd 18 2009/06/18 11:06:12 PM

  • o seka wa iTlhobogaBuisa 2 Bakonthe 4:1-18

    Ke ka moo re sa nyemeng moko. Mme le fa botho jwa rona jwa ka kwa ntle bo fedisiwa jo bo kwa teng jone bo

    ntshwafadiwa ka letsatsi le letsatsi. 2 Bakorinthe 4:16

    Moapostola Paulo fa a kwalela Bakorinthe o ba rotloetsa go sa nyeme moko. Ona Modimo o o tsositseng Jesu Kresete o tla re tsosa le rona go sa kgathalesege matlhoko a re fetang mo go ona. Dipogo tsa rona mo lefatsheng di kgolo, mme fela ga di ka ke tsa lekanngwa le kgalalelo e e re emetseng kwa legodimong. Ka dinako tse di ntsi fa re le mo thomong re rapeletse balwetse bangwe ba bona ba tshwerwe ke malwetse a loso. Bangwe ba fodisitswe ke Modimo, fa ba bangwe ba tlhokafetse, le fa re na le tumelo ya gore Modimo a ka nna fodisa. Maitemogelo a nthutile gore mathata a rona a selefatshe a re baakanyetsa kgalalelo e e sa khutleng e e fetang dipogo tsa rona kgakala. Re ka tsamaisa mogopolo wa rona ka tumelo le tsholofelo mo kgalalelong e e re emetseng kwa legodimong le fa mmele wa rona wa nama o senngwa ke bolwetse.Thapelo: Modimoo o re fodisang, re thuse go tsepama mo tsholofelong. O re baakanyeditse kgalalelo e e sa khutleng le fa re digwa ke bolwetse. Mo leineng la ga Jesu re a rapela le go dumela. Amen

    KAKANYO YA LETSATSIKresete Jesu o re abela tsholofelo gompieno

    Philip Polo (Kenya)

    Dithapelo tsa Thotloetso 19

    Booklet.indd 19 2009/06/18 11:06:12 PM

  • go Thibela diTshwaeTso Tse dishwa

    Buisa Isaiah 40:1-11Legodu le tla fela go bolaya le go senya. Nna ke tsile gore di

    baane le botshelo di be di nne le letlotlo. Johanne 10:10

    Kaaja ngaka ya melemo le profesa mo India, ke utlwa botlhoko nako le nako fa motho yo mongwe a tshwaediwa ka HIV. Batho ba ka nna dimilione di le 5 ngogola, ba tshwae-ditswe ka twatsi. Ke belaela gore Modimo oa lela gompieno gonne HIV ke bolwetse jo bo ka thibelwang. AIDS ya lefatshe lotlhe ke bothata jwa pholo jo bo tobaneng le lefatshe mo dingwageng di le 700. Le fa gontse jalo batho ba le bantsiba ganetsa se. Ga ba na go bua phatlalatsa le ka botshepegi gore tshwaetso e ka thibelwa. Jaaka Jesaya, dinako dingwe ekete re goa mo sekakeng go se ope yo o reetsang botlhokwa jwa tlhokego mo thutong, thibelo, tlhokomelo le kalafi. HIV ke legodu le le utswang botshelo. Modithakong tsa kwa magaeng tsa AIDS, re tlhomamisa tlhokomelo mo go thibe-leng tshwaetso go tswa go mme go lesea ka nako ya pelego. Re tshwara bothata go bona diritibatsi tsa thibelo go bana ba ba lebetsweng ke lefatshe.Gape re leka go ruta batho go thibela go tshwaediwa le go tshwaetsa ba bangwe. Jesu ga a ise a ke a lapego ruta bathogo tshela botshelo jwa letlotlo. Ka thuso ya Modimo mongwe le mongwe wa rona o tshwanetse go senka mekgwa ya go rotloetsa thibelo, gore batho botlhe ba nne le botshelo, ba be ba nne le letlotlo.Thapelo: Modimo, re fe bopelokgalegore re kgone go bua phatlalatsa ka go thibela tshwaetso ya HIV. Amen

    KAKANYO YA LETSATSIModimo o batla batho botlhe ba tshela ka letlotlo.

    N. M. Samuel M.D. (India)20 Dithapelo tsa Thotloetso

    Booklet.indd 20 2009/06/18 11:06:12 PM

  • Ke mang yo o ka re kgaoganyang le lerato lwa ga Kresete? A ke tlalelo kgotsa pitlagano gongwe pogiso gongwe tlala gongwe tshaka?

    Nnyaya mo dilong tsotlhe tse re bafenyi ka ena yo o re ratileng. Gonne ke tlhomamiseditswe gore le fa e ka nna loso gongwe botshelo gongwe baengele gongwe balaodi gongwe dilo tse di teng gongwe tse di tlaa tlang , gongwe dithata gongwe bogodimo gongwe boteng, le fa e ka nna sebopiwa se sele ga di kgone go ka re kgaoganya le lerato lwa Modimo lo lo mo go Kresete Jesu, Morena wa rona.

    Baroma 8:35, 3739

    Dithapelo tsa Thotloetso 21

    Booklet.indd 21 2009/06/18 11:06:12 PM

  • Jesu o aTaMela gauFiBuisa Matheo 11:28-30

    Rre le Mme ba ntlogetse, mme Morena o a nkamogela.Pesalema 27:10

    Bontsi jwa batho ba ba tshelang ka HIV le AIDS, ba ikgaoganya le Modimo gonne ba gopola gore ke baleofi, ba paletswe mo botshelong. Mme nna ke tsaya maemo a me a HIV jaaka letshwao la sengwe se ke tshwanetseng go se dira kgotsa go se fetola. Selelo sa pelo ya me ke go bona pheko kgotsa kalafi ya HIV/AIDS lefatshe ka bophara. Setshaba, ditsala le ba lelapa ka dinako dingwe ba a re kgetholola le go re nyemisa moko ba re nang le mogare wa HIV. Ditsala di a re kekologa gonne ba gopola gore batho ba tla gopola gore le bona ba na le mogare fa ba bonwa ba na le rona. Ba lelapa ba re kgoromeletsa kgakala gonne ba dumela maano a rona a HIV a diga seriti sa lelapa. Le fa go ntse jaalo ke na le tsholofelo. Modimo o bolokile Afrika Borwa ka nako ya kgethololo mo tshololong ya madi magareng a batho ba rona. Re ne ra rapelela kagiso ka nako ya ditlhopho mme e ne ya nna teng. Modimo o na le rona mme go nna teng ga Modimo go tlisa metlholo. Rona ba re nang le HIV re ka tshwanelwa, ra lebala ra khutla go supiwa ka monwana, ra gana go tsiboga ka kgalefo go ba ba re kgethololang le go re nyatsa. Se ke mokgwa/tsela ya ga Kresete.Thapelo: Morena Jesu Kresete, re fe botlhale go latela tsela ya gago le go tshep-ega mo go ba bangwe le mo go rona. Re rute go rata ko ntle ga mabaka.

    KAKANYO YA LETSATSITsela ya ga Kresete ke go atamela bao lefatshe le ba kekologang.

    Mathabo L. (South Africa)22 Dithapelo tsa Thotloetso

    Booklet.indd 22 2009/06/18 11:06:12 PM

  • boTshelo bo ka nTshwaFadiwaBuisa Johane 11:32-44

    Go ne go le motho mongwe yo o humileng, a apere seaparo se se hibidu le lesela le lentle la letseta, a nna a itumela ka metlha mo bontlentleng. Mme mokopi mongwe yo o bidiwa Lasaro o ne a beilwe mo kgorongya gagwe a tletse dintho. A eletsa go

    kgorisiwa ka tse di wang mo tafoleng ya mohumi. Luke 16:19 -21

    Ga go ise go nne moento kgotsa pheko go ka fedisa bothata jwa HIV/Aids. Fela re na le mafoko a a monate. Melemo e me shwa ya diritibatsi a teng ka jalo bolwetse ga go sa tlhokega gore e nne gore fa bo go tsene le loso fela. Kgolagano e ntshwa e bega ditiragalo tsa banna ba le babedi ba bidiwa Lasaro. Lasaro yo mongwe ke mohumanegi, molwetse o tshwerwe ke tlala, o itlhokomologwa ke mohumi yo o pelot-shetlha. Lasaro yo mongwe kgaitsedia Maria le Maretha a swa mme Jesu a mo tsosa mo baswing. Dipolelo tse pedi tse di re gakolola gore Modimo o re biletsa go nna baemedi ba gore botlhe ba fitlhelele melemo mahala kgotsa ka tlhwatlhwa e e kwa tlasele; dijo tsa batho ba ba tshe-lang ka HIV/Aids, malaria le TB. Kwa Eldoret, Kenya, dingaka di fa batho ditaelo tse pedi e nngwe ke ya dijo e nngwe ke ya melemo. Re lebogela diritibatsi tse di shwa. Batho ba ba batlileng ba swa batshwana le Lesaro, ba a tsamaya ba a dira gape. Sekai ke Rose, yo o batlileng a swa, mme jaanong ke motlatsa motsaisi wa polase. Bana ba gagwe ba bararo ga se dikhutsana.Modimo o bitsa bahumi go abelana gore re fedise tlala re tlise pholo le tsholofelo go ba ba lwalang.Thapelo: Modimo wa botshelo, nthuse gore ke nne moemedi wa dijo le melemo go batho botlhe. Amen

    KAKANYO YA LETSATSIKwala lekwalo gompieno o kope batho le

    mebuso go aroganya dijo le melemo.Donald E. Messer (Colorado U.S.A.)

    Dithapelo tsa Thotloetso 23

    Booklet.indd 23 2009/06/18 11:06:13 PM

  • bona, o reeTse o TshwareBuisa Mareka 1:40-41

    Fa o rata, o ka mphepafatsa.Jesu a re, Kea rata, phepafala! Mareka 1:40-41

    Mo polelong ya dikwalo tse di boitshepo re fitlhelela maikutlo a gore Jesu ke ene a tshegeditseng, gore ka bojot-lhe o eletsa go fedisa baba botlhe ba ba eletsang go utlwisa batho botlhoko. Jesu o tsaya taolo ka go rera le go alafa. Jesu o fodisa molepera, mongwe wa ba ba neng ba latlhwa ba nyadiwa mo matsatsing ao. Molepera yo, o tlhagelela fela mo gare ga nako, a khubama fa pele ga Jesu mme a re: Fa o rata, o ka mphepafatsa! Sotlhe se Jesu a leng sone se bolelwa ke maikutlo le karabelo ya gagwe,: Jesu a tlhomoga pelo, a ntsha letsogo, a mo ama, a mo raya a re: kea rata, phepafala!, (Mareka 1:41) Ga re tlhaloganye gore jang, mme fela re itse gore ka tsela nngwe o mmone, a mmona ele ruri, mme a mo arabela jaaka motho, eseng jaaka yo latlhilweng. Jesu a mo reetsa, a mo leba, a mo ama a tsaya kgato e goseng ope o ne a ka e tsaya ka nako eo. Le rona re ka mo ikanya. Jesu o tla re arabela ka yone tsela e a arabetseng molepero. Gape, gopieno lerato la ga Jesu le le fodisang le tla ka rona. Karabelo ya rona mo go ba bangwe e tshwanetse go nna kutlwelobotlhoko e e re kgoromeletsang go bona, go reetsa le go ama.Thapelo: Modimo ya alafang, mpone, o nkutlwe o be o nkame gompi-eno. Amen

    KAKANYO YA LETSATSI Rona, re matlho, ditsebe le matsogo a ga Kresete mo lefatsheng

    gompieno.

    Maxie Dunnam (Kentucky, U.S.A)24 Dithapelo tsa Thotloetso

    Booklet.indd 24 2009/06/18 11:06:13 PM

  • kuTloboTlhoko le Thoriso/Pako

    Buisa Pesalema 22Se nne kgakala le nna; gonne khuduego e gaufi; ka gobo go se na ope yo o nthusangO seka wa nna kgakala, Jehofa;

    wena Moelamedi wa me, o intlhaganelele go nthusa. Pesalema 22:11, 19

    Ke ntse ke thusana le tsala ya me, yo e bileng ele leleko mo Kerekeng ya etsho; yo a nang le bothata jwa AIDS. O tsenwe ke bokoa mme o mo bothateng le jwa go ithusa ka ditl-hoko tse di potlana. Gole gantsi re buisa Pesalema ya 22 mmogo. Pesalema e, e lere ditshwantsho tsa botlhoko le boitumelo, tlhokofalo le Boipelo, kgatelelo le tsholofelo. Makgetlo a le mantsi, bophelo jwa tsala e ya me bo bolelwa mo Pesalemeng eno. O latlhwa ke batho ba ba kgobang ba tsitsinya ditlhogo fa ba mmona. O lebagana le botlhoko le tlhokofalo, komelelo e boitshegang mo ganong, mmele o latlhegelwa ke bokete jwa one, mo nako din-gwe o ka bala le marapo a gagwe, le pelo e a lepelela, mme eete e a nyerologa mo teng. Mme pesalema e gape e opela ditsholofetso tsa Modimo go tsala ya me, le mo go rona rotlhe; Modimo O a re itse mme ebile ke matla a rona.Ka dinako tsotlhe Modimo o na le rona, mme ga a itlhokomologe botlhoko jwa rona, mme ebile o arabela selelo sa rona fa re goelela go ena re kopa thuso. Nako tsotlhe fa tsala ya me le nna re buisa pesalema 22 mmogo, re tlala kagiso ya Modimo. Tsholofelo e nna gone gape, mme re tswelela mo leetong ka kitso ya gore Modimo o tsamaya le rona.Thapelo: Modimo, O utlwa dithapelo tsa rona fa re kopa thuso, mme o re buseletsa matla mo nakong tsa matshwenyego. Re lebogela bogone jwa gago jo re nayang lesedi le tsholofelo mo masigong a a thata. Amen

    KAKANYO YA LETSATSIModimo o gaufi ka nako tsotlhe

    Pascual P. Torres ( Honduras)Dithapelo tsa Thotloetso 25

    Booklet.indd 25 2009/06/18 11:06:13 PM

  • Lo se ka lwa tlhobaediwa ke sepe; mme mo dilong tshotlhe a ditopo tsa lona di itsisiwe Modimo ka Thapelo le kokotlelo, di na le tebogo. Kagiso ya Modimo e e fetang tlhaloganyo yotlhe, e tlaa dibela dipelo tsa lona le megopolo ya lona mo go Kresete Jesu.

    Bafilipi 4:6-7

    26 Dithapelo tsa Thotloetso

    Booklet.indd 26 2009/06/18 11:06:13 PM

  • ke Mang yo TlhokoMelang baTlhokoMedi

    Buisa 1 Bathesalonika 2:5-8Ke ne ke lwala lwa ntekola.

    Matheu 25:36

    Re ne re dutse re bua le Bomme bangwe ra bua ga dikgang tsa maphelo a rona. Ba ne ba nnile le boikanyego mo bale-kaneng ba bone, mme ba ba tlhokomela le ka nako e ba ne ba itemogela botlhoko jwa AIDS. Ba malapa a bone, le bone ba ne ba ba tshegetsa. Lefa go ntse jaalo morago ga dintsho tsa balekane ba bone, le gore le bone ba lemogwe fa ba na le AIDS, ba malapa a balekane ba ba fetogela ba ba koba mo lapeng. Go le gantsi bo-mme ba bewa molato fa balekane ba bone ba bolawa ke AIDS, lefa ese bone ba nnileng le tshwaetso. Mme bomme ba ba tla kwa tempeleng ya Buddhist Phrabat Nampu kwa Thailand. Koo ba bona tshegetso le kgomotso. Mme moo gape ba bona tlhokomelo e tletseng lerato ka nako e ba itemogelang ditlamorago tsa AIDS. Mme ba ne ba tlhologele-lwa malapa a bone. Go le gantsi ba eleng batlhokomedi bone ga ba bone tl-hokomelo fa ba lwala kgotsa ba le mo tlase ga kgatelelo. Potso e salang ke ya gore ke mang yo o tlhokomelang batlhokomedi?Thapelo: Modimo wame, tseela mo ponong ya gago e e fodisang botlhe ba ba neelang maphelo a bone kantlha ya ba bangwe. Ba neele matla mo tirong ya bone, mme o ba gomotse mo ditlalelong tsa bone. Amen

    KAKANYO YA LETSATSIGopola ba ba nnileng batlhokomedi mo go wena.

    John Blinn (Colorado, U.S.A)

    Dithapelo tsa Thotloetso 27

    Booklet.indd 27 2009/06/18 11:06:13 PM

  • ModiMo o huTsaFeTseBuisa Jeremia 31:1517

    Lentswe la utlwala mo Rama, selelo le khutsafalo e kgolo, e le Ragele a lelela bana ba gagwe; mme a gana go gomodiwa, ka

    gobo ba seyo. Matheu 2:18

    Go na le bana ba le bantsi go feta jaaka re ka lemoga, ba ba nang le tshwaetso ya HIV/AIDS, malaria, le mafatlha. Ke mang yo ba lelelang? Mosetsanyana wa ngwaga di le tlhano wa Afrika Borwa o na a tshwanelwa ke go tswa kwa legaeng ja dikhutsana kantlha ya fa a tshwaeditswe ke AIDS. Bana ba fetoga batsadi ba bo monna-a-bone. Ke mang jaanong yo o tla nnang motsadi wa batsadi bao ba ba potlana? Ke mang yo tla gomot-sang bana ba, a ba rute, a ba sireletse mo bolwetseng jo, le mo boketeng jwa bophelo? Ke mang yo tla ba lelelang fa malapa a bone, setshaba sa bone se setse se ile? Bana ba, ba ba bontsi jo bo sa balweng, ga ba na ope yo ka ba lelelang, gonne moloko otlhe o ile. Ke ka reng? Ke arabela ka goreng? Gongwe ga nkitla ke kopana le maseanyana a; baphela maphelo a a farologaneng; bangwe ke ba ditumelo tse dingwe. Mme gone ke baena le dikgaitsedi, basimane le basetsana ba me. Ke bana ba Mogodimodimo, Modimo yo tshwanetseng a ba a hutsafalela a lelela bana botlhe.Thapelo: Modimo wa kutlwelobotlhoko, wena mmogo le lelapa la lefatshe lotlhe le rona rotlhe rea lela. Gomotsa botlhe ba ba mo bodutung le mo poifong, ba ba senang ope yo ba lelelang. Letla re nne pelo ya gago re tswele kwa go botlhe ba ba hutsafetseng. Letla re nne diatla tsa gago re thuse botlhe ba ba santseng ba phela. Gonne o Modimo yo o emang le ba ba sa bonweng le ba ba latlhegileng. Tla mo dibakeng tsotlhe tse di tlhokang kgomotso le phodiso ya gago. Amen

    KAKANYO YA LETSATSIRe ka thusa Modimo ka go neela kutlwelobotlhoko le dikeledi mo

    go botlhe ba ba sotlhegang gompieno.Beth A. Richardson (Tennessee, U.S.A.)

    28 Dithapelo tsa Thotloetso

    Booklet.indd 28 2009/06/18 11:06:13 PM

  • go raTa Mong-ka-ronaBuisa Bagalata 6:15

    Lorato ga lo direle oo rra motho basula; mme ke gone lorato ke tirafatso ya Molao. Baroma 13:10

    Gautshwanyane ke kopane le mosadi mongwe yo bidiwang Bertha, ele mosadi wa kwa Gautemala yo nang le AIDS. O na a bua ka tsela yeo batho ba ba tshwaeditsweng ke HIV/AIDS ba tlhorontshiwang ke setshaba. Le Kereke e kgona go ba utlwisa botlhoko baba nang le AIDS. A bua gape ka mme yo neng a sa tsewa wa kwa El Salvador yo neng a ya kwa Kerekeng a batla kgomotso. Fa moruti a utlwa ka maemo a gagwe bolelela setshaba sotlhe ka ga mosadi yo. Ka ntlha ya seo mosadi yo a tsamaya a tlogela motse o o. Bertha a bolela fa basadi bangwe ba bile ba ipolaya kantlha ya fa ba le mo maemong ao. Polelo ya ga Bertha ya nkutlwisa botlhoko. Ya dira gore ke itlhatlhobe boemo le kakanyo ya me. Nna jaaka molatedi wa ga Jesu, ke amogela jang ba ba tshwaeditsweng ke AIDS? Ke ka thusa jang go lere kgomotso le tsholofelo mo go baba lwalang le ba ba tlhokang tlhokomelo? Mo go Bagalata, Paulo o re biletsa go rwadisana merwalo, re se ka ra kgetholola ba ba tshwereng makete kgotsa ba farologane le rona. Re bilediwa go nna le lerato le le kutlwelobotlhoko, re seka ra atlhola ope, re bontshe lerato la ga Kresete mo go tsotlhe tse re di dirang.Thapelo: Modimo yo o Boitshepo, bopa mo teng ga rona mowa o o bulegelang bana ba gago botlhe, re amogele ba ba tlhokang. Re thuse go ba tlhokomela le go ba bontsha lerato la gago. Amen

    KAKANYO YA LETSATSILesedi la Modimo le phatsima bogolo mo go rona, fa re ratana

    Linda Bales (Virginia, U.S.A.)Dithapelo tsa Thotloetso 29

    Booklet.indd 29 2009/06/18 11:06:13 PM

  • TsholoFelo Mo TsaTsing Ja TheregoBuisa Dikhutsafalo 3

    O se ka wa nna therego mo go nna; ke wena botshabelo jwa me, mo motlheng wa bosula. Jeremia 17:17

    Fa therego e tlhaga mme go fitlhelwa gore ke HIV, ke ne ke setse ke itse molemo wa go itshwarelela mo tsholofelong e e sa khutleng e tlang ka tumelo mo go Jesu Kresete. Mme morago gape ka itse ga go bonolo go nna le tsholofelo eo mo nakong tsa therego ya lefatshe, gore go bonolo thata go bua tumelo mme go thata go e fitlhelela. Go nnile bonolo go ikamanya le moporofeta Jeremia mo selelong sa gagwe: Ana go ntse jang botlhoko jwa me bo nnetse ruri, le ntho yame ele e e sa foleng, e e ganang go fodisiwa. (Jer 15:18) Mme jaaka Jeremia ka bolela Modimo, O tla nna mo go nna jaaka nokana e e tsietsang, jaaka metsi a a sa tlhomamang. Ke morago ka nang ka lemoga gore mo go Jesu Kresete re na le tsholofelo e e phelang le phemelo mo ditheregong tse di leriwang ke bophelo. Ka ba kare Gopola pogisego ya me le manyobonyobo a me, longana le santlhokwe. (Dikhutsafalo 3:19), ke ikgakolola go mo, mme ke gone ke nang le tsholofelo. Fa e bone ne re sa nyelediwe jaana ke ka ntlha ya mapelonomi a ga Jehofa, le ka go bo matlho-moga pelo a gagwe a sa tlhaele. (Dikhutsafalo 3:21-23)Thapelo: Kea go leboga Modimo Rara, gore lefa ke tepelediwa ke matsh-wenyego a me, ke sa ntse ke sa itlhoboge. Re lebogela ntshafatsho ya matla e re e boneng mo go wena. Amen

    KAKANYO YA LETSATSIModimo ke tsholofetso ya rona mo matshwegong.

    Frans Koekemoer (South Africa)30 Dithapelo tsa Thotloetso

    Booklet.indd 30 2009/06/18 11:06:13 PM

  • go kgaoganya PoiFo Tsa ronaBuisa Pesalema 27

    Jehofa ke lesedi la me, le poloko yame; ke tla boifa mang? Jehofa ke thata ya botshelo jwa me, ke tla nna mo poifong ka ga mang?

    Pesalema 27:1

    Ngwaga tse thataro tse di fetileng ka nna le karo ya go tlosa tlhagala mo bobokong. Ke nnile kwa Sepatala ga raro ka ntlha ya botlhoko jo. Ka ntlha ya botlhoko jo ka fitlhela ke sa tlhole ke dira tiro ya ma ya boruti. Ke ne ke patilwe ke lelapa la kereke mmogo le lelapa ka kwa gae, le setshaba. Bogolo ja batho ba, e ne ele ba ba nkutlwelang botlhoko. Ka na ka lemoga gore go kgaoganya poifo ya me le ba lelapa la me, go nthusa go lebagana le poifo ya me. Batho ba ba HIV ba tshwanelwa ke go kgaoganya makete a bone le batho ba ba ngwe. Ka na ka lemoga gore batho ba ba HIV/AIDS, malaria, le lehuba le matlhoko a mangwe, ba tshwanetse go ithuta go kgaoganya le batho ba bangwe. Ke setse ke itse go leka go thusa ba ba lelelang tsala tsa bone. Ke itlwaeditse jaang go kgaoganya le ba bangwe mme seo se mpha matla a magolo. Ke na le tsholofe-lo a ntsha, matla a ma ntsha le mo go ba ke nnang nabo.Thapelo: Modimo yo o sebete, ke lebogela matla a a fetolang a boteng jwa gago mo dikamanong tsa me gompieno. Re kopa gore re bone sefatlhego sa gago mo go ba re kopang le bone gompieno. Amen

    KAKANYO YA LETSATSIGo kgaoganya le ba bangwe poifo ya rona le khutsafalo go

    matlafatsa ba bangwe le rona.

    Gilbert H. Caldwell (New Jersey, U.S.A)

    Dithapelo tsa Thotloetso 31

    Booklet.indd 31 2009/06/18 11:06:13 PM

  • Fa TsoTlhe di laTlhegileBuisa Matheu 27: 45-50

    Ke rata go botsa Modimo, lefika la me, ke re: O ntebaletseng? Ke ka ntlha ya eng, fa ke tsamaya ke hutsafetse ka go bogisiwa

    ke mmaba? Pesalema 42:10

    Ditiragalo tsa botshelo jwa me di na tsa nnaya maikutlo a gore ke latlhilwe ke batho le Modimo. Ka gale fa batho ba mpalela, ke sekamela kwa go Modimo. Mme fela mo ngwageng tse dintsi fa ke gagogile maikutlo le pelo le tlhaloganyo, ke nnile le maikutlo a gore le Modimo tota o ntatlhile. Mme ka buisa jaaka Jesu le ene a na a lekwa, le se a neng a se fenya ka ntlha ya rona. Jaaka nna ke na le kitso ya gore Jesu le ene o na a ikutlwa a latlhilwe ke batho le ke Modimo. Seo sa nte-motsha gore Jesu Kresete o na le nna mo maitemogelong a me a go nna mo sekakeng. Mme se se botlhokwa le go feta ke gore Jesu Kresete o na a itlhopela go ipapanya le rona mo kutlobotl-hokong le tatlhegelo ya botho, fa a ka be a nnela ruri bo tlepung le boitumelo jwa legodimo. Maitemogelo a me a sekaka a nthusitse go lemoga gape boamaruri jwa polelo nngwe, e mo go Baefeso 4:10 Gore a tlale mo dilong tsotlhe. Ga ke ise ke tswe mo sekakeng same, mme gone ke itshegetsa ka tsholofelo eno: Modimo o mo teng ga ona, ga o kitla o tsikinyega; Modimo oa o thusa, fa bosigo boo sa.(Pesalema 46:6)Thapelo: Modimo yo rategang, re lebogela fa O nna le rona mo nakong ya maitemogelo a a lefifi. Re lebogela fa o nna le rona le ka nako e re ikutlwang re latlhilwe re le mo bodutung. Amen

    KAKANYO YA LETSATSIFa re labagana le sekaka, re ka gomodiwa ke kitso ya gore Kresete o

    a re tlhaloganya mme ebile o tsamaya le rona.

    Sarah Chee (Singapore)32 Dithapelo tsa Thotloetso

    Booklet.indd 32 2009/06/18 11:06:14 PM